Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Borukhutlhi—Bo Tla Fela go Ise go ye Kae!

Borukhutlhi—Bo Tla Fela go Ise go ye Kae!

Borukhutlhi—Bo Tla Fela go Ise go ye Kae!

BESE kwa Jerusalema, kago ya puso kwa Oklahoma City, kgotsa kago ya difolete kwa Moscow, otlhe e ka nna mafelo a a ka tlhaselwang ka borukhutlhi. Le fa go lebega dirukhutlhi di batla go fetisetsa molaetsa o o maatla mo go boradipolotiki, baeteledipele ba sesole, kgotsa baeteledipele ba ikonomi, gantsi ga go lebege go na le kamano epe magareng ga selo se ba se tlhaselang le maikaelelo a tsone. Mo makgetlhong a le mantsi go tlhaselwa batho fela ba ba se nang molato—batho ba ba sa amaneng ka gope le maikaelelo a dirukhutlhi. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa batho ba ba ratang go feteletsa dilo ba dira ditiro tsa borukhutlhi?

Borukhutlhi bo Direlwa Eng?

Borukhutlhi bo a rulaganyediwa e bile bo akanyediwa go sa le gale. Maikaelelo a jone a konokono ga se go baka dintsho le dikgobalo. Kgailo e e ntseng jalo ke ya gore serukhutlhi se fitlhelele maikaelelo a sone, go tshosa batho le go dira gore ba boife e le gore se nyatse bolaodi le gore se reediwe ka ntlha ya maikaelelo a sone a a rileng. Sekaseka mangwe a mabaka a a tlhotlheletsang ditiro tsa bothubaki tsa dirukhutlhi.

Letlhoo. “Borukhutlhi . . . bo gakadiwa ke letlhoo,” go ne ga bolela jalo Louis J. Freeh, motsamaisi wa U.S. Federal Bureau of Investigation. “Ba ba nang le letlhoo leo ba tshela mo lefatsheng le le tlhotlhelediwang ke manganga, ditogamaano tse di bosula le le le tletseng botlhokakitso.”

Kgatelelo. “Re dumela gore go na le baeteledipele ba ditlhopha le dinaga ba mekgele ya bone ya go tlhoka tlhaloganyo e leng go fedisa dingwao tse dingwe,” go kwala jalo Stephen Bowman mo bukeng ya gagwe ya When the Eagle Screams. “Gape go phepafetse gore borukhutlhi jo bontsi bo bakwa ke go itlhoboga.”

Go betwa ke pelo. “Mo makgetlhong a mantsi . . . serukhutlhi se rotloediwa thatathata ke go betwa ke pelo ka ntlha ya maemo a tsa dipolotiki a loago le a ikonomi a a ka se kang a fetoga,” go bolela jalo morulaganyi wa buka ya Urban Terrorism.

Go tlhoka tshiamiso. “Borukhutlhi bo supa gore go na le bothata, ga se jone bo bakang bothata,” go bolela jalo Michael Shimoff mo pampiring ya gagwe ya dikgang ya “The Policy of Terrorism.” O tswelela ka gore: “Mokgele wa rona e tshwanetse gore e nne go fedisa dilo tse di bakang borukhutlhi tsa loago le tsa bopolotiki. . . . Fa re ntse re lwantshana le borukhutlhi, re tshwanetse go dira maiteko a a tshwanang a go tokafatsa kgololesego, seriti, tshiamiso le mekgwa e mentle ya setho. Ke fela fa maiteko ao a a dirwang ka tlhoafalo a dira re ka kgonang go fedisa ditiro tse di kgatlhanong le borukhutlhi le tse di sa dumalaneng le jone.”

Dilo tse di bakang borukhutlhi le ditiragalo tse di fetileng tsa jone di ile tsa supela boammaaruri jwa se Baebele e se buang: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Baebele e bile e boleletse pele mekgwa e e rotloetsang borukhutlhi. E bolela jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, . . . ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.”—2 Timotheo 3:1-4.

Boammaaruri ke gore maiteko a batho a go lwantsha borukhutlhi, go sa kgathalesege gore ba dira ka bopeloephepa go le kana kang, ga a ka ke a atlega go fedisa se se bo bakang. Baebele e bolela jaana ka boammaaruri: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Le fa go ntse jalo, le fa tharabololo ya borukhutlhi e ka se kgonwe ke batho, ruri ga e ka ke ya palela maatla a Modimo.

Tharabololo

Batho ba ba kileng ba direlwa phoso kgotsa ba gatelelwa kgotsa ba ba betilweng ke pelo ba ka gomodiwa ke tsholofetso ya Baebele e e tlhomameng: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”—Diane 2:21, 22.

Tsholofetso eno ya Modimo e tla diragadiwa. Mmusi wa gagwe, Kgosi e e busang Jesu Keresete e tla tlhomamisa gore seo se a direga. Boporofeti jwa Baebele bo bolela jaana ka Keresete: “Ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe. O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, mme o tla naya ba ba pelonolo ba lefatshe kgalemelo ka thokgamo.”—Isaia 11:3, 4

Ee, morwa Modimo Jesu Keresete, o tla fedisa tshiamololo yotlhe mo bogautshwaneng, mmogo le batho ba ba e dirang. Mo tsamaisong ya Modimo ya tshiamo, borukhutlhi le thubakanyo tsa mefuta yotlhe e tla nna dilo tsa nako e e fetileng. Go tswa foo mongwe le mongwe mo lefatsheng o tla nna ka polokesego, a sa boife sepe.—Tshenolo 21:3, 4.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Baebele e solofetsa gore mo bogautshwaneng Modimo o tla fedisa kgatelelo yotlhe le go tlhoka tshiamiso