Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lekeletsa Dilo Tse di Amanang le Masaitsiweng—Kotsi ya Gone ke Eng?

Go Lekeletsa Dilo Tse di Amanang le Masaitsiweng—Kotsi ya Gone ke Eng?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Go Lekeletsa Dilo Tse di Amanang le Masaitsiweng—Kotsi ya Gone ke Eng?

A ELERURI basha ba kgatlhegela masaitsiweng? Setlhopha sa babatlisisi se ne sa leka go bona karabo ka go dira patlisiso mo baithuting ba le 115 ba ba mo sekolong se se fa gare le se se kwa godimo. Patlisiso eo e ne ya senola dipalopalo tseno: Ba ba fetang halofo ya ba go dirilweng patlisiso mo go bone (diperesente di le 54) ba ne ba bolela gore ba kgatlhegela dilo tse di amanang le masaitsiweng le dilo tse di kwa lefelong la semoya, fa kwatara ya bone (diperesente tse 26) ba ne ba bolela gore ba “di kgatlhegela thata.”

Babatlisisi ba Yunibesithi ya Alaska kwa Anchorage ba kwala jaana: “Dikgang tsa makwalodikgang le tsa dimakasine tse di malebana le go oketsega thata ga ditiro tsa bosatane tsa masaitsiweng . . . di atile mo dingwageng tsa bosheng.” Baitse ba bolela gore go na le bosupi jo bo seng kalo jo bo tlhomameng jo bo emang nokeng dipuo tsa gore basha ba bantsi ba tsenetse kobamelo ya ga Satane. Le fa go ntse jalo, ga go na pelaelo gore basha ba bantsi ba kgatlhegela dilo dingwe tse di dirwang mo kobamelong ya ga Satane le dilo tse di amanang le masaitsiweng, le fa ba sa di kgatlhegele go le kalo.

Basha bangwe ba ka nna ba botsa gore, ‘Kotsi ya go lekeletsa dilo tse di amanang le masaitsiweng ke eng?’ Go araba potso eno, a re tlhatlhobeng pele dingwe tsa ditsela tse di dirang gore sa ntlha basha ba nne le seabe mo dilong tse di amanang le masaitsiweng.

Kgogedi ya Masaitsiweng

Setlhogo sengwe mo go U.S. News & World Report se bolela gore “bana le basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome gompieno ba na le ditshwantsho le tshedimosetso e ntsi thata e e gakgamatsang—tse gantsi di sa siamang—tse di neng di seyo mo dingwageng tse 20 tse di fetileng.” Basha ba bantsi ba tlhotlhelediwa ke go rata go itse dilo gore ba bale dibuka le dimakasine, ba lebelele dibidio kgotsa ba bule di-Web site tsa Internet tse di nang le tshedimosetso ya dilo tse di amanang le masaitsiweng.

Go ya ka BBC News Online, “go bolelwa gore” dithulaganyo tsa thelebishene tse di rategang tse di bontshang boloi le dipoko “di dira gore bana ba kgatlhegele boloi.” Mmino wa heavy metal le one ka go tshwana o na le ditlhogo tsa thubakanyo kgotsa tsa bodimona. Mokwaladikgang Tom Harpur o ne a kwala jaana mo lokwalodikgannyeng lwa Toronto lwa The Sunday Star: “Ke tshwanetse go ntsha tlhagiso e e nonofileng malebana le se se diragalang [mo mminong]. . . . Ga ke ise nke ke bone sepe se se maswe thata jaana. Dipina di bua thata ka botsenwa, go tsenwa ke meya e e maswe, madimona, go tsholola madi, diphutso, thubakanyo ya mofuta mongwe le mongwe, go akaretsa petelelo, go ikgobatsa, polao le go ipolaya. Ditlhogo tsa teng ke loso le tshenyego, go bolelela pele bosula, go gana sotlhe se se molemo le go amogela sotlhe se se tsitsibanyang mmele le se se bosula.”

 A go reetsa mmino o o ntseng jalo ruri go ka senya boitshwaro? Go bonala o ne wa dira jalo bobotlana mo kgannyeng e le nngwe ya mosha yo o nang le dingwaga tse 14 kwa United States yo o neng a tlhaba mmaagwe a mmolaya mme go tswa foo a ipolaya. Mabota a kamore ya gagwe a ne a ngapareditswe dipampiri tsa baopedi ba mmino wa roko wa heavy metal. Morago ga seo rraagwe o ne a kopa jaana: “Lo boleleleng batsadi gore ba tlhokomele gore bana ba bone ba reetsa mmino wa mofuta ofe.” O ne a bolela gore beke pele ga morwawe a bolaya mmaagwe, o ne a ntse a opela pina ya roko “e e buang ka madi le go bolaya mmago.”

Go tswa foo go na le metshameko ya go etsisa batho ba ba rileng, e mengwe ya yone e dirang gore batsayakarolo ba tshameke e le baloi kgotsa batho ba ba amanang le masaitsiweng mangwe. Bontsi jwa metshameko eno e bontsha thubakanyo ya bodimona. *

Le fa go ntse jalo, mokgatlho wa patlisiso wa Mediascope o bega jaana: “Dipatlisiso di bontsha gore go rata mmino wa heavy metal e ka tswa e le sesupo se segolo sa go itlhaola, go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo, malwetse a tlhaloganyo, go ipolaya . . . kgotsa boitshwaro jwa go rata go itsenya mo kotsing ka nako ya bosha, mme mmino ga se one o bakang boitshwaro jono. Go akanyediwa gore basha ba ba setseng ba na le mathata ano ba ka nna ba kgatlhegela mmino wa heavy metal, ka gonne mafoko a one a bua ka matshwenyego a bone.”

Ga se babatlisisi botlhe ba ba ka dumalanang ka dikotsi tsa go reetsa mmino wa bosatane. A mme go reetsa ka metlha dibidio, mmino, kgotsa metshameko e e tlotlomatsang thubakanyo kgotsa go ikgobatsa go ka tlhoka go nna kotsi? Le fa go ntse jalo, mo Bakereseteng, go lekeletsa dilo tse di amanang le masaitsiweng go kotsi le go feta.

Kafa Modimo a Lebang Masaitsiweng ka Teng

Mo go 1 Bakorintha 10:20, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete jaana: “Ga ke batle gore lo nne batlhakanedi le madimona.” Tota madimona ke bomang le gone ke ka ntlha yang fa go ikopanya le one go le kotsi thata jaana? Ka tlhamalalo fela, madimona ke baengele ba pele ba ba neng ba tlhopha go sala Satane Diabolo morago. Satane o raya “Moganetsi” mme Diabolo o raya “Motho yo o senyang ba bangwe leina.” Go ya ka Baebele, moengele yono wa pele yo e neng e le morwa Modimo o ne a itira moganetsi le motho yo o senyang ba bangwe leina ka go tlhopha go tsuologela Modimo. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a gogela baengele ba bangwe gore ba kopanele le ene mo tseleng ya gagwe ya botsuolodi. Ka jalo bathusi bano ba ne ba nna madimona.—Genesise 3:1-15; 6:1-4; Jude 6.

Jesu o ne a bitsa Satane “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 12:31) Satane le madimona a gagwe ba “bogale jo bogolo” ka ntlha ya tshenyego ya bone e e tlang. (Tshenolo 12:9-12) Ga go gakgamatse gore ba ba ikgolagantseng le madimona ba lemogile gore a setlhogo. Mosadi mongwe kwa Suriname yo o goletseng mo lelapeng le le neng le dirisa tirisabadimo o ne a iponela ka boene gore madimona “a ipelela go bogisa batho ba ba sa ikaelelang go ba obamela.” * Ka jalo, go ikgolaganya le dibopiwa tseno tse di setlhogo tsa semoya ka tsela le fa e le efe go kotsi fela thata!

Ka ntlha ya seno, Modimo o ne a laela batho ba gagwe ba bogologolo, Baiseraele, gore ba tile mekgwa yotlhe e e amanang le masaitsiweng. Duteronome 18:10-12 e tlhagisa jaana: “Mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.” Bakeresete ka tsela e e tshwanang ba ne ba tlhagisiwa gore “ba ba dirisanang le meya” ba ne ba tla senngwa ke Modimo. (Tshenolo 21:8) Modimo o kgala le gone go lekeletsa dilo tse di amanang le masaitsiweng. Baebele e laela jaana: “Lo tlogele go ama selo se se seng phepa.”—2 Bakorintha 6:17.

Go Kgaogana le Ditiro Tsa Masaitsiweng

A o kile wa dira phoso ya go lekeletsa dilo tse di amanang le masaitsiweng? Fa go ntse jalo, sekaseka se se neng sa diragala kwa motseng wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Efeso. Batho ba bantsi teng ba ne ba “dira ditiro tsa maselamose.” Mme ba bangwe ba ne ba tlhotlhelediwa ke ditiro tse di maatla tse moaposetoloi Paulo a neng a di dira ka thuso ya moya o o boitshepo. Matswela e ne ya nna eng? “Ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe. Mme ba bala ditlhwatlhwa tsa tsone tsotlhe mme ba fitlhela di ja dipapetlana tsa selefera di le dikete di le masome a matlhano. Ka gone lefoko la ga Jehofa la nna la gola ka tsela e e nonofileng e bile le fenya.”—Ditiro 19:11-20.

Seno se re bolelela eng? Gore fa motho a batla  go tšhwamoga mo madimoneng o tshwanetse go senya dilo tsotlhe tse di amanang le kobamelo ya bosatane! Seno se akaretsa dibuka tsotlhe, dimakasine, dipampiri, dibuka tse di nang le ditshwantsho tse di tshosang, dibidio, mereo (dilo tse di aparelwang “go itshireletsa”), le tshedimosetso ya bodimona e e tsewang mo Internet. (Duteronome 7:25, 26) Latlha dilo tsotlhe tse di ka dirisiwang mo boloing, jaaka dibolo tsa crystal kgotsa dimati tsa Ouija. Gape, latlha mmino kgotsa dibidio tse di nang le ditlhogo tsa bosatane.

Go tlhokega bopelokgale le boikemisetso gore o kgone go tsaya dikgato tse di ntseng jalo. Mme o tla solegelwa molemo thata. Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Jean * o ne a reka motshameko wa khomputara o kwa tshimologong o neng o lebega o se kotsi. Fa a ne a ntse a tshameka motshameko oo go ya pele, o ne a lemoga dilo dingwe tsa tirisabadimo mo go one. Go ise go ye kae, o ne a simolola go nna le ditoro tse di maswe. Jean a re: “Ke ne ka tsoga mo gare ga bosigo mme ka senya di-CD tsa motshameko oo.” Matswela e ne ya nna eng? “Fa e sa le go tloga ka nako eo, ga ke ise nke ke nne le mathata ape.”

Fa o bontsha boikemisetso jwa mmatota jwa go kgaogana le dilo tseno, o tla atlega. Gakologelwa boikemisetso jo Jesu a neng a bo bontsha fa Diabolo a ne a leka go mo gogela gore a mo obamele. “Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.”’ Foo Diabolo a mo tlogela.”—Mathaio 4:8-11.

O se Ka wa Tlhabana o le Esi

Moaposetoloi Paulo o re gakolola gore Bakeresete botlhe ba “lwa . . . le mephato ya meya e e boikepo e e mo mafelong a selegodimo.” (Baefeso 6:12) Mme o se ka wa leka go tlhabana le Satane le madimona a gagwe o le esi. Kopa thuso mo batsading ba gago ba ba boifang Modimo le mo bagolwaneng ba phuthego ya Bokeresete ya lefelo la gaeno. O ka nna wa swabisiwa ke go ipobola mo go bone gore o ne o amana le madimona, mme go ka felela ka gore o bone kemonokeng e o e tlhokang thata.—Jakobe 5:14, 15.

Gape, gakologelwa gore Baebele ya re: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba. Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:7, 8) Ee, Jehofa Modimo o go eme nokeng! O tla go thusa go tswa mo serung sa masaitsiweng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . A go Na le Kotsi Epe mo Metshamekong ya go Etsisa Mongwe?” mo go Tsogang! ya September 8, 1999.

^ ser. 15 Bona setlhogo se se reng “Go Ikimolola Mokgweleo wa Tirisa-badimo” mo makasineng wa rona o o tsamaisanang le ono wa Tora ya Tebelo, wa September 1, 1987, o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 20 Leina le fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Latlha dilo tsotlhe tse di amanang le kobamelo ya bosatane

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Itise kgatlhanong le di-Web site tse di rotloetsang tirisabadimo