Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se o Ka se Dirang Gore o Tlogele go Goga

Se o Ka se Dirang Gore o Tlogele go Goga

 Se o Ka se Dirang Gore o Tlogele go Goga

FELA jaaka go ntse ka go ithuta go pagama baesekele, go tlogela motsoko ga se selo se o ka se kgonang lekgetlho la ntlha fela fa o leka. Ka jalo fa e le gore o ikemiseditse go tlogela, o tshwanetse wa ipaakanyetsa go nna o leka gangwe le gape go fitlhela o atlega. Fa o ka boela wa goga, o se ka wa tsaya gore o tlholegile. Go lebe e le selo se o ka ithutang sengwe mo go sone, e le go boela kwa morago go le gonnye fela mo go se e ka nnang thulaganyo e e atlegileng. Dingwe tsa dikakantsho tse di thusitseng ba bangwe ke tseno. Di ka nna tsa go thusa le wena.

Baakanya Mogopolo wa Gago Gore o Tlile go Tlogela

■ Sa ntlha, o tshwanetse go ipolelela gore go molemo go tlogela. Kwala lenaane la mabaka a gago a go bo o batla go tlogela, go akaretsa le melemo yotlhe ya gone. Fa o setse o tlogetse, go boeletsa lenaane leno gape go tla nonotsha maikemisetso a gago a go batla go tlogela. Go eletsa go itumedisa Modimo ke selo se segolo thata se se ka go thusang go tlogela. Baebele ya re re tshwanetse go rata Modimo ka mogopolo, pelo, mowa le nonofo yotlhe ya rona. Ga re ka ke ra dira jalo fa re tshwakgotswe ke motsoko.—Mareko 12:30.

■ Sekaseka mekgwa ya gago ya go goga mme o leke go bona gore o goga leng le fa go rileng. O tla go fitlhela go thusa go kwala gore o goga sekerete sengwe le sengwe leng le gone kae mo letsatsing. Seno se tla go thusa gore o bonele pele maemo a a ka dirang gore o raelesege go goga fa o sena go tlogela.

Rulaganya Letsatsi le o Tlileng go Tlogela ka Lone

■ Tlhopha letsatsi le o tlileng go tlogela ka lone, mme o le tshwaye mo khalendareng ya gago. Go molemo gore o tlhophe letsatsi le ka lone o se kitlang o dira dilo tse di tla dirang gore o ikutlwe o gateletswe thata mo maikutlong. Fa letsatsi leo le fitlha, tlogela gotlhelele—ka yone nako eo, ka mo go feletseng.

■ Pele ga letsatsi le o tlileng go tlogela ka lone le fitlha, latlha dilwana tse o latlhelang molora wa motsoko mo go tsone, le mekgwaro. Tlhatswa diaparo tsotlhe tsa gago tse di nkgang mosi wa motsoko.

■ Kopa badirimmogo, ditsala le ba losika gore ba go thuse ba go kgothatse mo maitekong a gago a go tlogela. O se ka wa tshaba go kopa ba bangwe gore ba se ka ba goga mo pele ga gago.

■ Rulaganya dilo tse o tla di dirang ka letsatsi le o tlileng go tlogela ka lone. O ka nna wa ya golo gongwe koo go goga go sa letlelelwang gone, jaaka kwa musiamong kana kwa lefelong la go bogela dibaesekopo. Gape  o ka ikatisa—o ka thuma, kana wa kgweetsa baesekele kana wa tsamaya sekgala se seleele ka dinao.

Go Lebana le Mathata a go Tlogela Motsoko

Fa e le gore o goga thata, go ka direga gore o nne le mathatanyana mangwe a a tsamaisanang le go bo o tlogela motsoko, a a tlileng go simolola diura di sekae morago ga gore o goge sekerete sa bofelo. One a ka nna a akaretsa go serwa ke sengwe le sengwe fela, go fela pelo, go se nne botsalano, go tlhobaela, go tshwenyega thata mo maikutlong, go tlhorega boroko, go sa ritibale, go eletsa dijo thata le go eletsa disekerete. Gongwe ngaka ya gago e ka nna ya go naya ditlhare dingwe tse di tla thusang go okobatsa dilo tseno. Mo godimo ga moo, go na le dilo tse o ka di dirang go go thusa go fenya ntwa eno.

■ Mo dibekeng di sekae tsa ntlha tse di thata, ja dijo tse di nang le dikilojoule tse di kwa tlase, mme o nwe metsi a mantsi. Bangwe ba go fitlhetse go thusa go janyana merogo e e sa apewang, e e tshwanang le digwete kana seleri. Fa o ikatisa, seo se tla go thusa gore o se ka wa nna mokima e bile se tla okobatsa go sa ritibala mo maikutlong.

■ Tswa mo mafelong kana mo maemong a a tla dirang gore o raelesege go goga.

■ Lwantsha megopolo e e sa siamang e e ka dirang gore o raelesege go goga. Batho ba ba tlogelang motsoko gantsi ba tlelwa ke megopolo e e tshwanang le eno: ‘Ke tla goga gompieno fela gore ke kgone go feta fela mo nakong e e thata eno.’ ‘Go goga ke sone fela selo se se sa siamang se ke se dirang!’ ‘Motsoko ga o ka ke wa bo o le maswe go le kalo kalo; batho bangwe ba ba gogang bobe ba kgona go tshela go fitlha ba feta dingwaga di le 90.’ ‘Ke ne ke ntse ke tlile go bolawa ke sengwe.’ ‘Botshelo ga bo monate kwantle ga motsoko.’

■ Fa o tloga o ineela, emanyana go sekae pele. Fa o ka letanyana metsotso e le lesome fela, keletso eno e e feteletseng e ka nna ya feta. Ka dinako tse dingwe o ka nna wa ikutlwa o fekeetswa ke kgopolo ya gore ga o kitla o tsamaya o goga gape. Fa o ikutlwa ka tsela eo, akanya ka go tlogela gompieno fela.

■ Fa o batla go direla Modimo, rapela gore a go thuse. Mmopi wa rona yo o lorato o kgona go naya ba ba lekang go tshela tumalanong le thato ya gagwe “thuso ka nako e e leng yone.” (Bahebera 4:16) Mme o se ka wa lebelela dikgakgamatso. O tshwanetse go dira tumalanong le dithapelo tsa gago.

Dira Gore O se Ke wa Tlhola o Boela Gape Kwa Motsokong

■ Dikgwedi tse tharo tsa ntlha ke dikgwedi tse di boima thata, mme le e leng morago ga moo, fa go kgonegang teng, o tshwanetse go tswa mo bathong ba ba gogang le mo maemong a a ka nnang a dira gore o raelesege go goga.

■ O se ka wa itsietsa ka go ipolelela gore o ka kgona go goga sewelo fela, le eleng fa o sena go emisa go goga ka lobaka lwa ngwaga kana go feta.

■ Emelana le thaelo ya go goga “sekerete se le sengwe fela.” Se le sengwe fela se ka nna sa dira gore o goge le tse dingwe, mme go ise go ye kae o tla bo o dirolotse matsapa otlhe a o a tsereng o leka go tlogela. Le fa go ntse jalo, fa o koafala thata o bo o feleletsa o gogile sekerete, ga go tlhokege gore o goge se sengwe. Fa o ka goga, tlogela gape.

Batho ba le dimilionemilione ba ba neng ba goga ba kgonne go tlogela. Fa o ikemiseditse mme o sa ineele, le wena o ka kgona go tlogela!