Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Dilo ka Pabalesego

Go Dira Dilo ka Pabalesego

Go Dira Dilo ka Pabalesego

BANGWE ba ka tshosiwa ke go fofa bogodimo jwa dikilometara di le 11 go tswa mo lefatsheng ka sefofane. Seno se ka lebega e le go tlhokomologa melao ya tlholego. E re ka go na le ditsela tse disha tsa pabalesego tsa go tsaya loeto ka sefofane, dikotsi tse di ka nnang tsa direga tsa go sutlha lefaufau ka sefofane di fokotsegile. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe matswela a a botlhoko a re gakolola gore dikotsi di sa ntse di ka direga.

Go Fenya Poifo

Go sa kgathalesege matswela ao a a botlhoko, ke bogologolo motho a ntse a eletsa go fofa. Dingwaga di le sekete pele ga Keresete, Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “E kete ke ka bo ke na le diphuka jaaka leeba! Ke ne ke tla fofa.” (Pesalema 55:6) Jaaka fa go setse go bontshitswe, boranyane jwa segompieno bo dirile gore sefofane e nne sengwe sa dipalangwa tse di babalesegileng thata. Nnyaa, gone ga se gore se ka se nne le diphoso. Ga go na sepe mo lefatsheng leno se go ka tweng se babalesegile mo se ka se nneng le diphoso kgotsa se motho a ka bonang ka botlalo gore go tlile go diragalang ka sone.

Go botlhokwa gore re gakologelwe ntlha eno fa re go fitlhela go le thata go akanya sentle fa motho mongwe a tshwere leotwana. Batho bangwe ba ka nna ba ipolelela ba re, ‘Ga go ope yo o tla tshogang fa ke tshwere leotwana.’ Mo maemong a a ntseng jalo, batho bano ba ka nna ba tshwara mathata mo maemong a mo go one ba ka nnang ba se ka ba kgona go tshwara leotwana. Go tsaya loeto ka sefofane go baka maemo a a ntseng jalo.

Le fa batho ba ka leka go le kana kang go tokafatsa pabalesego mo sefofaneng, ga re a tshwanela go tsaya dilo motlhofo. Botlhe ba ba amegang mo go tsamaeng ka sefofane ba ka kgona go dirisana mmogo go fokotsa dikotsi tse di ka nnang teng. Le fa go ntse jalo, balaodi ba sefofane ba tlhagisa gore go sa ntse go na le matshosetsi. Seane se se botlhale sa Baebele sa re: “Motho yo o botlhale o bona kotsi kwa pele a bo a dira dilo ka kelotlhoko.” (Diane 22:3, New Living Translation) Go botlhale go lemoga gore mo e ka nnang sengwe le sengwe se se dirwang se na le dikotsi tsa sone. Go leba dilo jaaka fa di ntse, gakologelwa gore go tsaya loeto ka sefofane go batla gore motho a nne kelotlhoko fela jaaka fa a ne a ka tlhoka go nna kelotlhoko go itshireletsa mo maemong a mangwe.

Batho ba gantsi ba tsamayang ka sefofane ba ka tswa ba itse ditsela tse di botoka tsa go itlhokomela mo dinakong tseno tse di thata. Seno ke ka gonne gantsi ba tlwaelane thata le maemafofane le difofane ka botsone go gaisa ba bangwe. Le wena o ka kgona go tlwaelana le maemo ano wa bo wa ritibala jaaka bone fa o latela dikgato tse di motlhofo tse di tlhalosiwang mo mabokosong a a mo setlhogong seno.

Go Tsamayatsamaya Kwantle ga Mathata

Le mororo mafelo a pabalesego a re ipegang mo go one a le botlhokwa, batho bangwe ba ba tsayang maeto—segolobogolo ba ba itlhaganetseng—ga ba a lebe a le botlhokwa. E re ka o gopola gore pabalesego mo maemafofaneng a le mantsi e gagametse thata, o ka rata go dirisa dikakantsho tse di latelang gore o kgone go tsamayatsamaya mo boemafofaneng kwantle ga mathata:

▪ Goroga ka nako. Fa o rulaganyetsa gore o nne le nako e ntsi mo boemafofaneng, o tla kgona go dira dilo o iketlile, o ritibetse e bile o se na mathata a a bakwang ke maemo mangwe a o neng o sa a lebelela.

▪ Fa o tlhopha sefofane se o batlang go tsamaya ka sone, batla se se dirisiwang ke borrakgwebo. Ba itse se se tshwanetseng go dirwa, ga ba tseye dithoto tse dintsi mme ba batla go direla dilo ka bonako.

▪ Pele ga o feta mo motšhineng o o lelang fa go feta sengwe sa tshipi mo go one, tlosa dilo tse di mo go wena tse o akanyang gore di ka nna tsa dira gore motšhine o lele. Seno se akaretsa dinotlolo, madi a tshipi, dibenya le difouno tsa selula. Di neye motlhokomedi pele o feta fa motšhineng oo.

▪ Robatsa dibeke le dilo tse dingwe sentle ka mo o ka kgonang ka gone mo lebanteng le le tsamaisang dithoto; fa motho yo o lebileng sekirine sa X-ray a bona dithoto tsa gago di tlhakatlhakane, a ka nna a go kopa gore o pakolole beke ya gago kgotsa o e fetise gape.

▪ Itsise motlhokomedi ka dilo dipe fela tse di sa tlwaelegang tse o akanyang gore di ka nna tsa gapa tlhokomelo ya gagwe, jaaka sengwe sa bogologolo sa tshipi. Fa o tlhaloseditse motlhokomedi ka dilo tseno, ga a kitla a batla go gatelela gore o tshwanetse go di tlhatlhoba. Fa e le gore tota o itlhaganetse, pakolola dilwana tsa gago go sa ntse go na le nako mme o di mo neye mo seatleng gore a di sekaseke.

▪ Fa motšhine o lela, dirisana mmogo le ene mme o mo tlhalosetse ka bonako. Fa motlhokomedi a itse gore go na le sengwe se se dirang gore motšhine o lele e bile a bereka mmogo le yo o tshwereng sedirisiwa sa go phuruphutsa batho, o tla go biletsa kwa go ene.

▪ Sengwe se se ka dirang gore o se ka wa letlwa go tsena mo sefofaneng ke go dira motlae ka go gapa sefofane ka dikgoka kgotsa go dira motlae ka gore go na le bomo mo sefofaneng. Mo godimo ga gore badiredi ba tsa pabalesego mo boemafofaneng ba go phuruphutse fela thata, o ka nna wa pegwa molato wa gore o senokwane.

Itumelele Loeto lo lo Babalesegileng ka Sefofane!

A go a kgonega go tlhopha sefofane se se babalesegileng? Ee, go a kgonega. Go sa kgathalesege gore o tlhopha sefofane sefe, go a kgonega gore o goroge o babalesegile kwa o yang gone. Fa o na le dipelaelo, dira patlisiso ka rekoto ya go babalesega ga sefofane se o rulaganyetsang go se dirisa. Nna o gakologetswe gore go sa kgathalesege dikotsi tse di nnang gone tsa sefofane, sefofane se sa ntse se kaiwa e le sepalangwa se se sireletsegileng go di gaisa tsotlhe.

Mo nakong eno, re lebeletse pele go tla ga nako ya fa dipalangwa di tla bo di babalesegile, di sireletsegile e bile di kgona go ikanngwa fa puso ya Modimo e tla bo e busa lefatshe. Mo lelapeng la batho ba ba nang le kagiso ba ba boifang Modimo, go tla bo go se ope yo o tsenyang botshelo jwa batho mo kotsing. Batho “ba tla bo ba bolokesegile le go sireletsega ba sa boife masetlapelo ape.”—Diane 1:33, Holy Bible—Contemporary English Version. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Go bona ditlhogo tse dingwe tse di buang ka difofane, bona “Go Dira Gore Loeto ka Sefofane lo Babalesege Thata,” Tsogang!, September 22, 2000 (ka Seesemane); “Itumelele Loeto lo lo Babalesegileng ka Sefofane!” Tsogang!, September 8, 2000 (ka Seesemane); “Di Thusiwa ke Eng go Nna di Ntse di Fofa?” Tsogang!, September 8, 1999 (ka Seesemane); “Difofane di Bolokesegile go le Kana Kang?” Tsogang!, March 8, 1999; “Go Boifa Loeto ka Sefofane—A go Go Thibela go Tsamaya ka Sone?” Tsogang! September 22, 1988 (ka Seesemane).

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10, 11]

DIKAKANTSHO DINGWE TSA GO BABALESEGA

Dirisa sefofane se se sa emeng mo mafelong a mangwe. Dikotsi di le dintsi di direga fa sefofane se tlhatloga kgotsa fa se kotama. Go dirisa sefofane se se sa emeng mo mafelong a mangwe go fokotsa dikotsi tseno tse di ka diregang fa se kotama kgotsa fa se tlhatloga.

Tlhopha sefofane se segolo. Gantsi difofane tse di nang le manno a batho ba ba fetang 30 di na le melao e e gagametseng go feta difofane tse dingwe tse dinnye. Gape, le fa go ka direga gore go tlhage kotsi e e masisi, batho ba ba tsamayang ka sefofane se segolo ba na le tshono e e botoka ya gore ba se ka ba gobala.

Reetsa ditaelo tse lo di newang pele sefofane se tlhatloga. Le mororo tshedimosetso e ka utlwala e le e e boaboelediwang, dikgoro tse go duwang ka tsone mo maemong a tshoganyetso tse di leng gaufi le wena, di ka tswa di se fa o di tlwaetseng gone, go ikaegile ka sefofane se o se dirisang le fa o ntseng gone.

O se ka wa tsenya dilo tse di boima mo lefelong la go baya dithoto le le fa godimo ga tlhogo ya gago. Mafelo ao a go baya dithoto a ka nna a se ka a kgona go tshola dithoto tse di boima thata fa sefofane se rutlega, fa e le gore o tshwere sengwe se se boima go se tsenya fa go bewang dithoto gone, se neye batlhokomedi go sa le gale.

Nna o itlamile ka lebanta mo setulong. Go nna o itlamile ka lebanta mo setulong go go naya tshireletsego e e oketsegileng e o ka nnang wa e tlhoka fa sefofane se ka rutlega o sa lebelela.

Reetsa batlhokomedi ba mo sefofaneng. Lebaka la go bo go na le batlhokomedi mo sefofaneng ke gore go nne le tshireletsego, ka jalo fa mongwe wa bone a go kopa go dira sengwe, se dire pele mme o botse dipotso morago.

O se ka wa tshwara dilo tse di ka tlhagisang kotsi. Go na le lenaane le le telele thata la dilo tse di ka bakang kotsi tse o sa letlweng go tla ka tsone, mme ga e a tshwanela go nna bothata mo go wena go lemoga gore ga o a tshwanela go tla ka peterolo, dilo tse di senyang tse di tshwanang le diasiti, digase tse di kotsi le dilo tse dingwe tse di tshwanang le tseno mo sefofaneng ntle le fa di letlelelwa mme di tsamaisiwa jalo di tsentswe mo teng ga sengwe se se sireletsegileng.

O se ka wa nwa bojalwa thata. Bojalwa bope jo o bo nwang ga bo kitla bo go tsaya sentle fa o le mo moweng go na le fa o le fa fatshe. Go botlhale gore o bo nwe ka go lekanyetsa fa o le kwa bogodimong bope fela.

Nna o ipaakantse. Fa go ka direga gore go nne le maemo a tshoganyetso, jaaka a gore lo tswe ka bonako mo sefofaneng, latelela ditaelo tsa batlhokomedi le badiri ba mo sefofaneng mme o tswe ka bonako ka mo o ka kgonang ka gone.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Source: AirSafe.com

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

RITIBATSA BA LELAPA LA GAGO

Fa o tsaya loeto, ditsela tsa go dira gore ba lelapa la gago ba se ka ba tshwenyega ke tseno.

Bua le ba lelapa la gago. Pele ga lo tsaya loeto, iphe nako le baratiwa ba gago mme o tlotle ka go bolokesega ga gago le bone. Ba tlhalosetse dilo tse disha tsa go sireletsega tse di dirilweng le gore di ka lo sireletsa jang fa lo le mo loetong.

Ba letle go tlhalosa gore ba tshwenngwa ke eng. Letla ba lelapa la gago gore ba bue ka se se ba tlhobaetsang. Ba a go rata e bile ba batla gore o sireletsege. Ba reetse ka kelotlhoko o sa ba tshwaye diphoso, o tseye ditlhobaelo tsotlhe tsa bone le poifo ka tsela e e masisi.

Tlhomamisetsa ba lelapa la gago gore o tla bolokega. Tlotla ka tsela e maphata a a farologaneng a lekang go thibela ditlhaselo tse dingwe gape tsa borukhutlhi ka yone. Ditsela tseno di akaretsa go tsaya dikgato tsa go dira gore go nne le tshireletsego e kgolwane mo maemafofaneng le mo difofaneng ka botsone. Ka jalo, ga go ka ke ga nna motlhofo gore go direge sengwe se se maswe o le mo sefofaneng.

Ikgolaganye le bone. Ba solofetse gore o tla ba founela fa o goroga kwa o yang gone. Founela kwa gae ka metlha fa o ntse o le koo. Gape, go botlhokwa gore ba lelapa la gago ba itse ka fa ba ka ikgolaganyang le wena ka gone fa go tlhaga maemo mangwe a tshoganyetso.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Di tserwe mo atereseng ya Web ya United Behavioral Health

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Ikemisetse go nna tirisanommogo mo mafelong a pabalesego a re ipegang mo go one