Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Metshameko e e Feteletseng”—A o Tshwanetse go Itsenya mo Kotsing?

“Metshameko e e Feteletseng”—A o Tshwanetse go Itsenya mo Kotsing?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

“Metshameko e e Feteletseng”—A o Tshwanetse go Itsenya mo Kotsing?

“MO MALATSING ANO BA LE BANTSI BA RONA GA RE TLHOLE RE LE BABOGEDI FELA MME LE RONA RE SETSE RE FOFA KA DIPHARATŠHUTE, RE PALAMA DITHABA, RE ITHELEDISA MO METSING A DIPHORORO RE BO RE ITHABUETSA MO METSING A A NANG LE DITLHAPI TSE DIKGOLO THATA.”—LOKWALODIKGANG LWA WILLOW GLEN RESIDENT.

KAKGELO eno e supa mefuta e e ntseng e gola ya metshameko eno. Tsela e go ratiwa ga metshameko e e jaaka go itiga kwa loaping, go itheledisa mo aeseng, go tlola go tswa mo dithoteng ka diparatšhute, le motshameko wa go tlola wa BASE * go golang ka yone, go bontsha gore batho mo lefatsheng ba rata thata go itsenya mo kotsing. Gape ba dirisa dilo tse ba itheledisang ka tsone mo kapokong, dibaesekele tse ba palamang dithaba ka tsone, di-skateboard le ditlhako tse di nang le maotwana go palama dithaba tse di mekgokolosa thata, le mangope a a kwa godimo thata. Jaaka fa makasine wa Time o tlhalosa, tsela e go ratiwa ga “metshameko e e feteletseng” go golang ka yone—metshameko e mo go yone batsayakarolo ba ipayang mo kotsing e e seng kana ka sepe—go bontsha kafa dimilione tse dintsintsi tsa batho di ratang go tsaya karolo ka gone mo “metshamekong e e feteletseng, e go nna kotsi ga yone, go dirisa botswerere mo go yone, le go boifisa ga yone go bonwang ka nako ya fa ba ba tsayang karolo mo go yone ka mafelobeke, mmogo le baatleletiki ba porofeshenale mo go yone ba ntshang bokgoni jotlhe jwa bone.”

Le fa go ntse jalo, tsela e go rata metshameko eno go golang ka yone gape go na le ditlamorago tsa gone tse di diphatsa. Batho ba ba ntseng ba oketsega ka palo ba a gobala fa metshameko e e seng kotsi e tshamekwa ka tsela e e feteletseng. Ka 1997 kwa United States, palo ya batho ba ba neng ba tlhoka go alafelwa dikgobalo tse di bakilweng ke di-skateboard e ne ya oketsega ka diperesente di feta 33, tsa ba ba itheledisang mo kapokong ka diperesente di le 31, ba ba palamang dithaba ka diperesente di le 20. Mo metshamekong e mengwe, ditlamorago di kotsi le go feta, jaaka fa re bona bosupi jwa seno ka palo e e golang ya batho ba ba bolawang ke metshameko e e feteletseng. Batho ba ba buelelang metshameko eno ba itse dikotsi tsa yone. Mosadi mongwe yo o tsayang karolo mo motshamekong wa go thelela ka tsela e e feteletseng mo kapokong o tlhalosa jaana: “Ka metlha ke akanya ka loso.” Motshameki mongwe yo o thelelang mo kapokong wa porofeshenale o sobokanya kgang ka go bolela a re, “fa o sa utlwe botlhoko, go bolela gore ga o iteke ka natla.”

Ka ntlha ya dintlha tseno, Mokeresete o tshwanetse go leba jang go tsaya karolo mo metshamekong e e ntseng jalo? Baebele e ka re thusa jang mo go direng tshwetso ya gore a re tshwanetse go nna le seabe mo metshamekong e e feteletseng? Go sekaseka kgang ya gore Modimo o ikutlwa jang ka boitshepo jwa botshelo go tla re thusa go araba dipotso tseno.

Tsela e Modimo a Lebang Botshelo ka Yone

Baebele e re bolelela gore Jehofa ke “motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Fa a sena go bopa batho, gape o ne a tlhokomela thata gore o re naya se re se tlhokang gore re ipelele botshelo. (Pesalema 139:14; Ditiro 14:16, 17; 17:24-28) Ka jalo, go a utlwala go swetsa ka gore o lebeletse gore re tlhokomele se a se re neileng ka bopelonomi jaana. Melao le melaometheo e a neng a e neile morafe wa Iseraele e re thusa go tlhaloganya ntlha eno.

Molao wa ga Moshe o ne o batla gore motho a tseye dikgato tsa go sireletsa matshelo a ba bangwe. Fa go ne go sa dirwe jalo mme motho a bo a latlhegelwa ke botshelo, motho yo o ka bong a ile a thibela kotsi eno o ne a lejwa a na le molato wa madi. Ka sekai, mong wa ntlo o ne a laelwa gore a age lobotana lo lokhutshwane kgotsa mophakarego, lo lo bidiwang lobotana lo lo thekeletsang, go dikologa borulelo jo bo sephara jwa ntlo ya gagwe e ntšha. Fa a sa dire jalo, ntlo eo e ne e tla nna le molato wa madi fa mongwe a ne a ka wa go tswa kwa borulelong a bo a swa. (Duteronome 22:8) Fa poo e ne e ka tlhaba motho ka tshoganyetso a bo a swa, mong wa poo eo o ne a se kitla a bonwa molato. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa poo e ne e itsiwe e le kotsi e bile mong wa yone a tlhagisitswe ka gone mme a se kile a nna a disitse poo eo sentle, fa poo eo e ne e ka tlhaba mongwe, mong wa yone o ne a kaiwa a le molato wa madi e bile o ne a ka bolawa. (Ekesodo 21:28, 29) E re ka botshelo bo le tlhwatlhwakgolo mo go Jehofa, Molao wa gagwe o ne o bontsha gore o tseela botshelo kwa godimo e bile o a bo sireletsa.

Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba tlhaloganya gore melaometheo eno e ne gape e akaretsa go ipaya mo kotsing. Mo pegong nngwe ya Baebele, Dafide o ne a bolela gore o ne a eletsa go ‘nwa metsi a sediba sa Bethelehema.’ Bethelehema e ne e gapilwe ke Bafilisitia ka nako eo. E rile masole a mararo a ga Dafide a utlwa kopo ya gagwe, a itshukunyetsa mo bothibelelong jwa Bafilisitia, a gelela metsi mo sedibeng sa Bethelehema, a bo a a tlisa mo go Dafide. Dafide o ile a arabela jang? O ne a se ka a nwa metsi ao mme go na le moo, a a tshololela fa fatshe. O ne a re: “A Modimo wa me o go nkiletse, gore ke se ka ka dira selo se; a ke tlaa nwa madi a banna ba, ba ba beileng botshelo jwa bone mo [“kotsing,” NW]? Gonne ba a lerile ka go tsenya botshelo jwa bone mo [“kotsing,” NW].” (1 Ditirafalo 11:17-19) Dafide o ne a se kitla a baya botshelo jwa motho mo kotsing gore a ikgotsofatse.

Jesu le ene o ne a arabela ka tsela e e tshwanang. Go bonala e ne e le mo ponatshegelong fa Diabolo a ne a mo raela gore a itige go tswa kwa setlhoeng sa tempele go bona gore a baengele ba ne ba tla mo sireletsa gore a se ka a gobala. Jesu o ne a arabela jaana: “Ga o a tshwanela go baya Jehofa Modimo wa gago mo tekong.” (Mathaio 4:5-7) Ee, Dafide le Jesu ba ne ba lemoga gore go ne go sa siama mo matlhong a Modimo go dira dilo tse di neng di ka tsenya botshelo jwa motho mo kotsing.

Re akantse ka dikai tseno, re ka nna ra ipotsa ra re ‘Re kgona go bona jang gore ke motshameko ofe o o feteletseng kgotsa o o kotsi? E re ka le e leng boitlosobodutu jo bo tlwaelegileng fela, jo bo seng kotsi gotlhelele, bo ka dirwa ka tsela e e feteletseng, re ka tlhomamisa jang gore re tshwanetse go ya bokgakaleng jo bo kana kang?’

A go Ipaya mo Kotsing Go na Le Mosola?

Go sekaseka ka kelotlhoko mosola wa tiro epe fela e re akanyetsang go e dira go tla re thusa go bona karabo. Ka sekai, re ka nna ra ipotsa jaana, ‘Batho ba ba gobalang mo motshamekong ono ba bantsi go le kana kang? A ke na le dilo tse di tlhokegang tsa go ithapisa kgotsa tse di tla ntshireletsang gore ke se ka ka gobala? Go tla nna le ditlamorago tse di ntseng jang fa ke ka wa kgotsa ya re ke tlola ka relela kgotsa dilo tse ke itshireletsang ka tsone di sa nthuse? A ke tla gobala go le gonnye fela kgotsa a go ka direga gore ke gobale thata kgotsa ke swe?’

Fa Mokeresete wa boammaaruri a ipaya mo kotsing go sa tlhokege a re o itlosa bodutu, seno se ka ama botsalano jwa gagwe le Jehofa mmogo le go tshwanelega ga gagwe go nna le ditshiamelo mo phuthegong. (1 Timotheo 3:2, 8-10; 4:12; Tito 2:6-8) Tota le fa Bakeresete ba tshwaregile mo ditirong tsa boitlosobodutu, ba dira sentle go akanya ka tsela ya Mmopi ya go leba botshelo bo le boitshepo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 BASE e emela building, antenna, span le earth. Motshameko ono wa go tlola go tswa mo dikagong, maborogo, le mangope o lejwa o le kotsi fela thata mo o ileditsweng ke National Park Service kwa United States.