Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba Bopetswe go Ithutela Ruri

Batho ba Bopetswe go Ithutela Ruri

 Batho ba Bopetswe go Ithutela Ruri

“Mo tlhogong nngwe le nngwe go na le motšhine o o nang le maatla a a boitshegang, serwe se se raraaneng, se se manontlhotlho tota se maatla a sone go bonalang a sa fele fa re ntse re se ithuta.”—TONY BUZAN LE TERENCE DIXON, BAKWADI BA SAENSE.

BOBOKO jwa motho bo ka kgona go ithuta dilo tse dintsi go le kana kang? Potso eno e sa ntse e kgatlha babatlisisi e bile e ba tlhakanya tlhogo. Peter Russell o kwala jaana mo bukeng ya The Brain Book: “Fa go ntse go ithutiwa go le gontsi ka boboko jwa motho, seno se dira gore go lemogiwe thata gore bo na le bokgoni jo bo fetang jo pele go neng go akanyediwa gore bo na le jone.”

Ka sekai, boboko jwa rona bo na le maatla a magolo a go gakologelwa dilo. Russell a re: “Mogopolo ga o tshwane le sejana se e tla reng fa nako e ntse e ya se bo se tlala, o tshwana thata le setlhare se se melang dikgogetsi tse o kgogetsang dilo tse o tshwanetseng go di gopola mo go tsone. Sengwe le sengwe se o se gopolang ke dikgogetsi tse dingwe tse go ka kgogetswang dilo tse dingwe tse di tshwanetseng go gopolwa mo go tsone. Ka jalo dilo tse motho a  ka di gopolang di nna di oketsega. Fa o itse dilo, o ka kgona go itse tse di oketsegileng.” Seno se re busetsa mo potsong ya rona ya kwa tshimologong ya gore, Ke eng fa boboko jwa motho bo na le maatla a magolo jaana?

Thuto ya gore dilo di itlhagetse fela ga e kgone go araba potso eno ka tsela e e utlwalang sentle. E re ka thuto eo e ikaegile thata ka kgopolo ya gore ditshedi tse di itekanetseng ke tsone tse di tswelelang pele di tshela, e dira gore batho ba ba akanyang sentle ba sale ba akabetse malebana le gore ke eng se se neng sa dira gore boboko jwa motho bo nne le maatla a magolo jaana. Ka sekai, a go ne go ka tlhokega gore o dire lori e tona fa e le gore o ne o tlile go laisa motlhabanyana fela mo go yone?

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa kgang eno ka tsela e e motlhofo mme gone e le e e utlwalang sentle. Sa ntlha, e re bolelela gore batsadi ba rona ba ntlha—Adame le Efa—ba ne ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo, ba kgona go bontsha dinonofo tse di molemo tsa Modimo. Sa bobedi, e tlhalosa gore ba ne ba bopetswe go tshelela ruri mme ka jalo ba ithutele ruri. (Genesise 1:27; 2:16, 17) Boboko jwa motho bo supa boikaelelo joo jwa Modimo, le mororo bo sa itekanela gone jaanong ka ntlha ya boleo jo bo neng jwa fetela mo bathong.—Baroma 5:12.

Mme gone, boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong jwa go tlatsa lefatshe la Paradaise ka batho ba ba itekanetseng ba ba boifang Modimo bo tla diragadiwa. Ee ruri, Jehofa o ne a re ntshetsa Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete, go nna setlhabelo sa thekololo gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 20:28; Johane 3:16.

Dijo Tse di Molemo Tota Tsa Mogopolo

Gape Jehofa o re file Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, Baebele e e Boitshepo. (2 Timotheo 3:16; 2 Petere 1:21) E re ka buka eno ya botlhokwa e nnile gone ka ntlha ya moya o o boitshepo, e tla bo e se go feteletsa dilo go bolela gore e ka naya batho dijo tse di molemo tota tsa mogopolo le tsa semoya. (Pesalema 19:7-10) Ee ruri, Jesu ka boene o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.”—Mathaio 4:4.

Ka jalo, le fa o ka tswa o le monnye kgotsa o le mogolo, ke eng fa o sa iphe nakonyana letsatsi le letsatsi ya go bala ‘mafoko’ a botlhokwa a Modimo? Batho ba ba dirang jalo le ba ba dirisang se ba se ithutang ba tla solegelwa molemo gone jaanong le mo nakong e e tlang. Ee, ba ka nna le tsholofelo ya go tshelela ruri le go ithutela ruri, fela jaaka Modimo a ne a ikaeletse kwa tshimologong. A tsholofelo e e molemo ruri!—Moreri 3:11; Johane 17:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Boboko jwa motho bo bontsha boikaelelo jwa Modimo ka gonne bo ne bo diretswe gore bo ithutele ruri

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Baebele e na le dijo tse di molemo tota tsa mogopolo