A o na le dipotso ka botshelo, loso kgotsa bokamoso? O ka bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno le dikarabo tsa dipotso tse dingwe! O ka di bona kae?
Lefatshe la rona le tletse ka dilo tse dintle. Ga a dira gore le nne gaufi thata le letsatsi kgotsa kgakala thata le lone, gape o ile a dira gore le dikologe ka lobelo lo lo lekaneng. Goreng Modimo a ile a tsaya matsapa a makanakana go dira gore lefatshe le nne lentle thata jaana?
Baebele e thusa batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe go bona dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa thata mo botshelong. A o ka rata go nna mongwe wa bone?