Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A AIDS e Tla Fedisiwa? Fa go Le Jalo, Jang?

A AIDS e Tla Fedisiwa? Fa go Le Jalo, Jang?

 A AIDS e Tla Fedisiwa? Fa go Le Jalo, Jang?

GO FETILE nako e ntsi batho ba dinaga di le dintsi tsa Afrika ba sa dumele gore go na le AIDS. Batho bangwe ga ba rate go tlotla ka kgang eno. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga dirwa maiteko a magolo go ruta batho ka yone, segolobogolo basha, le go ba kgothaletsa go bua ka kgololesego ka bolwetse jono. Maiteko ano a ile atlega go se kae fela. Batho ga ba batle go fetola tsela e ba tshelang ka yone le dingwao tsa bone, mme seno se dira gore go nne thata go ba thusa.

Kgatelopele ya Kalafi

Mo go tsa kalafi, baitsesaense ba ithutile go le gontsi ka ga HIV mme ba dirile diokobatsi tse di thusitseng batho go tshela lobakanyana. Go ile ga dirisiwa motswako wa diokobatsi tse tharo tse di lwantshang megare, tse go bolelwang e le tse di thusang thata mo kalafing e e bidiwang antiretroviral.

Le fa gone diokobatsi tseno di sa fodise bolwetse jono, di ile tsa thusa go fokotsa palo ya dintsho tsa batho ba ba nang le HIV, segolobogolo mo dinageng tse di humileng. Batho ba le bantsi ba gatelela botlhokwa jwa gore diokobatsi tseno di abelwe dinaga tse di humanegileng. Le fa go ntse jalo, diokobatsi tseno di ja madi a mantsi, mme bontsi jwa batho ba dinaga tseno ga ba kgone go di reka.

Seno se ile sa tsosa kgang eno: A go batla dipoelo go botlhokwa go gaisa botshelo jwa batho? Dr. Paulo Teixeira, yo e leng mokaedi wa thulaganyo ya Brazil e e kaga HIV/AIDS, o ile a bua jaana ka seno:  “Re ka se tlogele diketekete tsa batho go ikgaratlhela ka botsone go bona diokobatsi tse di ka ba thusang, fela ka gonne re batla dipoelo tse di fetang tse gantsi di bonwang ke madirelo a a di dirang.” O ne a oketsa jaana: “Ke tshwenyegile thata ka gore go batla dipoelo ga go a tshwanela ga nna botlhokwa go gaisa go amega ka batho.”

Dinaga di le mmalwa di ile tsa dira tshwetso ya go tlogela go dirisa diokobatsi tsa maina a dikhampani tse dikgolo tsa melemo, mme tsa itirela kana tsa reka diokobatsi tse di se nang maina go tswa kwa dinageng tse dingwe ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. * Patlisiso nngwe ya South African Medical Journal e bega jaana: “Ditlhwatlhwa tsa melemo eno e e se nang maina di kwa tlase ka 82% fa di bapisiwa le tse di nang le maina go ya ka ditlhwatlhwa tsa United States.”

Dikgoreletsi Tsa Kalafi

Morago ga nako e e rileng, dikhampani tse dikgolo tsa melemo di ile tsa simolola go abela dinaga  tse di humanegileng diokobatsi tsa AIDS ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. Go ne go solofetswe gore ka go dira jalo batho ba le bantsi ba tla kgona go dirisa diokobatsi tseno. Le fa go ntse jalo, go na le dikgoreletsi tse dikgolo tse di tshwanetseng go fenngwa gore diokobatsi tseno di nne gone mo dinageng tse di humanegileng. Sengwe sa dikgoreletsi tseno ke ditlhwatlhwa. Tota le fa ditlhwatlhwa di ka fokodiwa go le kana kang, batho ba le bantsi ba ba di tlhokang ba sa ntse ba palelwa ke go di reka.

Bothata jo bongwe ke gore ga go motlhofo go laolela motho gore a nwe selekanyo se se tshwanetseng sa diokobatsi. Bontsi jwa dipilisi di tshwanetse tsa nowa letsatsi le letsatsi, ka dinako tse di beilweng. Fa di sa nowe ka tsela e e tshwanetseng kana ga kgaosediwa tsela e di nowang ka yone, seno se ka dira gore diokobatsi tseno di palelwe ke megare ya HIV. Mo Afrika ga go motlhofo go tlhomamisa gore balwetse ba nwa melemo ka tshwanelo, e re ka go ka tswa go na le tlhaelo ya dijo, e bile go tlhaela metsi a a phepa a a nowang le dikokelo.

Mo godimo ga moo, batho ba ba nwang diokobatsi tseno ba tshwanetse go elwa tlhoko. Fa e le gore diokobatsi di palelwa ke megare, motswako wa bone wa diokobatsi o tshwanetse go fetolwa. Seno se tshwanetse sa dirwa ke dingaka tse di nang le maitemogelo, mme diteko tsa teng di ja madi a mantsi. Gape diokobatsi tseno di na le go baka mathata mangwe, mme a ka dira gore diokobatsi di palelwe ke megare.

Kwa pitsong e e neng e tshwerwe ka June 2001 kwa Kokoanong ya Ditšhaba Tse di Kopaneng go buisana ka AIDS, go ne ga akanyediwa gore go nne le Letlole la Lefatshe Lotlhe la Boitekanelo go thusa dinaga tse di humanegileng. Go fopholediwa gore go ne go tlhokega madi a a fa gare ga didolara di le dimilione di le dikete di le supa le di le dimilione di le dikete di le lesome. Go tla go fitlha jaanong, madi otlhe a go solofeditsweng fa a tla ntshediwa letlole leno a sa ntse a le kgakala thata le go fitlhelela selekanyo sa one se se beilweng.

Baitsesaense ba na le tsholofelo e kgolo ya go dira moento wa bolwetse jono, mme meento e e farologaneng e setse e lekeleditswe mo dinageng tse di farologaneng. Le fa gone maiteko ano a ile a atlega, go sa ntse go tla tsaya dingwaga di le mmalwa pele ga go dirwa moento o bo o lekelediwa go tlhomamisa gore o siametse go dirisiwa.

Dinaga dingwe, tse di jaaka Brazil, Thailand le Uganda di ile tsa atlega ka dithulaganyo tsa tsone tsa kalafi. Brazil e fokoditse palo ya dintsho tse di bakwang ke AIDS ka selekanyo sa halofo, e dirisa diokobatsi tse di dirwang mo nageng eo. Naga e e potlana ya Botswana, e e nang le matlotlo, e dira maiteko a go abela balwetse botlhe ba ba tlhokang diokobatsi tsa megare tsa antiretroviral mo nageng eo, mme e leka ka natla go nna le dikokelo tse di tshwanetseng.

Go Fenngwa ga AIDS

AIDS e farologana le malwetse a mangwe a leroborobo ka ntlha e le nngwe: E kgona go thibelwa. Fa batho ba iketleeditse go dirisa melaometheo ya Baebele, gantsi go ka kgonega gore ba thibele go tshwaetsega.

Melao ya Baebele ya boitsholo e tlhamaletse. Batho ba ba sa nyalang ga ba a tshwanela go tlhakanela dikobo. (1 Bakorintha 6:18) Batho ba ba nyetseng ba tshwanetse go ikanyega mo balekaneng ba bone mme ba se ka ba dira boaka. (Bahebera 13:4) Go reetsa kgakololo ya Baebele ya gore re ithibe mo mading le gone go a sireletsa.—Ditiro 15:28, 29.

Batho ba ba setseng ba tshwaeditswe ke bolwetse jono ba ka gomodiwa ke go ithuta ka lefatshe le Modimo a le solofetsang le le tlogang le nna gone mo isagweng, le go se nang malwetse mo go lone, le go ithuta go tshela go ya ka se Modimo a se batlang.

Baebele e re tlhomamisetsa gore mathata otlhe a batho, go akaretsa le malwetse, a tla fela. Seno re se solofediwa mo bukeng ya Tshenolo: “Ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.’”—Tshenolo 21:3, 4.

Tsholofetso eo ga se fela ya batho ba ba kgonang go reka melemo e e jang madi a mantsi. Tsholofetso eno ya boporofeti e e mo go Tshenolo kgaolo 21 e tlhomamisiwa mo go Isaia 33:24: “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” Ka nako eo, batho botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng ba tla ikobela melao ya Modimo mme ba tla bo ba sa lwale. Ka gone, go anama ga bolwetse jo bo setlhogo jwa AIDS—le malwetse a mangwe otlhe—go tla fedisiwa ka bosakhutleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Diokobatsi tse di se nang maina ke diokobatsi tse di tshwanang le tse di nang le maina a dikhampani dingwe tsa melemo. Dinaga tse e leng maloko a Mokgatlho wa Lefatshe wa Kgwebisano di ka kopa tetla ya semolao ya go itirela diokobatsi mo maemong a tshoganyetso.

 [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9, 10]

ENO E NE E LE KALAFI YA MMATOTA E KE NENG KE E BATLA

Ke nna mo Borwa jwa Afrika, mme ke na le dingwaga di le 23. Ke sa ntse ke gakologelwa letsatsi le ke neng ka lemoga ka lone gore ke na le baerase ya HIV.

Ke ne ke na le mmè kwa ngakeng fa ngaka e mpolelela dikgang tseno. E ne e le dikgang tse di utlwisang botlhoko go gaisa tsotlhe tse nkileng ka di utlwa. Ke ne ke tlhakatlhakane. Ke ne ke sa dumele se ke se utlwang. Ke ne ka akanya gore gongwe laboratori e dirile phoso. Ke ne ke sa itse gore ke reng le gore ke direng. E ne e kete nka thubega ka selelo, mme dikeledi di ne di gana go tswa. Ngaka e ne ya tlhalosetsa mmè kaga diokobatsi tsa antiretroviral le dilo tse dingwe, mme ke ne ke tshogile mo ke neng ke sa kgone go tlhaloganya sepe fela se a neng a se tlhalosa.

Ke akanya gore ke ne ka tshwaediwa ke mongwe kwa yunibesithing e ke neng ke ithuta kwa go yone. Ke ne ke batla go bua le mongwe yo o neng a tla tlhaloganya boemo jwa me, mme go ne go se ope. Ke ne ka nna le maikutlo a go inyatsa le go itlhoboga. Le fa ba lelapa ba ne ba nkema nokeng, ke ne ke se na tsholofelo e bile ke boifa. Ke ne nkile ka nna le ditsholofelo di le dintsi fela jaaka mosha mongwe le mongwe. Ke ne ke saletswe ke dingwaga di le pedi fela ke bo ke wetsa dithuto tsa me tsa dikerii ya saense, mme jaanong tsholofelo ya me e ne e phutlhame.

Ke ne ka simolola go nwa diokobatsi tsa antiretroviral tse ke neng ke di neilwe mme gape ka ya go bona bagakolodi ba AIDS, le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse go bona Bokeresete jwa boammaaruri pele ga ke swa. Ke ne ke tsena nngwe ya dikereke tsa Pentekosete, le fa go ntse jalo, go ne go se ope kwa kerekeng ya me yo o neng a nketela. Ke ne ka batla go itse boammaaruri jwa gore ke ne ke tlile go ya kae fa ke sena go swa.

Moso mongwe mo masimologong a August 1999, Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ne ba re etela kwa gae. Ke ne ke lwala thata mo letsatsing leo, mme gone ke ne ka kgona go nna le bone mo phaposing ya boiketlo. Basadi bao ba babedi ba ne ba nkitsise maina a bone le go mpolelela gore ba thusa batho go ithuta Baebele. Ke ne ka nametsega pelo go bona dithapelo tsa me di arabiwa. Mme ka nako eo, ke ne ke le bokoa thata mo ke neng ke sa kgone go bala kana go tlhoma mogopolo ka lobaka lo loleele mo go se ba se buang.

Le fa go ntse jalo, ke ne ka ba itsise gore nka rata go ithuta Baebele, mme ba ne ba dira dithulaganyo tsa go nketela gape. Ka maswabi, pele ga nako eo e fitlha, ke ne ka isiwa kwa kokelong ya malwetse a tlhaloganyo ka ntlha ya go tshwenyega thata mo maikutlong. Ke ne ka gololwa dibeke di le tharo morago ga moo mme ka nametsega pelo thata fa ke fitlhela gore Basupi bano ba ne ba sa ntebala. Ke sa ntse ke gakologelwa gore mongwe wa bone o ne a nna a nketela go tla go ntlhola. Ke ne ka ikutlwa botoka go se kae mo mmeleng, mme ka simolola go ithuta Baebele fa ngwaga e fela. Le fa go ntse jalo, go ne go se motlhofo ka gonne botsogo jwa me bo ne bo sa tlhomama. Mme gone, motho yo o neng a ithuta le nna o ne a sa mphelele pelo.

Ke ne ka kgatlhiwa thata ke go ithuta ka Jehofa le dinonofo tsa gagwe mo Baebeleng, le se tota se bolelwang ke go mo itse le go solofela botshelo jo bo sa khutleng. Gape e ne ya nna la ntlha ke tlhaloganya lebaka la go bo batho ba boga. Ke ne ka itumela tota fa ke ithuta ka Bogosi jwa Modimo jo bo tla tlogang bo tseela dipuso tsa batho maemo. Seo se ne sa ntlhotlheletsa go fetola botshelo jwa me gotlhelele.

Eno e ne e le kalafi ya mmatota e ke neng ke ntse ke e batla. Kana go ne ga nkgothatsa jang go lemoga gore Jehofa o ne a sa ntse a nthata le gore o amega ka nna! Pele ke ne ke akanya gore Modimo o ntlhoile le gore ke sone se se neng sa dira gore ke tshwaediwe ke bolwetse jono. Le fa go ntse jalo, ke ne ka ithuta gore ka lorato Jehofa o ne a dirile thulaganyo ya go itshwarela batho maleo ka thuso ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Ke ne ka simolola go itse gore Modimo o a amega ka nna jaaka fa 1 Petere 5:7 e re: “Latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”

Ke leka ka natla ka mo nka kgonang ka teng go atamalana le Jehofa ka go ithuta Baebele letsatsi le letsatsi le go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Le fa gone go se motlhofo ka metlha, ke latlhela ditlhobaelo tsa me mo go Jehofa ka thapelo le go mo kopa gore a nnonotshe le go nkgomotsa. Ba bangwe mo phuthegong le bone ba nkema nokeng le go nkgothatsa, mme seno se dira gore ke itumele.

Ke nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera le phuthego ya gaetsho. Ke batla go thusa batho ba bangwe semoyeng, segolobogolo ba ba mo maemong a a tshwanang le a me. Ke ne ka kolobediwa ka December 2001.

[Setshwantsho]

Go ithuta ka Bogosi jwa Modimo go dirile gore ke itumele tota

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Setlhopha sa bagakolodi ba AIDS kwa Botswana

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Mo lefatsheng la Paradaise, batho botlhe ba tla bo ba sa lwale