KAROLO 3
Tsela ya go Rarabolola Mathata
“Ratanang ka lorato lo logolo, ka gonne lorato lo bipa maleo a le mantsi.”—1 Petere 4:8
Fa wena le molekane wa gago lo simolola botshelo mmogo, go tla nna le mathata a a farologaneng. A ka bakwa ke gore tsela e lo akanyang ka yone, e lo ikutlwang ka yone le e lo godisitsweng ka yone e farologane. Kgotsa a ka bakwa ke dilo tse dingwe le ditiragalo tse di sa lebelelwang.
O ka nna wa leka go itlhokomolosa mathata ano, mme Baebele e re gakolola gore re rarabolole mathata a rona. (Mathaio 5:23, 24) Fa o dirisa melaometheo ya Baebele, o tla bona ditsela tse di molemo tsa go rarabolola mathata.
1 BUANG KA BOTHATA
SE BAEBELE E SE BUANG: “[Go] na le . . . nako ya go bua.” (Moreri 3:1, 7) Ipheng nako ya go bua ka bothata. Bolelela molekane wa gago o sa fitlhe sepe kafa o ikutlwang ka gone le gore o akanya eng ka kgang e lo tlotlang ka yone. ‘Bua boammaaruri’ le molekane wa gago ka metlha. (Baefeso 4:25) Le fa o galefile, lwantsha boikutlo jwa go lwa. Go nna bonolo fa o araba go ka thusa gore motlotlo wa lona o se ka wa felela ka ntwa.—Diane 15:4; 26:20.
Tota le fa lo sa dumalane, nna pelonomi mme o bontshe molekane wa gago gore o a mo rata e bile o a mo tlotla. (Bakolosa 4:6) Lekang go rarabolola bothata ka bonako jo bo kgonegang, mme lo se ka lwa kgaotsa go buisana.—Baefeso 4:26.
SE O KA SE DIRANG:
-
Bayang nako ya go tlotla ka bothata
-
Lwela go sa tsene yo mongwe ganong fa a bua. Le wena o tla nna le tshono ya go bua
2 REETSA MME O LEKE GO TLHALOGANYA
SE BAEBELE E SE BUANG: “Bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) Tsela e o reetsang ka yone e botlhokwa. Ka “bopelotlhomogi . . . le boikokobetso” leka go tlhaloganya kafa molekane wa gago a ikutlwang ka gone. (1 Petere 3:8; Jakobe 1:19) O se ka wa itira e kete o reeditse mme o sa reetsa. Fa go kgonega, tlogela se o se dirang mme o reetse molekane wa gago ka tlhoafalo kgotsa o mo kope gore lo tlotle ka kgang eo moragonyana. Dira gore a bone gore o mo tsaya e le molekane wa gago e seng moganetsi gore o “se ka wa itlhaganelela go kgopisega.”—Moreri 7:9.
SE O KA SE DIRANG:
-
Tswelela o reeditse ka kelotlhoko le fa se o se utlwang se sa go itumedise
-
Fa molekane wa gago a bua, leka go tlhaloganya se tota a se kayang. Ela tlhoko gore segalo sa lentswe la gagwe le tsela e a itshwarang ka yone di kaya eng
3 DIRANG SE LO DUMALANENG KA SONE
SE BAEBELE E SE BUANG: “Letsapa la mofuta mongwe le mongwe le solegela molemo, mme lefoko la dipounama le gogela kwa letlhokong.” (Diane 14:23) Ga go a lekana go dumalana fela ka tshwetso e e molemo. Dirang se lo dumalaneng ka sone. Seno se ka tlhoka gore lo dire ka natla mme se tla lo solegela molemo. (Diane 10:4) Fa lo dira mmogo, lo tla nna le “maduo a a molemo” a tiro ya lona ya bonatla.—Moreri 4:9.
SE O KA SE DIRANG:
-
Dirang tshwetso ya gore mongwe le mongwe wa lona o tla tsaya dikgato dife go rarabolola bothata
-
Nnang lo sekaseka gore lo dira jang ka se lo dumalaneng ka sone