Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng

Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng

BAKANOKI le batshwayadiphoso ba le bantsi ba tsaya kgang ya ga Moshe e le tlhamane fela. Ba ganetsa pego ya Baebele, ba dirisa bosupi jo go ya ka jone banna ba ba jaaka Plato le Socrates le bone ba tsewang e le ditlhamane.

Le fa go ntse jalo, jaaka re bone, ga go na lebaka lepe le le utlwalang la go ganetsa dipego tsa Baebele tse di ka ga Moshe. Go na le moo, go na le bosupi jo bontsi jo bo thusang batho ba ba nang le tumelo go dumela gore Baebele yotlhe ke “lefoko la Modimo.” * (1 Bathesalonika 2:13; Bahebera 11:1) Batho bano ga ba ithute kgang ya botshelo jwa ga Moshe gore ba nne le kitso fela, go na le moo, ba dira jalo gore ba nonotshe tumelo ya bone.

Moshe wa Mmatota

Gantsi batho ba ba dirang dibaesekopo ba bontsha Moshe e le mogaka e bile a le pelokgale—dilo tse batho ba di kgatlhegelang thata. Ke boammaaruri gore Moshe o ne a le pelokgale. (Ekesodo 2:16-19) Mme gone, selo sa botlhokwa thata ke gore e ne e le monna wa tumelo. Moshe o ne a tsaya Modimo e le motho wa mmatota, mo e leng gore moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a re Moshe o ne a “tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.”—Bahebera 11:24-28.

Ka jalo, Moshe o re ruta botlhokwa jwa go nna le kamano le Modimo. Letsatsi le letsatsi, le rona re ka dira dilo jaaka e kete re bona Modimo! Fa re dira jalo, le ka motlha re ka se itshware ka tsela e e sa mo itumediseng. Gape, ela tlhoko gore Moshe o ne a rutiwa go nna le tumelo fa a sa ntse a le lesea. Tumelo ya gagwe e ne e nonofile thata mo e neng ya se ka ya senngwa ke go itse “botlhale jotlhe jwa Baegepeto.” (Ditiro 7:22) A bo eno e le kgothatso e e molemo mo batsading gore ba simolole go ruta bana ba bone ka Modimo go tloga boseeng!—Diane 22:6; 2 Timotheo 3:15.

Gape Moshe o ne a tlhomologile ka go nna boikokobetso. E ne e le “motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipalo 12:3) Ka jalo, Moshe o ne a iketleeleditse go amogela diphoso tsa gagwe. O kwala ka tsela e a neng a se ka a tsaya dilo tsiya ka yone mme a dira gore morwawe a se ka a rupa. (Ekesodo 4:24-26) O tlhalosa ka tlhamalalo gore nako nngwe o ne a se ka a naya Modimo kgalalelo e bile o bua le ka kotlhao e e utlwisang botlhoko e Modimo a neng a e mo naya. (Dipalo 20:2-12; Duteronome 1:37) Gape Moshe o ne a iketleeleditse go amogela dikakantsho tsa batho ba bangwe. (Ekesodo 18:13-24) A Moshe ga se sekao se se molemo se banna ba ba nyetseng, borre le banna ba bangwe ba ba nang le taolo ba ka se etsang?

Ke boammaaruri gore batshwayadiphoso bangwe ba belaela gore Moshe o ne a le boikokobetso, ba umaka tsela e a ileng a nna bogale ka yone fa a ne a dira dilo dingwe. (Ekesodo 32:26-28) Mokwadi Jonathan Kirsch a re: “Ke ka sewelo Moshe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng a leng boikokobetso e bile a leng bonolo, mme go ka se ka ga twe o ne a itshwara ka tsela e e siameng ka dinako tsotlhe. Ka dinako tse dingwe, . . . Moshe o tlhalosiwa e le motho yo o ikgogomosang, yo o ratang polao e bile a le setlhogo.” Go tshwaya diphoso ka tsela e e ntseng jalo go bontsha botlhogoethata. Go bontsha gore batho ba itlhokomolosa ntlha ya gore Moshe o ne a sa dire dilo tseno ka go bo e le motho yo o setlhogo, go na le moo o ne a di dira ka go bo e le motho yo o ratang tshiamiso thata mme a tlhoile boikepo. Gompieno, batho ba le bantsi ga ba re sepe ka mekgwa ya botshelo ya go tlhoka boitsholo, mme sekao sa ga Moshe se re gopotsa botlhokwa jwa go sa ineele fa go tliwa mo melaong ya boitsholo.—Pesalema 97:10.

Boswa Jo re Bo Fitlhelang mo Mekwalong ya ga Moshe

Moshe o ne a tlogela mekwalo e le mentsi e e kgatlhang. Mekwalo eno e akaretsa maboko (Jobe, Pesalema 90), hisitori (Genesise, Ekesodo, Dipalo), tatelano ya masika (Genesise kgaolo 5, 11, 19, 22, 25), le setlhopha sa melawana e e tlhomologileng se se neng se bidiwa Molao wa ga Moshe (Ekesodo, kgaolo 20-40; Lefitiko; Dipalo; Duteronome). Molao ono o o neng o tlhotlheleditswe ke Modimo o ne o na le dikgopolo, melao le melaometheo ya puso, e e neng e gatetse pele go gaisa ya dipuso tsa nako eo.

Mo dinageng tse mo go tsone Poresidente gape e leng moeteledipele wa Kereke, gantsi go felela ka gore batho ba se ka ba akanyediwa, ba gatelelwe ka ntlha ya bodumedi le gore maatla a go laola a se ka a dirisiwa sentle. Molao wa ga Moshe o ne o na le molaomotheo wa gore Kereke e kgaogane le Puso. Kgosi e ne e sa letlelelwa go dira ditiro tsa baperesiti.—2 Ditiragalo 26:16-18.

Gape Molao wa ga Moshe o ne o na le dintlha dingwe tse di ka ga boitekanelo le go laolwa ga malwetse, tse di jaaka gore batho ba ba lwalang ba se ka ba kopana le batho ba bangwe le kgang ya go latlhiwa ga mantle, e leng dilo tse di tsamaisanang le melao ya gompieno ya tsa saense. (Lefitiko 13:1-59; 14:38, 46; Duteronome 23:13) Seno se a gakgamatsa, fa o akanya gore bontsi jwa kalafi e e neng e dirisiwa kwa Egepeto mo motlheng wa ga Moshe e ne e tswakantse mekgwa e e seng yone ya kalafi le tumelobotlhodi, mo go neng go le kotsi tota. Gompieno mo dinageng tse di tlhabologang batho ba le dimilione ba ka bo ba sa tsenwe ke malwetse e bile ba sa swe fa ba ka bo ba latela melao ya boitekanelo e e neng e rutwa ke Moshe.

Bakeresete ga ba patelesege go latela Molao wa ga Moshe. (Bakolosa 2:13, 14) Mme ba sa ntse ba ka solegelwa molemo thata ke go o ithuta. Molao oo o ne o kgothaletsa Baiseraele go ineela mo Modimong fela le go gana kobamelo ya medingwana. (Ekesodo 20:4; Duteronome 5:9) O ne o laela bana go tlotla batsadi ba bone. (Ekesodo 20:12) Gape Molao ono o ne o kgala polao, boaka, bogodu, go bua maaka le go eletsa dilo tsa batho ba bangwe ka bopelotshetlha. (Ekesodo 20:13-17) Gompieno Bakeresete ba anaanela melaometheo eo thata.

Melaometheo e e malebana le tsa boitekanelo e e neng e rutiwa mo Molaong wa ga Moshe e ka thusa go thibela malwetse

Moporofeti yo o Tshwanang le Moshe

Re tshela mo metlheng ya mathata. Ga go pelaelo gore batho ba tlhoka moeteledipele yo o tshwanang le Moshe—mongwe yo o se nang maatla le taolo fela, mme gape a na le bothokgami, bopelokgale, kutlwelobotlhoko e bile a rata tshiamiso thata. Fa Moshe a ne a swa, Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipotsa gore, ‘A go tla tsamaya go nna le motho yo o tshwanang le ene mo lefatsheng?’ Moshe ka boene o ne a araba potso eo.

Mekwalo ya ga Moshe e tlhalosa gore bolwetse le loso di nnile gone jang le gore ke eng fa Modimo a ile a letlelela boikepo. (Genesise 3:1-19; Jobe, kgaolo 1, 2) Mo go Genesise 3:15, go kwadilwe boporofeti jwa ntlhantlha jwa Modimo—tsholofetso ya gore kgabagare bosula bo tla fedisiwa! Jang? Boporofeti jono bo ne jwa bontsha gore go ne go tla tsholwa mongwe yo o neng a tla tlisetsa batho poloko. Tsholofetso eno e ne ya nna motheo wa tsholofelo ya gore Mesia o ne a tla tla mme a golole batho. Mme Mesia yono e ne e tla nna mang? Moshe o re thusa go itse gore tota motho yoo ke mang.

Fa Moshe a tloga a swa, o ne a bua mafoko ano a botlhokwa: “Jehofa Modimo wa gago o tla go tsosetsa moporofeti yo o tswang mo gare ga gago, mo go bomorwarrago, yo o tshwanang le nna—lo mo reetse.” (Duteronome 18:15) Moragonyana moaposetoloi Petere o ne a bontsha fa mafoko ao a bua ka tlhamalalo ka Jesu.—Ditiro 3:20-26.

Bontsi jwa baakgedi ba Bajuda ga ba dumalane gotlhelele le gore go na le dilo tse Jesu le Moshe ba tshwanang ka tsone. Ba bolela gore mafoko a temana eno a lebisitse mo moporofeting mongwe le mongwe fela wa boammaaruri yo o neng a tla morago ga Moshe. Le fa go ntse jalo, go ya ka buka ya Tanakh—The Holy Scriptures, ya Jewish Publication Society, Duteronome 34:10 ya re: “Ga go ise go ke go tsoge moporofeti yo o tshwanang le Moshe mo Iseraele—yo MORENA a neng a mo tlhopha, ba lebane difatlhego.”

Ee, baporofeti ba le bantsi ba ba ikanyegang, ba ba jaaka Isaia le Jeremia, ba ne ba tla morago ga Moshe. Mme ga go ope wa bone yo o neng a na le kamano e e kgethegileng e Moshe a neng a na le yone le Modimo—ba bua “ba lebane difatlhego.” Ka jalo, tsholofetso ya ga Moshe ya gore go ne go tla nna le moporofeti ‘yo o tshwanang le ene’ e tshwanetse ya bo e bua ka motho a le mongwe fela—Mesia! Re tshwanetse go ela tlhoko gore pele ga Bokeresete bo simologa—le pele batho ba bogisiwa ke Bakeresete ba maaka—bakanoki ba Bajuda ba ne ba leba dilo ka tsela e e tshwanang. Tsela eno ya go leba dilo e bonala mo mekwalong ya Bajuda e e jaaka Midrash Rabbah, e e tlhalosang Moshe e le moetapele wa “Morekolodi wa morago” kgotsa Mesia.

Boammaaruri jwa gore Jesu o ne a tshwana le Moshe ka ditsela tse dintsi bo ka se ka jwa ganediwa. (Bona lebokoso le le reng “ Jesu—Moporofeti yo o Tshwanang le Moshe.”) Jesu o na le maatla le taolo. (Mathaio 28:19) Jesu o ‘bonolo e bile o boikokobetso mo pelong.’ (Mathaio 11:29) Jesu o tlhoile ditiro tsa go tlhoka molao le tshiamololo. (Bahebera 1:9) Ka jalo, e ka nna moeteledipele yo o molemo tota wa rona! Go ise go ye kae ke ene a tlileng go fedisa boikepo le go dira lefatshe Paradaise e e tlhalosiwang mo Baebeleng. *

^ ser. 3 Bona buka ya BibelaA Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 20 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka tsholofetso ya Baebele ya lefatshe la paradaise mo Bogosing Jwa ga Keresete, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa. Ba tla itumelela go ithuta Baebele le wena mahala.