Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nako ya fa Bokgoba bo Fedile!

Nako ya fa Bokgoba bo Fedile!

 Nako ya fa Bokgoba bo Fedile!

KGOLOLESEGO! Ga go na mafoko a mantsi a a itumedisang go feta leno. Batho bangwe ba ile ba lwa, ba boga, bangwe ba swa ka ntlha ya go batla kgololesego. Mme ka maswabi, bontsi bo dirile jalo kwantle ga go bona kgatelopele epe mo maikaelelong ao a bone. A re ka solofela gore batho ba tla tsamaya ba gololesega mo bokgobeng—ba gololesega ka tsela e e kgotsofatsang? Ee.

Moaposetoloi Paulo o ile a tlhotlhelediwa go kwala jaana a bua ka tsholofetso ya Modimo: “Popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Baroma 8:21) Mme gone ke eng se se ka re thusang go tlhomamisega gore ruri Modimo o tla dira gore go nne le ‘kgololesego eo e e galalelang’? Tsela nngwe ke ka go sekaseka kafa Modimo a ileng a dirisana le batho ka gone mo nakong e e fetileng.

Baebele ya re, “Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” (2 Bakorintha 3:17) Ee, moya wa Modimo kana maatla a gagwe a a dirang a na le nonofo e kgolo. O na le lobaka lo loleele a o dirisa go abela batho kgololesego ka ditsela tse dintsi. Jang? Ebu, re tshwanetse go gakologelwa gore go na le mefuta e le mentsi ya bokgoba. Re setse re tlotlile ka o o bosula go gaisa, o mo go one batho ba ba sa nonofang ba dirwang makgoba ke ba ba nonofileng ka go ba gatelela. Mme gone, akanya ka mefuta e mengwe ya bokgoba.

Batho ba ka itira makgoba ka go tshwakgolwa ke dilo tse go leng thata tota go di tlogela. E bile batho ba ka nna makgoba a maaka le tsietso, ba tsiediwa go dumela dithuto tsa maaka. Go na le mofuta wa bokgoba jo bo bofitlha go gaisa yotlhe jo bo amang mongwe le mongwe wa rona—re ka tswa re itse ka jone kana re sa itse—mme matswela a jone ke loso. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gatelela gore le mororo fano re bua ka mefuta e se kae e e farologaneng ya bokgoba, ga re bolele gore e a lekana. E farologana fela thata. Mme gone, go na le sengwe se e tshwanang  ka sone. Modimo wa kgololesego o tla tlhomamisa gore mefuta eno yotlhe ya bokgoba e tla fedisiwa.

Go Nna Makgoba a Dilo Tse di Tshwakgolang

Ela tlhoko kafa buka ya When Luck Runs Out e tlhalosang go lemalela go betšha ka teng: “Ke bolwetse jo bo dirang gore motho a fekeediwe ke keletso e kgolo ya go batla go betšha. Keletso eno ke e e sa kgaotseng mme e nna e gola . . . go fitlha kgabagare e mo laola, e bo e dira gore a se ka a tlhola a tsaya tsia dilo tsotlhe tse di botlhokwa mo botshelong jwa gagwe.” Ga go ope yo o itseng gore ke batho ba le kae ba e leng makgoba a go betšha. Go fopholediwa gore United States e le yosi fela e na le ba le dimilione di le thataro.

Go lemalela bojalwa le gone go kotsi fela jalo mme e bile ke bothata jo bogolo mo mafelong a mantsi. Kwa nageng nngwe e kgolo, mo e ka nnang halofo ya banna ba teng ba lemaletse bojalwa. Ricardo, yo o neng a lemaletse bojalwa dingwaga di le 20 tse di fetileng, o tlhalosa mofuta ono wa bokgoba jaana: “Go tloga fela fa o tsoga, mmele wa gago o setse o batla bojalwa—gore bo go ritibatse maikutlo, bo go lebatse mathata, kana bo go thatafatse pelo gore o lepalepane le botshelo. O fetoga lemphorwana la bojalwa, mme ka fa letlhakoreng le lengwe o leka go itsietsa le go tsietsa batho ba bangwe gore ga go na sepe se se phoso ka wena.”

Bojalwa ga se jone fela jo bo dirang batho makgoba. Lefatshe ka bophara dimilione tsa batho di tshwakgotswe ke diokobatsi. Mo godimo ga moo, batho ba bangwe ba ba ka nnang dimilione di le dikete tse 1,1 ba goga motsoko—o o nang le sengwe sa diokobatsi tse di tshwakgolang go gaisa tsotlhe. Batho ba le bantsi ba ka rata go o tlogela, mme o ba dirile makgoba. A Jehofa o itshupile e le Mogolodi yo o molemo wa batho ba ba mo mefuteng e e ntseng jalo e e maatla ya bokgoba? *

Akanya ka sekai sa ga Ricardo. Ricardo o tlhalosa jaana: “Mo e ka nnang dingwaga di le lesome tse di fetileng, ke ne ka lemoga gore bojalwa bo ne bo laola botshelo jwa me. Bo ne bo dira gore ke tlhokomologe lenyalo la me, tiro le lelapa la me, mme ke ne ke itse gore nka se kgone go rarabolola mathata a me fa ke sa leke go bo tlogela. Go ithuta Baebele go ne ga nthuta gore khumanego—ya mmatota kana ya semoya—e wela batho ba ba nwang bobe. (Diane 23:20, 21) Ke ne ke batla go nna le botsala jo bo molemo le Modimo, mme go rapela Modimo ka tlhoafalo ke kopa thuso go ne ga dira gore ke kgone go itshekatsheka sentle. Monna mongwe o ne a ithuta  Baebele le nna mme o ne a nna tsala e e molemo mo go nna. Fa go ne go direga gore ke boele mo mokgweng ono, o ne a sa mphelele pelo, go na le moo o ne a nna pelotelele go mpontsha tsela e Modimo a laelang Bakeresete ba boammaaruri go tshela ka yone.”

Gompieno Ricardo o ikutlwa a gololesegile ka selekanyo se se rileng mo bokgobeng jono. O a dumela gore kwa tshimologong go ne go tle go direge gore a boele mokgwa ono. O bolela jaana: “Le fa go ntse jalo, keletso ya me ya go batla go direla Jehofa ka boikanyegi le go engwa nokeng ke mosadi wa me le Bakeresete ka nna, go ile ga nthusa go laola boemo. Ke gakaletse nako e Modimo a e solofeditseng e mo go yone go se kitlang go nna le ‘ope yo o tla reng, “Ke a bobola”’ le e mo go yone go se kitlang go tlhola go nna le batho ba ba lemalelang bojalwa. Pele ga seo se direga, ke tla nna ke ntse ke lwela go ntsha mmele wa me ‘go nna setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong.’”—Isaia 33:24; Baroma 12:1.

Diketekete tsa batho mo lefatsheng lotlhe di ile tsa thusiwa ke Modimo go ikgolola mo dilong tse di farologaneng tse di tshwakgolang. Ke boammaaruri gore ke bone ba ileng ba itsenya mo bokgobeng jono, gongwe e le ka go ineela go tlhotlhelediwa kana go ineela mo ditekong. Le fa go ntse jalo, ba ile ba lemoga gore Jehofa ke Mogolodi yo o pelotelele fela thata. O iketleeditse go thusa le go nonotsha botlhe ba ba batlang go mo direla ka boammaaruri.

“Boammaaruri bo Tla lo Golola”

Go tweng ka go nna mo bokgobeng jwa maaka le tsietso? Jesu Keresete o re tlhomamisetsa gore re ka gololwa mo bokgobeng joo. O ne a bolela jaana: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:31, 32) Ka nako ya fa a ne a bua mafoko ano, bontsi jwa bareetsi ba gagwe ba ne ba le mo bokgobeng jwa melao e e gatelelang ya dingwao tsa Bafarasai. Tota e bile Jesu o ne a bolela jaana ka baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe: “Ba bofa merwalo e e boima ba bo ba e pega mo magetleng a batho, mme bone ka bobone ga ba rate le go e sutisa ka monwana wa bone.” (Mathaio 23:4) Dithuto tsa ga Jesu di ne tsa golola batho mo bokgobeng jo bo ntseng jalo. O ne a senola maaka a bodumedi le kwa a simologileng teng. (Johane 8:44) Gape o ne a ruta batho boammaaruri mo boemong jwa maaka, a ba senolela sentle dilo tse di molemo tse Modimo a batlang ba di dira.—Mathaio 11:28-30.

Fela jaaka barutwa ba ga Jesu, gompieno Modimo o thusa batho ba le diketekete gore ba kgone go ikgolola mo dithutong tsa maaka tsa bodumedi le mo dingwaong tse di ba dirileng makgoba. Fa batho bano ba sena go ithuta boammaaruri jo bo lapolosang jwa Baebele, bo ba golola mo poifong ya go tshaba baswi, ya go tshaba go tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele e bile bo ba golola mo kgatelelong ya go ntsha madi a ba a bereketseng boima ba a ntshetsa baruti ba ba ipolelang gore ke baemedi ba ga Keresete—yo o neng a re: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.” (Mathaio 10:8) Mo godimo ga moo, go tloga go nna le kgololesego e kgolo go feta.

Bokgoba jo bo Bofitlha go Gaisa

Ela tlhoko kafa Jesu a neng a tlhalosa ka teng bokgoba jo bo bofitlha go gaisa, jo bo umakilweng pelenyana, jo bo amang banna, basadi le bana botlhe mo lefatsheng: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Modiri mongwe le mongwe wa boleo ke motlhanka wa boleo.” (Johane 8:34) Ke mang yo o ka reng ga a dire boleo? Tota le moaposetoloi Paulo o ile a dumela jaana: “Molemo o ke o eletsang  ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo eletseng ke jone jo ke tlwaetseng go bo dira.” (Baroma 7:19) Le fa gone go se na ope yo o ka ikgololang mo dikgoleng tsa boleo, ga se gore ga go se se ka dirwang.

Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe jaana: “Fa Morwa a lo golola, lo tla gololesega tota.” (Johane 8:36) Fa tsholofetso eno e diragadiwa re tla gololwa ka botlalo mo mofuteng ono wa bokgoba jo bo senyang go gaisa yotlhe. Mma pele re bone kafa re neng ra tsenngwa mo bokgobeng jono ka teng gore o tlhaloganye kafa re ka bo falolang ka teng.

Baebele e bolela gore Modimo o bopile motho a na le tshwanelo ya go itlhophela, a se na tshekamelo epe ya go dira boleo. Mme morwa mongwe wa Modimo wa semoya yo o bogagapa o ne a batla go laola batho, le mororo seno se ne se tla felela ka gore batho ba boge. Moengele yono wa motsuolodi, yo moragonyana a neng a bidiwa Satane Diabolo, o ne a dira seo ka go dira gore batsadi ba rona ba ntlha, e leng Adame le Efa ba tlhanogele Modimo. Fa Adame a sena go tlola taelo e e tlhamaletseng ya Modimo ka boomo o ne a nna moleofi a bo a fetisetsa bosaitekanelang le loso mo baneng botlhe ba gagwe. (Baroma 5:12) Satane o ne a nna “mmusi wa lefatshe,” mme ‘boleo le loso di ne tsa busa batho jaaka kgosi.’—Johane 12:31; Baroma 5:21; Tshenolo 12:9.

Re ka gololwa jang? Fa re nna barutwa ba ga Jesu, re ka solegelwa molemo ke loso lwa ga Keresete lwa go intsha setlhabelo, lo lo nang le maatla a go ‘nyeletsa ene yo o nang le dithata tsa go baka loso, ke gore, Diabolo’ le go ‘golola botlhe ba ka ntlha ya go boifa loso, ba neng ba le mo botlhankeng botshelo jotlhe jwa bone.’ (Bahebera 2:14, 15) Akanya fela—go gololwa mo bokgobeng jwa boleo le loso! A go akanya ka kgololesego e e ntseng jalo ga go itumedise?

Mme go tweng ka mofuta wa bokgoba o re buileng ka one kwa tshimologong? A go gatelelwa ga batho ba dirwa makgoba go tla tsamaya go fela?

Tsholofelo e Ruri e Tlileng go Diragala

Ruri re ka tshepa gore mofuta o o maswe oo wa bokgoba o tla fedisiwa. Ke eng fa re ka rialo? Akanya ka seno: Jehofa Modimo o ile a rulaganya ka namana letsholo le legolo go gaisa otlhe mo hisitoring la kgololesego. O ka tswa o itse tiragalo eo.

Baiseraele ba ne ba dirilwe makgoba ke Baegepeto, ba ba pateletsa go dira ditiro tse di boima le go ba tshwara makgwakgwa. Ba ne ba lelela kwa Modimong gore a ba thuse, mme e re ka Jehofa a na le bopelotlhomogi jo bogolo, o ne a ba sekegela tsebe, a ba thusa. Jehofa o ne a dirisa Moshe le Arone go ya go itsise Faro wa Egepeto gore o batla gore a golole Baiseraele. Tota le fa Jehofa a sena go leretse naga eo dipetso tse di botlhoko, mmusaesi yoo yo o boikgogomoso o ne a gana go ba golola ka makgetlo a le mantsi. Kwa bofelong, Modimo o ne a dira gore Faro a ineele. Kgabagare Baiseraele ba ne ba gololesega!—Ekesodo 12:29-32.

A seno ga se tiragalo e e kgatlhang? Mme gone, o ka tswa o ipotsa gore ke eng fa Modimo a se kile a dira se se tshwanang le mo motlheng wa gompieno. Ke eng fa a sa tsenya letsogo mo ditiragalong tsa batho mme a fedisa bokgoba? Se lebale, Jehofa ga se ene a busang lefatshe—le busiwa ke Satane.  Jehofa o letlile Moganetsi yono yo o boikepo gore a buse ka nakwana ka ntlha ya dikgwetlho tse a neng a di tsosa kwa Edene. Puso eno ya ga Satane e itsege ka bokgoba, kgatelelo le bosetlhogo. Ka ntlha ya tlhotlheletso eno e e bosula go a bonala gore dipuso tsa batho di paletswe. Baebele e sobokanya seo jaana: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

Mme seo se tla tsaya lobaka lo lokae? Baebele e tlhalosa gore re tshela mo “metlheng ya bofelo,” e mo go yone go neng go tla tlala bopelotshetlha le bogagapa. (2 Timotheo 3:1, 2) Seno se bolela gore Bogosi jwa Modimo, jo Jesu a neng a re ruta go bo rapelela, bo tla tloga bo dira gore go nne le setšhaba se se siameng se go se kitlang go nna le bokgoba mo go sone. (Mathaio 6:9, 10) Jesu Keresete, yo e leng Kgosi e e tlhomilweng ya Modimo, o tla tsaya kgato go fedisa masalela otlhe a bokgoba go fitlha mmaba wa bofelo, e leng loso, a nyelediwa.—1 Bakorintha 15:25, 26.

Fa kgabagare letsatsi leo le goroga, batho ba ba ikanyegang ba tla lemoga gore go gololwa ga batho ba Modimo mo bokgobeng jwa Egepeto e ne e le malebela fela a kgololo eno e kgolo. Ee, fa go ntse go ya, “popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola.” Kgabagare batho botlhe ba tla kgona go itumelela ka botlalo “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:21.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ja bobe go ne go tlwaelegile mo meketeng e megolo ya Baroma. Ke gone ka moo Bakeresete ba ileng ba tlhagisiwa gore ba se ka ba itetla go nna makgoba a dijo kana sepe fela se se tshwanang le seo.—Baroma 6:16; 1 Bakorintha 6:12, 13; Tito 2:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Batho ba ba fopholediwang go dimilione di le thataro kwa United States fela ke makgoba a go betšha

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Dimilione di le makgolokgolo ke makgoba a diokobatsi, bojalwa le motsoko

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Modimo o thusitse batho ba le diketekete ba ba jaaka Ricardo go gololesega mo dilong tse di tshwakgolang

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Fela jaaka Baiseraele ba bogologolo ba ile ba gololwa mo bokgobeng, baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ba tlile go bona kgololesego e kgolo go feta eo