Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Jang Gore ke se Amanngwe Thata le Bana ba Bangwe mo Gae?

Nka Dira Jang Gore ke se Amanngwe Thata le Bana ba Bangwe mo Gae?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dira Jang Gore ke se Amanngwe Thata le Bana ba Bangwe mo Gae?

“Ke ne ke batla go itirela leina ka bonna, mme ka metlha ke ne ke ikutlwa e kete ke tshwanetse go dira dilo ka tsela e bonkgonne ba di dirang ka yone. Ke ne ke na le boikutlo jwa gore nka se tsoge ke kgonne go dira dilo tse bonkgonne ba kgonneng go di dira.”—Clare.

A O NA le mogoloo kgotsa kgaitsadio yo o lebegang e kete o atlega mo go sengwe le sengwe se a se dirang? A batsadi ba gago ba nna ba go rotloeletsa gore o tshwane le ene? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa boifa gore o tlile go amanngwa thata le ene ka metlha—mo go rayang gore sengwe le sengwe se o se dirang se tla lekanngwa ka gore o latela dikgato tsa gagwe go le kana kang.

Bomogolowe Barry * ka bobedi jwa bone ke baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi, * e leng sekolo se se tseelwang kwa godimo thata, e bile ke Bakeresete ba ba itiretseng leina le lentle tota. Barry a re: “Ke ne ke sa tlhole ke kgona go itshepa, e re ka ke ne ke akanya gore nka se tsoge ke kgonne go rera jaaka bonkgonne kgotsa go nna sebui se se molemo jaaka bone sa phatlalatsa. Ke ne ke fitlhela go le thata gore ke nne le ditsala ka gonne nna ke ne ke tlhola ke setse bonkgonne morago fa ba laleditswe felo gongwe. Ke ne ke tsaya gore batho ba nna botsalano mo go nna fela ka gonne ba itse bonkgonne.”

Go a utlwala go bo o ka nna lefufa fa mo gae go na le ngwana mongwe yo ene a akgolwang ka dinako tsotlhe. Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, lekawana Josefa o ne a tlhomologile go feta bomorwarraagwe. Seno se ne sa ama bomorwarraagwe jang? Ba ne “ba simolola go mo tlhoa, mme ba ne ba sa kgone go bua le ene ka kagiso.” (Genesise 37:1-4) Ke boammaaruri gore, Josefa ene o ne a le boingotlo. Le fa go ntse jalo, mogoloo kgotsa kgaitsadio a ka nna a dira gore o batle go gaisana le ene kgotsa a go kgopise ka go nna a go gakolola dilo tse ene a kgonneng go di dira.

Basha bangwe ba tsibogela seno sotlhe ka go tsuologa—gongwe ka go dira bokoa ka boomo kwa sekolong, go repisa seatla mo ditirong tsa Bokeresete kgotsa go itshwara ka tsela e e tlhabisang ditlhong. Ba ka nna ba akanya gore ga go thuse sepe go leka go dira sengwe fa e le gore ga ba ka ke ba kgona go se dira sentle jaaka mogoloabone. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, go tsuologa go tlile go feleletsa go go utlwisitse botlhoko tota. O ka dira jang gore o se ka wa amanngwa thata le ngwana yo mongwe mo gae mme o dira seo ka tsela e e dirang gore o itlotle?

O se Ka wa Ba Tseela Kwa Godimo Thata

Fa o lemoga tsela e mogoloo a kgatlhegelwang thata ka yone, o ka iphitlhela o akanya gore ga a dire diphoso le gore o ka se ka wa ba wa tshwana le ene le ka motlha. A mme gone go ntse jalo? Baebele e tlhalosa kgang eno sentle fa e re: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.”—Baroma 3:23.

Ee, le fa bomogoloo ba ka tswa ba na le bokgoni kgotsa ditalenta dife, e sa ntse e le “batho ba ba nang le makoa a a tshwanang” le a rona. (Ditiro 14:15) Ga o tlhoke go ba tseela kwa godimo thata. Jesu Keresete ke ene fela motho yo o kileng a re tlhomela sekao se se itekanetseng.—1 Petere 2:21.

Ithute mo go Bone!

Jaanong, leka go leba seemo se o leng mo go sone e le tshono e o ka e dirisang go ithuta sengwe. Ka sekai, akanya ka bomonnawe Jesu Keresete le bokgaitsadie. (Mathaio 13:55, 56) Akanya fela gore ba ka bo ba ithutile dilo di le dintsi go le kana kang mo go mogoloabone yo o itekanetseng! Le fa go ntse jalo, “totatota, bomorwarraagwe ba ne ba sa supe tumelo mo go ene.” (Johane 7:5) Gongwe go ikgogomosa le go nna lefufa go ne ga dira gore ba se ka ba nna le tumelo. Bomorwarraagwe Jesu ba semoya—barutwa ba gagwe—ke bone ba ba ileng ba tsibogela taletso e e molemo ya ga Jesu e e reng: “Lo ithute mo go nna.” (Mathaio 11:29) Mme bomorwarraagwe ba nama bone, ba ne ba simolola go lemoga fa Jesu a sena go tsosiwa gore ba ne ba ka ithuta go le gontsi mo go ene. (Ditiro 1:14) Pele ga moo, ba ile ba latlhegelwa ke ditshono di le dintsi tse di molemo tota tse ba ka bong ba ile ba di dirisa go ithuta mo go mogoloabone yo o tlhomologileng.

Kaine le ene o ne a dira phoso e e ntseng jalo. Monnawe e bong Abele, e ne e le motlhanka yo o tlhomologileng tota wa Modimo. Baebele e bolela gore ‘Jehofa o ne a leba Abele le tshupelo ya gagwe ka kamogelo.’ (Genesise 4:4) Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya lebaka le le rileng Modimo “ga a ka a leba Kaine le tshupelo ya gagwe ka kamogelo epe.” Kaine a ka bo a ile a ikokobetsa go se kae a bo a ithuta mo go monnawe. Go na le moo, ‘Kaine o ne a tuka bogale jo bogolo’ mme a feleletsa a bolaile Abele.—Genesise 4:5-8.

Ga go pelaelo gore wena o ka se ka wa galefela monnao kgotsa mogoloo ka tsela e e ntseng jalo. Mme gone, le wena o ka latlhegelwa ke ditshono tse di molemo tota tsa go ithuta sengwe mo go ba bangwe fa o ka letla boikgogomoso le lefufa gore di go kgoreletse. Fa o na le mogoloo yo o dirang sentle thata mo dipalong, e le mankge mo go tsa hisitori, a itse go tshameka motshameko o o o ratang thata, a na le kitso tota ka Dikwalo kgotsa e le sebui se se molemo tota sa phatlalatsa, o se ka wa nna lefufa! Tota e bile, “lefufa ke sebodu mo marapong.” (Diane 14:30; 27:4) Go na le gore o ikutlwe o kgopisegile, leka go ithuta mo go mogoloo. Amogela gore mogoloo o na le bokgoni kgotsa botswerere jo wena o se nang jone. Leba tsela e mogoloo a dirang dilo ka yone—kgotsa bogolo mo kope gore a go thuse.

Barry, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a simolola go solegelwa molemo thata ke sekao se se molemo se bomogolowe ba neng ba mo tlhomela sone. A re: “Ke ne ka lemoga kafa bonkgonne ba neng ba itumetse ka gone ka go bo ba ne ba iketleeleditse go thusa batho mo phuthegong le mo tirong ya go rera. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke etse sekao sa bone, mme ka simolola go nna le seabe mo tirong ya go aga Diholo Tsa Bogosi le magae a Bethele. Boitemogelo jo ke ileng ka nna le jone bo dirile gore ke kgone go itshepa e bile bo ile jwa nthusa gore ke godise kamano ya me le Jehofa.”

Go Lemoga Dilo Tse o Kgonang go di Dira Sentle

Gongwe o boifa gore fa o etsa dinonofo tse di molemo tse mogoloo a nang le tsone, seno se tla dira gore o se ka wa nna motho yo tota o batlang go nna ene. Mme gone, ga go a tshwanela ga nna jalo. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Nnang baetsi ba me.” (1 Bakorintha 4:16) A seno se raya gore Paulo o ne a batla gore ba se ka ba nna batho ba tota ba neng ba batla go nna bone? Nnyaa le e seng. Ba ne ba sa ntse ba ka nna se ba batlang go nna sone. Le wena ga o a tshwanela go akanya gore go na le sengwe se se phoso fa o sa kgone go dira dipalo sentle jaaka mogoloo. Seo se bontsha fela gore lo batho ba babedi ba ba sa tshwaneng.

Paulo o naya kgakololo eno e e molemo: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.” (Bagalatia 6:4) Ke eng fa o sa dire ka natla gore o tokafatse botswerere le bokgoni jo wena ka bowena o nang le jone? Go ithuta puo e sele le go tshameka seletswa sengwe sa mmino, kgotsa go ithuta go dirisa khomputara go ka go thusa gore o itlotle e bile go ka nna ga dira gore o nne le bokgoni jo bo tla go solegelang molemo tota. O se ka wa tshwenngwa thata ke go batla go dira dilo kwantle ga diphoso! Ithute go dira dilo ka botlalo, ka kelotlhoko le ka botswerere. (Diane 22:29) Go ka direga gore ga o na bokgoni jwa tlholego jwa go dira sengwe, mme le fa go ntse jalo, Diane 12:24 ya re: “Seatla sa ba ba tlhoafetseng ke sone se se tla busang.”

Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore selo se o batlang go se tokafatsa thata ke bomoya jwa gago. Go nna setswerere mo dilong tsa semoya go molemo thata go feta go nna le ditalenta dipe fela tse di ka kgatlhang batho. Akanya ka barwarraamotho ba mawelana e bong Esau le Jakobe. Esau o ne a bakwa thata ke rraagwe e re ka e ne e le “monna yo o itseng go tsoma, monna wa naga.” Kwa tshimologong go ne go le motlhofo go tlodisa monnawe e bong Jakobe matlho, ka gonne e ne e le “monna yo o se nang molato, a nna mo megopeng.” (Genesise 25:27) Esau o ne a se ka a tokafatsa bomoya jwa gagwe mme ga a ka a segofadiwa. Jakobe ene o ne a godisa lorato lo a neng a rata dilo tsa semoya ka lone mme Jehofa o ne a mo segofatsa fela thata. (Genesise 27:28, 29; Bahebera 12:16, 17) Seno se go ruta eng? Tokafatsa bomoya jwa gago, ‘a lesedi la gago le phatsime,’ mme “botswelelopele jwa gago bo [tla bonatshega] mo bathong botlhe.”—Mathaio 5:16; 1 Timotheo 4:15.

Clare yo o umakilweng kwa tshimologong a re: “Ke ne ka simolola go itumelela go amanngwa thata le bonkgonne. Mme le fa go ntse jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke latele kgakololo ya Dikwalo ya gore ke ‘pitlologe’ mo dilong tse ke di ratang. Ke ne ke bereka tshimo le batho ba ba farologaneng mo phuthegong, mme ke ne ke batla ditsela tse di molemo tsa go thusa batlhoki mo phuthegong. Gape ke ne ke laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba dingwaga tse di farologaneng kwa gae ke bo ke ba apeela dijo. Gone jaanong ke itumelela go nna le ditsala tse di farologaneng, e bile ke setse ke itshepa go feta pele.”—2 Bakorintha 6:13.

Ka dinako tse dingwe, batsadi ba gago ba ka nna ba dira phoso ya go go rotloeletsa gore o tshwane le mogoloo kgotsa kgaitsadio. Le fa go ntse jalo, go lemoga gore batsadi ba gago ba go batlela se se molemolemo go ka dira gore o se ka wa utlwa botlhoko thata. (Diane 19:11) Mme gone, go ka nna molemo gore o bolelele batsadi ba gago ka tlotlo gore o ikutlwa jang fa ba go bapisa ka tsela e e ntseng jalo le bana ba bangwe mo gae. Gongwe ba tla leka go batla ditsela tse dingwe tsa go go bolelela kafa ba amegileng ka wena ka gone.

Le ka motlha o se ka wa lebala gore Jehofa Modimo ka boene o tla go ela tlhoko fa o mo direla. (1 Bakorintha 8:3) Barry o sobokanya kgang eno jaana: “Ke lemoga gore fa ke fetsa nako e ntsi ke direla Jehofa, seno se dira gore ke itumele tota. Gone jaanong batho ba ntsaya ka tsela e nna ke leng ka yone e bile ba nkgatlhegela fela jaaka ba kgatlhegela bonkgonne.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 5 Se rulagantswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

A batho ba kgatlhegela mogoloo thata?

[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Lemoga ditalenta tsa gago le dilo tse o kgatlhegelang go di dira

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

‘A lesedi la gago le phatsime’ ka go tokafatsa bokgoni jwa gago mo dilong tsa semoya