Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlogela Ntwa le go Latelela Kagiso

Go Tlogela Ntwa le go Latelela Kagiso

 Go Tlogela Ntwa le go Latelela Kagiso

JAAKA GO BOLETSE TOSHIAKI NIWA

Mojapane yo o kileng a nna mokgweetsi wa sefofane, yo o neng a thapiseditswe go nna leloko la mophato wa masole o o bidiwang kamikaze, o o neng o tlhasela dikepe tsa ntwa tsa Amerika ka Ntwa ya Lefatshe II, o tlhalosa ka fa a neng a ikutlwa ka gone fa a ne a letetse go ya go dira tlhaselo ya go ipolaya.

E RE ka Bajapane ba ne ba fenngwa mo go maswe mo Ntweng ya Midway ka June 1942, go atolosa dinaga tsa yone mo kgaolong ya Pacific go ne ga khutla. Go simolola ka nako eo, Japane e ne ya fenngwa mo dintweng tsotlhe tsa yone kgatlhanong le United States le dinaga tsa yone tsa semphato fa di ne di tsaya dinaga tse Japane e neng e di gapile.

Ka September 1943, puso ya Japane e ne ya itsise gore baithuti ba yunibesithi ba ba neng ba rebotswe mo tirong ya sesole, ba ne jaanong ba kwadisediwa bosole. Ka December, fa ke le dingwaga di le 20, ke ne ka nna leloko la mophato wa sesole o o neng o le mo yunibesithing. Mme morago ga kgwedi e le nngwe, ke ne ka ithutela go fofisa difofane tsa ntwa. Ka December 1944, ke ne ka thapisediwa go kgweetsa sefofane se se tlhaselang se se bidiwang Zero.

Batlhasedi ba Sesole ba ba Bidiwang Kamikaze

Japane e ne e setse e fenngwa mo ntweng. Ka February 1945, go tlhasela Japane ka difofane tsa ntwa tse di nang le dibomo tse di bidiwang B-29 go ne go etegetse. Ka yone nako eo, masole a a tlhaselang a United States, a ne a atamela gaufi le losi lwa lewatle gore a kgone go tlhasela difofane tsa Japane tse di neng di rwele dibomo.

Dikgwedi di le mmalwa pele ga foo, baeteledipele ba masole a Japane ba ne ba sweditse gore ba lwe ntwa ya bofelo ba dirisa mekgwa ya go ipolaya. Le fa go ne go bonala sentle ka nako eo gore Japane e ne e se kitla e fenya ntwa eo, tshwetso eo ya bone e ne ya lelefatsa ntwa mme ga go pelaelo gore go ne ga gobala masole a le diketekete.

Ka jalo, go ne ga bopiwa setlhopha sa Batlhasedi ba Sesole ba ba bidiwang Kamikaze. Setlhopha seno se ne se reeletswe ka leina la sefefo se se bidiwang Kamikaze, e leng kgwanyape e go tweng e ne ya phaila dikepe tsa batlhasedi ba Mongolia mo lekgolong la bo13 la dingwaga. Fa kamikaze e ne e simolola go tlhasela, sengwe le sengwe sa difofane di le tlhano tsa yone tse di tlhaselang tse di bidiwang Zero, se ne se tsentswe bomo ya boima jwa dikilogerama di le 250, e masole a neng a tla ipolaya ka go fofela ka yone mo sekepeng se a neng a se tlhasela.

Masole a a Tlhaselang ka Difofane a kwa Yatabe a ke neng ke le mongwe wa one, a ne a newa taelo ya gore a rulaganye letsholo le le kgethegileng la tlhaselo ya go ipolaya. Rotlhe re ne ra newa foromo gore re e tlatse re bontshe gore a re ne re tla ithaopela go nna maloko a mephato e e tlhaselang ka go ipolaya.

 Ke ne ka ikutlwa gore ke tshwanetse go ntshetsa naga ya gaetsho setlhabelo ka botshelo jwa me. Mme le fa ke ne nka ithaopela go ntsha botshelo jwa me setlhabelo ka go dira tlhaselo ya go ipolaya ka sefofane, go ne go ka direga gore ke thuntshiwe pele ke diragatsa tlhaselo ya me ke bo ke swela lefela. A mmè o ne a tla itumelela gore ke fedise botshelo jwa me ke sa diragatsa maikarabelo a me a lelapa? Go ne go se motlhofo go itlhatswa pelo gore go ithaopela go tlhasela ka go ipolaya e ne e le tsela e e molemo ya go bontsha gore ke rata naga ya gaetsho. Le fa go ntse jalo, gone ke ne ka ithaopa.

Ka March 1945, go ne ga tlhamiwa setlhopha sa ntlha sa Masole a a Tlhaselang ka Difofane a kwa Yatabe. Le fa go ne ga tlhophiwa badirikanna ba le 29, nna ke ne ka se ka ka tlhophiwa. Fa ba sena go newa thapiso e e kgethegileng, go ne ga tlhomiwa nako e ba neng ba tla tswa ka yone kwa boemafofaneng jwa Kanoya jo bo leng mo kgaolong ya Kagoshima ka April go ya go tlhasela ka go ipolaya. Pele ditsala tseno tsa me di fudusediwa kwa Kanoya, ke ne ka di etela ke solofetse go utlwa gore ba ne ba ikutlwa jang fa ba ne ba letetse go ya go tlhasela ka go ipolaya.

Mongwe wa bone o ne a bua jaana a wetse makgwafo, “re tlile go swa, mme wena o se ka wa itlhaganelela go swa. Fa mongwe wa rona a ka falola, o tshwanetse go bolelela ba bangwe ka fa kagiso e leng botlhokwa ka gone mme a berekele gore e nne teng.”

Ka April 14, 1945, ditsala tsa me di ne tsa tswa ka sefofane. Diura di le mmalwa moragonyana, rotlhe re ne re reeditse kgaso ya radio go utlwa gore go ne go diragetseng ka tsone. Mogasi wa radio o ne a re: “Setlhopha sa Ntlha sa Batlhasedi ba Sesole ba ba bidiwang Kamikaze ba tlhasetse baba ba bone ba masole mo lewatleng ka kwa botlhaba jwa Kikai Shima. Botlhe ba swetse mo ntweng.”

Ohka—Bomo e e Dirilweng ka Motho

Morago ga dikgwedi di le pedi, ke ne ka fudusediwa kwa setheong sa Masole a a Tlhaselang ka Difofane sa kwa Konoike go ya go nna leloko la Masole a a Tlhaselang a Jinrai. Jinrai e raya “tumo e kgolo ya maru.” Masole ano a ne a na le difofane (tse di bidiwang Batlhasedi), tse di salang morago masole a a yang ntweng le difofane tse di rweleng dibomo.

Mo godimo ga sefofane sengwe le sengwe “se segolo”—ke gore Motlhasedi yo o nang le dienjene tse pedi—go ne go na le Ohka, e e rayang “tšheri e e mo godimo ga kuku.” E ne e tshwantshetsa bakgweetsi ba basha ba difofane ba ba neng ba iketleeleditse go ntsha matshelo a bone setlhabelo. Ohka e ne e le sefofane se se nang le setulo se le sengwe fela, se na le diphuka tsa boleele jwa dimetara di le 5 le boima jwa dikilogerama di le 440. Se ne se tsenngwa bomo ya tone e le nngwe mo nkong ya sone.

Fa sefofane se segolo se atamela batlhaselwa ba sone, mokgweetsi wa sefofane o ne a palama Ohka, e morago ga moo e neng e kgaogana le sefofane se segolo. Fa e sena go fofa lobakanyana e thusiwa ke dirokete di le tharo, tse nngwe le nngwe ya tsone e tsayang metsotswana e le lesome fela, Ohka e ne e gosomela mo batlhaseding ba yone. Sefofane seno se ne se ka bidiwa bomo e e dirilweng ka motho. Fa se setse se dule, go ne go se na gore se ka tlhola se boa!

Fa mokgweetsi wa Ohka a ikatisa, o ne a palama sefofane sa Zero a bo a gosomela ka sone mo lefelong le a le tlhaselang a tswa kwa bogodimong jo bo kana ka  dimetara di le 6 000. Ke bone bakgweetsi ba le mmalwa ba tsone ba latlhegelwa ke matshelo mo ikatisong eno.

Pele ga ke abelwa go nna leloko la masole a a tlhaselang ka difofane, setlhopha sa ntlha se ne se setse se dirile tlhaselo ya sone. Se ne se na le difofane di le 18 tse di bidiwang Batlhasedi tse di nang le difofane tsa Ohka, tse di neng di salwa morago ke difofane di le 19 tsa ntwa. Difofane tseno tse di bidiwang Batlhasedi, di ne di le boima e bile di le bonya. Ga go sepe sa tsone se se neng sa kgona go diragatsa tlhaselo ya sone. Difofane tsotlhe tse di bidiwang Batlhasedi le tse di neng di di setse morago, di ne tsa thuntshiwa ke masole a United States mme tsa wa.

E re ka go ne go sa tlhole go na le difofane tse di salang tsa Batlhasedi morago, Masole a a Tlhaselang ka Difofane a Jinrai, a ne a tshwanelwa ke go tlhasela kwantle ga tsone. Masole otlhe a a neng a tswa a ya go tlhasela ka difofane morago ga moo, ga a ka a tlhola a boa. Otlhe a ne a swela mo botlhabanelong jwa Okinawa.

Malatsi a Bofelo a Ntwa

Ka August 1945, ke ne ka fudusediwa kwa setheong sa Otsu sa Masole a a Tlhaselang ka Difofane. Setheo se ke neng ka romelwa kwa go sone se ne se le kwa mofapheng wa thaba ya Hiei-zan, gaufi le toropo ya Kyoto. E re ka go ne go lebeletswe gore masole a United States a ne a tla fitlha mo Japane, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore re ipolaye ka go ragogisa difofane tsa Ohka go tswa mo thabeng go tlhasela dikepe tsa United States. Go ne ga tsenngwa ditshipi kwa godimo ga thaba tse difofane di neng di tla fologa ka tsone mo thabeng eo.

Re ne ra letela taelo ya gore re fologe mo thabeng ka difofane. Mme taelo eo e ne ya se ka ya tla. Fa Hiroshima le Nagasaki di sena go senngwa ka dibomo tsa atomo ka August 6 le 9, Japane e ne ya ineela gotlhelele mo pusong ya United States le mo dinageng tsa yone tsa semphato ka August 15. Kgabagare, ntwa e ne ya fela. Ke ne ke falotse ka lesoba la mogodu.

Kwa bokhutlong jwa August, ke ne ka boela kwa toropong ya gaetsho ya Yokohama, mme ntlo ya gaetsho e ne e le molora fela e ripitlilwe ke difofane tse di rweleng dibomo tsa B-29. Lelapa la gaetsho le ne le le mo khutsafalong e kgolo. Kgaitsadiake le morwawe ba ne ba bolailwe ke malakabe a molelo. Le fa go ntse jalo, re ne ra gomotsega fa morwarre yo o ntlhatlhamang a ne a boela gae a babalesegile.

Go sa kgathalesege matlotla le ditlhaelo tse di masisi tsa dijo tse re neng re tshelela mo go tsone, ke ne ka boela yunibesithing go ya go feleletsa dithuto tsa me. Ke ne ka aloga morago ga ngwaga mme ka bona tiro. Ka 1953, ke ne ka nyala Michiko, mme fa nako e tsamaya, ka nna rre wa barwa ba le babedi.

Go Latelela Kagiso

Ka 1974, Michiko o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae, o ne a simolola go nna teng kwa dipokanong tsa bone mme a nna le seabe mo tirong ya bone ya go rera. Ke ne ke le kgatlhanong le go tswa ga gagwe makgetlho a le mantsi. O ne a tlhalosa gore bodiredi jwa Bokeresete bo rotloetsa kagiso ya mmatota le boitumelo. Fa e le gore go ne go ntse jalo, ke ne ka akanya gore ga ke a tshwanela go mo ganetsa. Go na le moo, ke tshwanetse ka dirisana mmogo le ene.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka thapa Basupi ba le mmalwa ba babotlana gore e nne badisa ba bosigo. E ne ya re fa Basupi bano ba babotlana ba tla, ke ne ka ba botsa ka phuthego le bodiredi jwa bone. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore, go farologana le basha ba bangwe ba dingwaga tsa bone, ba ne ba itse se ba se batlang e bile ba na le moya wa go intsha setlhabelo. Ba ne ba ithutile dilo tseo mo Baebeleng. Ba ne ba tlhalosa gore Basupi mo lefatsheng lotlhe, ga ba na tlhaolele e bile ba ngaparetse taelo ya Baebele ya go rata Modimo le baagelani ba bone. (Mathaio 22:36-40) Ba leba beng ka bone jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe.—Johane 13:35; 1 Petere 2:17.

Ke ne ke akanya gore, ‘selo se ba se buang ga se yo.’ E re ka dikereke tse dintsi tsa Labokeresete di ne di  lwantshana, go ne go se motlhofo go dumela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa dire jalo.

Ke ne ka ba bolelela gore ga ke dumele se ba se buang. Basupi ba ba botlana bano, ba ne ba dirisa Yearbook of Jehovah’s Witnesses, go mpontsha gore Basupi ba kwa Jeremane ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ba bo ba bolawa mo pusong ya ga Hitler ka ntlha ya go boloka boitlhaodi. Ke ne ka tlhatswega pelo gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba boammaaruri.

Mo go yone nako eo, mosadi wa me o ne a tshwantshetsa boineelo jwa gagwe mo Modimong ka go kolobediwa ka December 1975. Ka nako eo, mongwe o ne a kopa go ithuta Baebele le nna. Le fa go ntse jalo, fa ke akanya ka maikarabelo a ke neng ke na le one a a ntlhokang madi, a a jaaka go duelela bomorwaake madi a sekolo le go duela ntlo ya rona, ke ne ka se ka ka dumela. Banna ba ba nyetseng mo phuthegong ba ne ba fetola dithulaganyo tsa bone tsa ditiro gore ba tle ba nne le nako e e oketsegileng le malapa a bone. Ke ne ke tsaya gore go tla lebelelwa gore le nna ke dire jalo. Mme fa ke sena go bontshiwa ka fa ke ka tshelang botshelo jwa Bokeresete ka tsela e e lekalekaneng ka gone ke ntse ke bereka, ke ne kgabagare ka swetsa ka gore ke ithute Baebele le Basupi ba ga Jehofa.

Tshwetso ya go Direla Modimo wa Kagiso

Fa ke sena go ithuta Baebele dingwaga di le pedi, motho yo ke neng ke ithuta le ene o ne a mpotsa gore a nkile ka akanyetsa go neela botshelo jwa me mo Modimong. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa batle go dira jalo mme seo se ne sa feleletsa se ntshwenya.

Letsatsi lengwe ke ne ke itlhaganetse ke fologa ditepisi tsa kwa ke berekang teng. Ke ne ka kgotšwa, ka wa, ka gobala ka fa morago ga tlhogo mme ka idibala. Fa ke thanya, tlhogo ya me e ne e opa thata mme ka isiwa kwa bookelong ka ambulense. Le fa tlhogo ya me e ne e rurugile thata ka fa morago, ke ne ke sa robega e bile ke sa tshologela madi mo teng.

Ke ne ka leboga Jehofa tota go bo ke tshela! Go simolola ka nako eo, ke ne ke ikemiseditse go dirisetsa botshelo jwa me go dira thato ya ga Jehofa mme ke ne ka neela botshelo jwa me mo go ene. Ka July 1977, ke ne ka kolobediwa ke le dingwaga di le 53. Morwaake yo mogolo e bong Yasuyuki le ene o ne a ithuta Baebele mme a kolobediwa dingwaga di le pedi morago ga me.

Dingwaga di le lesome fa ke se na go kolobediwa, ke ne ka leboga tiro. Mo dingwageng tseo di le lesome, ke ne ka kgona go nna tekatekano mo ditirong tsa Bokeresete le mo tirong ya boitshediso. Gone jaanong, ke ipelela tshiamelo ya go bo ke le mogolwane mo Yokohama, mme ke dirisa nako e ntsi ke le mo bodireding jwa Bokeresete. Morwaake yo mogolo ke mogolwane le modiredi wa nako e e tletseng mo phuthegong e e gaufi le ya rona.

E re ka ke kgonne go falola loso le ditlhaselo tsa masole a a tlhaselang ka difofane, ke leboga tota go bo ke tshela mme ke go tsaya e le tshiamelo e kgolo go nna le seabe mo tirong ya go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi.” (Mathaio 24:14) Ke tlhomamisegile gore tsela e e molemo ya go tshela ke go nna mongwe wa batho ba Modimo. (Pesalema 144:15) Mo lefatsheng le lesha le le leng gaufi le go tla, batho ga ba kitla ba tlhola ba lwa ka gonne “setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:4.

Fa Modimo a rata, ke tla rata go kopana le batho botlhe ba ba tla tsosiwang ba ke ba itseng ba ba suleng mo ntweng. Go tla bo go le monate tota go bua le bone ka botshelo jwa kagiso jo ba ka bo itumelelang mo lefatsheng la paradaise mo pusong ya tshiamo ya Bogosi Jwa Modimo jwa selegodimo!—Mathaio 6:9, 10; Ditiro 24:15; 1 Timotheo 6:19.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Fa ke ne ke le leloko la sesole se se tlhaselang ka difofane

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

“Ohka”—Bomo e e dirilweng ka motho

[Motswedi wa Setshwantsho]

© CORBIS

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le ditsala tsa me pele di ya go dira tlhaselo ya go ipolaya. Ke wa bobedi go tswa kafa molemeng, mme ke nna fela ke sa ntseng ke tshela

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke na le mosadi wa me Michiko, le morwaake yo mogolo Yasuyuki

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

U.S. National Archives photo