Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Madumedi a Rapelela Kagiso Kwa Assisi

Madumedi a Rapelela Kagiso Kwa Assisi

 Madumedi a Rapelela Kagiso Kwa Assisi

“Go se ka ga tlhola go nna le tirisodikgoka! Go se ka ga tlhola go nna le ntwa! Go se ka ga tlhola go nna le borukhutlhi! Ka leina la Modimo, a madumedi otlhe a dire gore go nne le tshiamiso le kagiso, go itshwarelana le botshelo, le lorato mo lefatsheng!”—Mopapa John Paul II.

KA JANUARY 24, 2002, baemedi ba madumedi a magolo a lefatshe ba ne ba kokoane kwa Assisi, kwa Italy, go tla go rapelela kagiso, kagiso e e kgorelediwang ke borukhutlhi, go se itshokelane le tshiamololo. Kokoano eo e ne ya rulaganngwa ke mopapa dikgwedi di le pedi morago ga go wa ga dikago tsa Twin Towers kwa New York City. Baeteledipele ba le bantsi ba madumedi ba ne ba amogela taletso eo ya Vatican ka bongwefela jwa pelo.

Mo makgetlong a mabedi a a fetileng—ka 1986 le ka 1993—mopapa o ile a rulaganya gore go nne le letsatsi la thapelo mo go yone toropo eno ya Italy. * Go ne ga tla babegadikgang ba le diketekete go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe go tla go ela kokoano eno ya 2002 tlhoko. Madumedi a le mantsi a ne a na le baemedi mo kokoanong eno ya go rapelela kagiso—a Sekeresete (Bakatoliki, Balutere, Ba-Anglican, Ba-Orthodox, Ba-Methodist, Ba-Baptist, Bapentekosete, Ba-Mennonite, Ba-Quaker, le ba bangwe), Iselamo, Hindu, Bo-Confucius, Bosiki, Bo-Jaini, Bo-Tenrikyo, Bobuda, Bojuda, ditumelo tsa Seafrika tsa setso, Boshinto le Bo-Zoroaster. Baemedi ba madumedi a mangwe le ba Mokgatlho wa Lefatshe wa Dikereke, le bone ba ne ba le gone.

Maitlamo a Kagiso

Ditiragalo di simologile ka 8:40 mo mosong, fa “terena ya kagiso” e ne e tloga mo seteisheneng se sennye sa terena sa Vatican. Terena eno e e gogang dikolotsana tse supa e ne e baakantswe sentle ka dilo tse di manobonobo, mme e ne e beilwe leitlho ke dihelikopotara tse pedi go e sireletsa. Mosepele oo wa diura tse pedi o ne wa gorosa mopapa le baeteledipele ba bangwe ba bodumedi kwa Assisi. Maemo a tshireletsego a ne a gagametse—mapodise a ka nna sekete a ntshitse matlho dinameng.

Baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba kokoanela fa lebaleng la bogologolo le le nang le marulelo a magolo. Mo teng, baemedi ba madumedi ba ne ba dutse mo seraleng se segolo, se sehibidu se se bopegileng jaaka tlhaka ya V, mme setulo sa mopapa se le fa gare. Kafa letlhakoreng la serala go ne go na le setlhare sa motlhware—se se tshwantshetsang kagiso. Fa pele ga serala  go ne go le baeti ba ba kgethilweng ka kelotlhoko ba ka nna 2 000. Mo moleng o o kwa pele go ne go le balaodi ba maemo a a kwa godimo ba Italy. Khwaere e kgolo e ne e tla e opela difela tsa kagiso fa gare ga dipuo ka go farologana. Mo mafelong a mangwe a toropo eo, batho ba le diketekete, bontsi e le basha, ba ne ba tsholetsa mafoko a a kgatlhanong le ntwa ka dipuo di le mmalwa e bile ba opela dipina tse di buang ka kagiso. Bontsi jwa bone ba ne ba tshotse dikala tsa motlhware.

Fa mopapa a sena go dula mo setulong se se fa gare mo seraleng, o ne a amogela baemedi ba madumedi a a farologaneng. Go tswa foo, fa go sena go opelwa sefela sa Selatine se se thailweng mo temaneng ya Isaia 2:4—e e bolelelang pele nako ya fa ‘setšhaba se se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka’—baemedi ba le bantsi, ba ne ba bolela maitlamo a a buelelang kagiso, mongwe le mongwe wa bone a apere seaparo sa bodumedi se se mo tlhaolang. Dikai tsa teng ke tse di latelang.

“Mo nakong eno ya ditiragalo batho ba tlhoka go bona ditiro tsa kagiso le go nna le tsholofelo.”—Mokadinale François Xavier Nguyên Van Thuân.

Modimo “ga se Modimo wa ntwa mme ke Modimo wa kagiso.”—Moeteledipele Mogolo wa Kereke Bartholomeus I.

“Go farologana ga madumedi ga go a tshwanela ga dira gore [batho] ba itlhokomolose kana ba tlhoe ba bodumedi jo bongwe.”—Dr. Setri Nyomi, wa World Alliance of Reformed Churches.

“Tshiamiso le lorato lwa bokaulengwe ke dilo tse pedi tse di ka se itlhokomolosiweng tse di lereng kagiso ya boammaaruri mo bathong.”—Kgosi Amadou Gasseto, moemedi wa ditumelo tsa Seafrika tsa setso.

“Kagiso ke yone fela e boitshepo, ntwa ga e ise e ko e nne boitshepo!”—Andrea Riccardi, wa Kereke ya Katoliki.

Baemedi bangwe ba ne ba dumela gore madumedi ke one a tlhotlheletsang go se itshokelane le ntwa. Moemedi wa Mokgatlho wa Lefatshe wa Lutere o ne a bolela gore lefatshe le “tshwentswe ke bosetlhogo jo bo tlhotlhelediwang ke dikgopolo tsa bodumedi.” Moemedi wa Bojuda o ne a re: “Madumedi a nnile le seabe mo go tlhotlheletseng dintwa tse di setlhogo le tse di tletseng tshololo ya madi.” Moemedi wa Bohindu o ne a bolela jaana: “Gangwe le gape hisitori e senola tsela e batho bangwe ba ba ipolelang e le bagolodi ba bodumedi ba ileng ba dirisa bodumedi ka gone go laola batho le go baka dikgaogano.”

Morago ga go kgala borukhutlhi le ntwa, mongwe le mongwe wa baemedi ba madumedi ka go farologana o ne a ya kwa lefelong le a le abetsweng go ya go rapela medimo ya bone e e farologaneng, ba rapelela kagiso.

Dithapelo Tsa Kagiso

Baemedi ba madumedi a Sekeresete ba ne ba rapela mmogo kwa Basilica ya St. Francis, go  bapa le lebitla le kereke eno e teeletsweng ka lone. Mopapa le baemedi ba bangwe ba bararo ba ne ba simolola tiragalo eno ka “thapelo ya Tharonngwe.” Dithapelo di ne di tla di tsenwa fa gare ke difela tse di rotloetsang kagiso le go balwa ga ditemana tsa Baebele tse di buang ka kagiso. Mongwe o ne a rapela gore go tlhomiwe “bodumedi jo bo seoposengwe.” Batsayakarolo ba ne ba opela Thapelo ya Morena ka Selatine, e e theilweng mo go Mathaio kgaolo 6 temana 9 go ya go 13, go konela tiragalo eno.

Ka nako eo, baemedi ba ditlhopha tsa madumedi a mangwe ba ne ba rapela mo mafelong a mangwe. Mo holong e e kwa Mecca, Bamoseleme ba ne ba khubame mo godimo ga dikhapete ba rapela Allah. Ba-Zoroaster ba ba neng ba rapela gaufi le Ba-Jain le Ba-Confucius, ba ne ba gotsa molelo o o boitshepo. Baemedi ba ditumelo tsa setso tsa Afrika ba ne ba rapela meya ya bagologolwane ba bone. Bahindu ba ne ba kopa kagiso go tswa mo medimong ya bone. Botlhe fela ba ne ba rapela medimo ya bone go ya ka tsela ya bone.

Maitlamo a Kagiso a a Kopanetsweng

Baemedi ba madumedi ba ne ba boela gape mo holong e e nang le marulelo go konela tiragalo eno. Baitlami ba Bamoseleme ba ne ba abela baemedi ba madumedi dipone tse di tukang tse di tshwantshetsang tsholofelo ya kagiso. Tiragalo eno e ne e kgatlha. Go tswa foo baemedi ba ba farologaneng ba madumedi ba ne ba bala maitlamo a a kopanetsweng a kagiso, mongwe le mongwe a bua selo se se farologaneng.

“Motho o tshwanetse go rata moagelani wa gagwe gore go nne le kagiso.”—Moeteledipele Mogolo wa Dikereke Bartholomeus I.

“Thubakanyo le borukhutlhi di farologana fela thata le se tota se kaiwang ke bodumedi.”—Dr. Konrad Raiser, moemedi wa Mokgatlho wa Lefatshe wa Dikereke.

“Re ikemiseditse go ruta batho go tlotlana le go se nyatsane.”—Bhai Sahibji Mohinder Singh, moemedi wa bodumedi jwa Bo-Sikh.

“Kagiso kwantle ga tshiamiso ga se kagiso ya boammaaruri.”—Mobishopo wa Orthodox, e leng Vasilios.

Kwa bofelong, mopapa o ne a bala mafoko a a mo tshimologong ya setlhogo seno. Pitso eno ya madumedi a mantsi e ne ya konelwa ka go tlamparelana ga baemedi ba madumedi e le sesupo sa kagiso. Megwanto le tiragalo eno di ne di patilwe ke mafoko a a tlhophilweng sentle le ka botswerere. Mme gone, batho ba ne ba tsibogela jang tiragalo eno e e kgatlhang?

‘E se Nne Puo ya Molomo Fela’

Makwalodikgang le thelebishene di ne tsa akgola mopapa go bo a biditse pitso eno. Batho bangwe ba ne ba bo ba re mopapa ke “mmueledi wa madumedi otlhe a Sekeresete.” Lokwalodikgang lwa Vatican lwa L’Osservatore Romano le ne la tlhalosa letsatsi leno kwa Assisi e le “kgato e kgolo ya go lere kagiso.” Kgangkgolo ya lekwalodikgang la Corriere dell’Umbria e ne e le “Assisi e re Naya Tsholofelo ya Kagiso.”

Ga se babogedi botlhe ba ba neng ba itumetse jalo. Bangwe ba ne ba na le dipelaelo ka gonne le fa mo nakong e e fetileng go ile ga nna le malatsi a a ntseng jalo a go rapelela kagiso ka 1986 le 1993, dintwa tse di tlhotlhelediwang ke bodumedi di sa ntse di tsweletse pele go bolaya batho. Letlhoo la bodumedi le tlhotlheleditse dipolaano kwa Uganda, le se pele e neng e le Yugoslavia, le kwa Indonesia, Pakistan, Botlhabagare le Ireland Bokone.

Lekwalodikgang la Italy la La Repubblica le ne la bolela fa batshwayadiphoso bangwe ba ne ba tsaya pitso eno e le “kokoano fela e e se nang mosola.” Leloko lengwe la Palamente ya Yuropa le ne la bolela gore batho ba bodumedi ba tshwanetse go “dirisa Efangele e ba e rerang”—e leng gore ba tshele go ya ka mafoko a a reng “rata mmaba wa gago, mme o mo neye lerama le lengwe” fa e le gore ba batla go rotloetsa kagiso. Go ya ka ene, ga go “ope yo o dirang” jalo.

Poresidente ya Mokgatlho wa Bajuda ba Italy o ne a bolela gore “re tla rata go bona gore go tloga jaanong go tlile go direga eng go ya ka se se solofeditsweng.” Moemedi wa Bobuda kwa Italy o ne a bua mafoko a a tshwanang fa a ne a bolela gore motho o tshwanetse go “tlhomamisa gore boikuelo jwa kagiso ga e nne maitlhomo fela a a molemo.” Mokwaladikgang mongwe wa lokwalodikgang lwa Italy lwa L’Espresso, o ne a bolela gore pitso ya kwa Assisi e ne ya thusa madumedi a Sekeresete ka sengwe se sele go na le go rotloetsa kagiso. O ne a bitsa seno a re ke “go kopana  ga madumedi ka boikaelelo jwa go thibela dingongorego tsa one, go tlhoka taolo le go tlhoka tumelo ga one” le gore seno ke maiteko a go lwantsha “go se rate bodumedi” go go aparetseng Yuropa le fa gone e kile ya bo e le “naga ya Bokeresete.”

Bangwe ba batho ba ba neng ba le kgatlhanong thata le tiragalo eno e ne e le ba ba gagamaletseng Bokatoliki, ba ba neng ba boifa gore seno se tla senya dithuto tsa kereke ya bone. Mo puisanong ya thelebishene, Vittorio Messori, e leng mokwadi yo o tumileng wa Mokatoliki, o ne a bolela gore tiragalo eno ya kwa Assisi e ka nna ya dira gore pharologano e e leng teng fa gare ga madumedi e se ka ya bonala. Ke boammaaruri gore balaodi ba dikereke ba ile ba leka go dira gore go se ka ga bonala e kete ba tswakanya madumedi a bone. Mopapa ka boene o ne a ganetsa ditatofatso tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ne ba tsaya gore tiragalo eno ka boyone go bonala e naya batho kgopolo ya gore madumedi a a farologaneng a emela ditsela tse di sa tshwaneng tsa go atamela maatla a le mangwe a a kwa godingwana.

Bodumedi le Kagiso

Mme gone, ke eng se madumedi a magolo a ka se dirang gore go nne le kagiso? Batho ba le bantsi ba tsaya potso eno e gakgamatsa, ka gonne madumedi ke one a a bakang dintwa go na le go di thibela. Baitsehisitori ba ne ba kwala ka tsela e balaodi ba dirisitseng bodumedi ka gone go tlhotlheletsa ntwa. Le fa go ntse jalo, potso ke go re: Ke ka ntlha yang fa madumedi a ile a itetla gore a dirisiwe?

Madumedi a Sekeresete a na le bobotlana molaomotheo o o ka bong o a thusitse gore a se ka a nna le molato wa go nna le seabe mo dintweng. Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ga se “karolo ya lefatshe.” (Johane 15:19; 17:16) Fa madumedi a Sekeresete a ka bo a ile a tshela go ya ka mafoko ao, a ka bo a ile a se ka a ikopanya le mebuso ya dipolotiki, ka go amogela le go segofatsa masole le dintwa.

Gore baeteledipele ba madumedi ba kgone go tshela go ya ka mafoko a a molemo a ba a buileng kwa Assisi, ba tshwanetse go ikgaoganya le mebuso ya dipolotiki. Mo godimo ga moo, ba tla tshwanelwa ke go ruta balatedi ba bone ditsela  tsa go dira kagiso. Le fa go ntse jalo, baitsehisitori ba ne ba bolela gore batho ba ba bakang thubakanyo mo lefatsheng ba akaretsa batho ba bantsi ba ba dumelang mo Modimong—kana ba bobotlana ba ipolelang gore ba dumela mo go ene. Lokwalodikgang longwe bosheng jaana lo ne lwa bega jaana: “Nakonyana fela morago ga Sept. 11, motho mongwe o ne a kwala mafoko ano, a a dirang gore motho a akanye, mo loboteng kwa Washington, D.C.: ‘Modimo, re namole mo bathong ba ba reng ba dumela mo go wena.’”

Ditiragalo tsotlhe tsa kwa Assisi di tlogetse batho bangwe ba na le dipotso tse go leng thata go di araba. Mme gongwe ga go na potso e e botlhokwa kana e e tshwenyang batho ba le bantsi ba bodumedi go feta eno: Ke ka ntlha yang fa go fitlha jaanong go bonala Modimo a gana go araba dithapelo tsa kagiso tse di ntseng di rapelwa ke madumedi a lefatshe?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go utlwa go le gontsi ka letsatsi la go rapelela kagiso ka 1986, tsweetswee bala Tsogang! ya June 8, 1987 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Baemedi ba newa dipone tse di tukang —tse di tshwantshetsang tsholofelo ya kagiso

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Pier Paolo Cito

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

AP Photo/Pier Paolo Cito