THUTO 1
Dikgang Tse di Molemo ke Eng?
1. Dikgang tse di tswang kwa Modimong ke eng?
Modimo o batla gore batho ba itumelele botshelo mo lefatsheng. O bopile lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone ka gonne a rata batho. Go ise go ye kae, o tla tsaya kgato go direla batho isagwe e e itumedisang mo lefatsheng lotlhe. O tla golola batho mo dilong tse di ba bogisang.—Bala Jeremia 29:11.
Ga go puso epe e e kileng ya kgona go fedisa thubakanyo, bolwetse kgotsa loso. Mme gone, go na le dikgang dingwe tse di itumedisang. Go ise go ye kae, Bogosi jwa Modimo bo tla busa mo boemong jwa dipuso tsotlhe tsa batho. Babusiwa ba bogosi joo ba tla itumelela go tshela ka kagiso ba na le botsogo jo bo siameng.—Bala Isaia 25:8; 33:24; Daniele 2:44.
2. Ke eng fa dikgang tse di molemo di le botlhokwa jaana gompieno?
Pogo e tla fela fa Modimo a fedisa batho ba ba bosula mo lefatsheng. (Sefania 2:3) Seo se tla direga leng? Lefoko la Modimo le ne la bolelela pele ka maemo a a utlwisang botlhoko a batho ba lebanang le one gompieno. Dilo tse di bosula tse di diregang gone jaanong di bontsha gore nako ya gore Modimo a tseye kgato e gaufi.—Bala 2 Timotheo 3:1-5.
3. Re tshwanetse go dira eng?
Re tshwanetse go ithuta ka Modimo go tswa mo Lefokong la gagwe, Baebele. Le tshwana le lekwalo le le tswang kwa go rre yo o lorato. Le re bolelela gore re ka itumelela botshelo jang gone jaanong le kafa re ka tshelelang ruri ka gone mo lefatsheng mo isagweng. Ke boammaaruri gore batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba itumelela go go bona o ithuta Baebele. Mme gone, e re ka Modimo a re solofetsa isagwe e e botoka, ga re a tshwanela go letla ope a re thibela go ithuta Baebele.—Bala Diane 29:25; Tshenolo 14:6, 7.