Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Isagwe ya Bodumedi e Ntse Jang?

Isagwe ya Bodumedi e Ntse Jang?

 Isagwe ya Bodumedi e Ntse Jang?

TSELA e bodumedi bo ileng jwa tsoga gape ka yone kwa dinageng tsa Soviet Union ya maloba e a gakgamatsa. Kwa Russia fela, diperesente di le 50 tsa batho jaanong di ipolela gore ke Ba-Orthodox, mme ba ba dimilionemilione ke balatedi ba ditumelo tse dingwe. Iselamo, Bojuda le Bobuda, ke dingwe tsa ditumelo tse di sa bolong go nna teng, mme Basupi ba ga Jehofa le bone ga ba bolo go nna teng kwa nageng eo.

Fa e sa le kwa masimologong a 1891, baemedi ba Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe pele ga 1931, ba ne ba etela kwa Kishinev, kwa Russia (e jaanong e bidiwang Chisinau, Moldova). Ba ne ba fitlha ba tshwara dipokano koo le badumedikabone. Ka 1928, George Young, yo e neng e le moemedi yo o kgethegileng wa Baithuti ba Baebele, o ne a kopana le badiredibagolo ba Soviet kwa Moscow, Russia, go kopa tetla ya go gatisa dibuka tsa Baebele kwa Soviet Union. Moragonyana, Basupi ba ne ba itsege thata ka ntlha ya maiteko a Soviet a go leka go ba nyeletsa.

E ne ya re fa Soviet Union e phutlhama ka tshoganyetso fela mo dingwageng di ka nna di le lesome tse di fetileng, batho ba ne ba simolola go ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa puso ya Soviet e ne e leka go nyeletsa bodumedi?’ Batho ba le bantsi ba ba neng ba rutilwe dithuto tsa bolatolamodimo ka masomesome a dingwaga ba ne ba simolola go batla go itse gore bodumedi bo ne bo tla ba direla eng. A totatota Baebele, e e neng ya gatelelwa jaaka buka e e ileditsweng, e ka nna le dikarabo tsa mathata a batho ba lebaneng le one? Ba-Russia ba ne ba simolola go itirela dipatlisiso ka bobone.

Bothata jo bo Farologaneng Jwa Bodumedi

Go kgatlhegela Baebele ga batho ba le bantsi go ne ga baka bothata jo bo farologaneng jwa bodumedi kwa Soviet Union ya maloba. Lokwalodikgang lwa Guardian lwa kwa Lontone, kwa Engelane, lo ne lwa akgela jaana ngogola: “Gongwe ‘ntwa e e ka ga Modimo’ e ka tswa e fedile, le fa go ntse jalo mo sebakeng sa dingwaga di le lesome fela morago ga gore naga ya ntlha mo lefatsheng e e ipelafatsang ka gore ke ya bolatolamodimo e fenngwe ka tsela e e tlhabisang ditlhong, go ne ga simolola ntwa e ntšha ya molomo ya bodumedi kwa Russia.” Ke ntwa efe eno ya bodumedi e go tweng ke ya molomo e lokwalodikgang lono lo bolelang ka yone?

Jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, Kereke ya Orthodox ya Russia e ne ya dirisana ka botlalo le baeteledipele ba Soviet gore e tle e falole le go bona ditshiamelo. The Guardian e tlhalosa kafa botsalano jono bo neng jwa tswelela ka gone fa e tlhalosa jaana: “Gape mo dingwageng di le 10 tse di fetileng kereke e ile ya dira botsalano jo bogolo thata jo bo sa amogelesegeng le puso e pele e neng e e gatelela e e neng e ise e fetole boemo jwa yone ka gope, le go ema puso ya Russia nokeng (go tshegetsa ntwa ya kwa Chechnya ga Moeteledipele wa yone) mme morago ga moo e bo e nna le tlhotlheletso e kgolo ya bopolotiki.”

Los Angeles Times ya February 10, 1999, e ne ya bua thata ka tsela e kereke e neng e na le tlhotlheletso e kgolo ka yone mo dipolotiking fa e ne e bua ka Molao wa Kgololesego ya Segakolodi le Mekgatlho ya Bodumedi. Lokwalodikgang lono lwa Los Angeles Times lo ne lwa bolela gore molao ono, o o neng wa saeniwa ke Poresidente wa maloba e bong Boris Yeltsin ka September 1997, o ne o “rotloeditswe ke Kereke ya Orthodox ya Russia.” Molao ono o ne o naya kereke boemo jo e bo batlang jwa gore e nne bodumedi “jwa batho botlhe,” mmogo le bodumedi jwa Iselamo, Bojuda le Bobuda. Gareng ga dilo tse dingwe, molao ono o ne o batla gore mekgatlho ya bodumedi ya kwa Russia e ikwadise gape.

The New York Times ya February 11, 1999, e ne ya bega gore fa molao ono o sena go dirisiwa, “Kereke ya Orthodox e ne ya gatelela ba ba leng kgatlhanong le yone.” Times e ne ya oketsa jaana: “Ngogola ka August, Aleksei II, e bong  Moeteledipele wa Kereke ya Orthodox ya Russia, o ne a dira boikuelo jwa gore ditumelo tse di rerelang batho di se ka tsa tlhola di tswelela pele ka tiro eno ya tsone, segolobogolo tse di lekang go tlhotlheletsa batho go tswa mo ‘ditumelong tsa bagologolwane ba bone.’” Fa e sa le ka nako eo, maiteko a go thibela ditumelo tse go tweng di rerela batho a ile a tswelela pele, a felela ka se se neng se itsege e le “ntwa ya molomo ya bodumedi.”

Setlhopha Sengwe se se Tlhaselwang

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna setlhopha se se ileng sa tlhaselwa thata ke Kereke ya Orthodox ya Russia. Ka June 20, 1996, ofisi ya mosekisi ya kwa Moscow e ne ya simolola go tlhoma mogopolo thata mo kgetsing e e neng e tlhatlhetswe ke lekoko la Komiti ya go Sireletsa Basha mo Ditumelong Tsa Maaka. Le mororo kgetse eno e ne e kgaosediwa nako le nako ka ntlha ya gore go se bosupi jo bo bontshang gore Basupi ba dirile ditiro tsa bokebekwa, e ne e nna e ntse e bulwa nako le nako.

Go sa ntse go le jalo, Basupi ba ne ba sotliwa thata ka dipuo di le dintsi tsa maaka. Lokwalodikgang lwa kwa Russia lo go gatisiwang dikhopi tsa lone di le 1 200 000, lwa Komsomolskaya Pravda, lo ne lwa akgela jaana mo tokololong ya lone ya November 21, 1998: “Mo lobakeng lwa dingwaga di feta di le pedi fela, Kereke ya Orthodox ya Russia e ne ya golola dibuka, diboroutšhara le dibukana di feta di le lesome ‘tse di buang thata’ ka Bajehofa.” Ke ka ntlha yang fa kereke e dirile matsapa a magolo jaana go senya Basupi leina?

Komsomolskaya Pravda e tswelela ka go bolela gore: “Go bonala lebaka le legolo e le gore mo dingwageng di le supa fela tse di fetileng, palo ya maloko a mokgatlho ono e ne ya oketsega ga lesome, mme go tshwana le tsamaiso epe fela e nngwe e e rulagantsweng ya ditlhopha tsa baruti, Kereke ya Orthodox ya Russia ga e rate batho ba ba gaisanang le yone.”

Mo masimologong a 1999 fa kgetse ya kgotlatshekelo e e ka ga Basupi e ne e bulwa gape, e ne ya kgatlhegelwa ke batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe. Setlhogo se segolo sa New York Times ya February 11 se ne se balega jaana: “Kgotlatshekelo ya kwa Moscow e Sekaseka go Thibelwa ga Basupi ba ga Jehofa.” Setlhogo seno se ne sa akgela jaana: “Kgetse eno e jaanong e leng mo diatleng tsa kgotlatshekelo ya puso ya kwa Moscow, e e tshwarelwang mo phaposing e nnye ya kgotlatshekelo, e tlhomilwe matlho ke ditlhopha tsa bodumedi le tsa ditshwanelo tsa batho tse di e tsayang e le boiteko jwa ntlha jo bogolo jwa go dirisa [Molao wa Kgololesego ya Segakolodi le Mekgatlho ya Bodumedi] go thibela kobamelo.”

Poresidente wa Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Helsinki e bong Lyudmila Alekseyeva, o ne a tlhalosa lebaka la go bo kgetse eno ya Basupi e ne e tlhomilwe matlho thata jaana. O ne a bolela gore fa batho ba ba lekang go gatelela Basupi ba ga Jehofa “ba ka atlega mo kgetseng eno,” he “ba tla ikutlwa ba gololesegile go tlhasela ditlhopha tse dingwe” tse le tsone di kaiwang e le ditlhopha tse di sa tlwaelegang tsa bodumedi. Le fa go ntse jalo, kgetse eno e ne ya kgaosediwa gape ka March 12, 1999. Le fa go ntse jalo, mo kgweding e e latelang ka April 29, Kgotla ya Bosiamisi ya kwa Russia e ne ya ntsha lekwalo la go kwadisiwa ga “Lefelo la Botsamaisi la Basupi ba ga Jehofa kwa Russia.”

Le mororo puso e ne e ntshitse lekwalo leno la kamogelo, Basupi mmogo le ditlhopha tse dingwe tse dinnye tsa bodumedi ba ile ba nna ba tlhaselwa kwa Russia le kwa direpaboliking tse dingwe tse pele e neng e le tsa Soviet. Motsamaisi wa Setheo sa Keston kwa Oxford, Engelane, e bong Lawrence Uzzell, o ne a bolela gore “ka metlha motho o solegelwa molemo thata fa a leba Basupi ba ga Jehofa” ka gonne se se ba diragalelang ke “sesupo se se re tlhagisang go sa le gale.” Eleruri, kgololesego e e botlhokwa ya bodumedi e batho ba le dimilione di le masomesome ba nang le yone e mo kotsing!

Ba Tlhaselwa ka Tsela E e Sa Tshwanelang

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, baperesiti ba bagolo le baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ne ba bogisa balatedi ba ga Jesu. (Johane 19:15; Ditiro 5:27-33) Ka ntlha ya moo, go ne ga bolelwa jaana ka Bokeresete: “Ruri re a itse gore lekoko leno le a kgalwa gongwe le gongwe.” (Ditiro 28:22) Ka jalo, ga go gakgamatse gore gompieno Bakeresete ba boammaaruri le bone ba tla tlhapadiwa, fela jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhapadiwa.

Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Gamaliele, Mofarasai yo o itsegeng thata e bile e le morutisi wa Molao, a sena go tlhatlhoba bosupi jo bo neng bo dirwa kgatlhanong le Bakeresete ba bogologolo, o ne a gakolola jaana: “Lo se ka lwa tshwenyana  le banna bano, mme ba leseng; (ka gonne, fa leano leno kgotsa tiro eno e tswa mo bathong, e tla senngwa; mme fa e tswa mo Modimong, ga lo na lo kgona go ba fenya;) go seng jalo, gongwe lo tla fitlhelwa lo le ba ba tlhabantshanang le Modimo.”—Ditiro 5:38, 39.

Le gompieno batshwayadiphoso ba ile ba dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka Basupi ba ga Jehofa. Mme seno se ne sa felela ka eng? Sergey Blagodarov, yo le ene a ipolelang gore ke Mo-Orthodox, o ne a akgela jaana mo go Komsomolskaya Pravda: “Mo lobakeng lwa dingwaga di feta lekgolo, ga go naga epe mo lefatsheng e e ileng ya kgona go supa ditiro tsa bokebekwa tse di dirilweng ke maloko a mokgatlho ono, kana go supa gore ke mokgatlho o o sa letlelelwang semolao.”

Isagwe ya Bodumedi e Ntse Jang?

Baebele e bua ka “tumelo e e itshekileng,” kana ‘kobamelo e e phepa le e e sa leswafalang.” (Jakobe 1:27a; bona gape le King James Version.) Jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, Baebele e tlhalosa mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka e le “seaka se segolo . . . se dikgosi tsa lefatshe di neng tsa dira kgokafalo le sone.” Go bolelwa gore seaka seno sa tshwantshetso sa bodumedi—e leng “Babelona o Mogolo”—se “tagilwe ke madi a baitshepi le ke madi a basupi ba ga Jesu.”—Tshenolo 17:1-6.

A bo tlhaloso eno e tshwanela bodumedi thata jang ne jo bo neng jwa dirisana ka botlalo le baeteledipele ba dipolotiki ba lefatshe gore bo boloke tshiamelo ya jone e bo e neilweng! Le fa go ntse jalo, isagwe ya seaka seno se segolo sa tshwantshetso sa bodumedi e tlhomamisegile. Baebele e bolela jaana: “Dipetso tsa gagwe di tla [tla] ka letsatsi le le lengwe, loso le khutsafalo le leuba, mme o tla jewa gotlhelele ka molelo, ka gonne Jehofa Modimo, yo o mo atlhotseng, o nonofile.” Ga go gakgamatse go bo tlhagiso eno ya moengele e potlakile: “Tswang mo go ene . . . fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe”!—Tshenolo 18:4, 7, 8.

Fa morutwa Jakobe a ne a tlhalosa “tumelo e e itshekileng,” o ne a re ke e e ‘se nang selabe se se tswang mo lefatsheng.’ (Jakobe 1:27b) Mo godimo ga moo, Jesu Keresete o ne a bolela jaana ka balatedi ba gagwe ba boammaaruri: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Ka jalo, a o kgona go bona lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba sa inaakanye le ditlhotlheletso tse di senyang tsa dipolotiki tsa lefatshe leno? Ba dira jalo ka gonne ba ikanya tsholofetso eno ya Baebele ka botlalo: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Tsheko e e neng e tshwaretswe kwa Moscow ka February 1999. Basekisiwa (kafa molemeng), moatlhodi (mo gare), basekisi (kafa mojeng)

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Baebele e tlhalosa isagwe ya bodumedi jotlhe