Kafa Boroutšhara Jono Bo ka Go Solegelang Molemo ka Gone
Boroutšhara jono bo tla go thusa gore o itumelele go ithuta Lefoko la Modimo, Baebele. Ditemana tse di tlhagang kwa bofelong jwa serapa sengwe le sengwe di bontsha gore ke kae mo Baebeleng ya gago mo o ka bonang dikarabo tsa dipotso tse di nang le dinomoro.
Fa o ntse o sekaseka ditemana tseo, ela tlhoko kafa di arabang dipotso tseo ka gone. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go tlhaloganya bokao jwa Ditemana tseo.—Bala Luke 24:32, 45.
Ela tlhoko: Dikgatiso tsotlhe tse di umakilweng mo boroutšhareng jono di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.