Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Tsaya Loeto ka Sefofane go sa Ntse go Babalesegile?

A go Tsaya Loeto ka Sefofane go sa Ntse go Babalesegile?

A go Tsaya Loeto ka Sefofane go sa Ntse go Babalesegile?

DIFOFANE di le nnè tsa jete di gapiwa ka dikgoka. Ka bonè jwa tsone di a sotlhomana. Go senngwa dikago tse di itsegeng thata. Setshwantsho sa fa sefofane sa jete sa 767 se itaagana le nngwe ya dikago tsa Twin Towers, se bontshiwa gangwe le gape mo thelebisheneng.

Ditlhaselo tsa September 11, 2001, di re tsentse mo motlheng o mosha o o tshosang wa borukhutlhi. Go ne ga dirisiwa difofane go bolaya batho mme difofane tseo di ne di fetogile dibomo tse di fisang.

Ka ntlha ya seno, go tlhagile sengwe se sesha se batho ba ba tsamayang ka difofane ba se boifang: Batho ba ba neng ba ikutlwa ba bolokegile mo difofaneng gone jaanong ba tshosiwa ke go itse gore ba ka nna ba tlhaselwa ke dirukhutlhi. Mo godimo ga moo, dikotsi di le dintsi tsa difofane tse di sa amaneng ka gope le borukhutlhi tse di ileng tsa nna gone morago ga September 11, di dirile gore ba le bantsi ba tshabe difofane le go feta.

Gone ke boammaaruri gore go tsaya loeto ka sefofane ke selo se batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng ba sa kgoneng go se fitlhelela. Le fa go ntse jalo, mo go ba bangwe go tsamaya ka sefofane ke selo se ba tshwanelwang ke go se dira ka metlha. Mo go ba ditiro tsa bone di tlhokang gore ba tseye maeto a mantsi a kgwebo, ga go ka fa ba ka tilang go palama sefofane ka gone. Gantsi barongwa le badiredi ba Bakeresete ba tshwanelwa ke go tsaya maeto a maleele ka difofane ba ya dikabelong tsa bone kgotsa ba tswa kwa go tsone. Tota le mo bathong ba ba humanegileng, ka dinako tse dingwe sefofane e ka nna sone fela sepalangwa se se tshwanelang mo maemong a tshoganyetso a kalafi. Mme bakgweetsi ba le diketekete ba difofane le batho ba bangwe ba ba dirang mo difofaneng, ba itshedisa ka go bereka mo go tsone.

Bontsi jwa batho bano ba ba tsamayang ka difofane, ba gongwe bone ka bobone ba tshogileng, ba tshwanelwa ke gore pele ba tsamaya, ba ritibatse balekane ba bone le bana ba bone ba ba tshogileng. Mme batho ba ba tsamayang ka sefofane ba ipotsa gore a ba sa ntse ba ka rata go tsaya maeto ka sefofane fa ba bona mathata a motho a fetang mo go one pele ga a tsamaya.

Go tlotla ka dintlha tseno tse batho ba tshwenyegileng ka tsone, Tsogang! e ile ya buisana le bomankge ba tsa pabalesego, badiri ba kwa boemafofaneng, badiredibagolo ba tsa phofo le badiri ba ba baakanyang difofane. Botlhe ba dumalana ka ntlha eno: Lemororo sefofane e sa ntse e le mokgwa o o babalesegileng thata wa go tsaya loeto, matshosetsi a masha a batla gore re dirise mekgwa e mesha go dira gore batho ba ba tsamayang ka sefofane ba nne ba babalesegile.

Ditlhogo tse di latelang di tla tlotla ka mathata a a leng teng le se wena ka bowena o ka se dirang go tokafatsa pabalesego ya gago le go dira gore o nne o ritibetse fa o le mo sefofaneng.