Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

INDONESIA

Re ne Ra Gana go Itatola Tumelo

Daniel Lokollo

Re ne Ra Gana go Itatola Tumelo
  • O TSHOTSWE KA 1965

  • O KOLOBEDITSWE KA 1986

  • DINTLHA KA GA GAGWE Mmulatsela yo o kgethegileng yo o neng a nna a nitame le fa a ne a bogisiwa.

KA April 14, 1989, kwa Maumere, Flores Island, badiredipuso ba ne ba tsena mo ntlong fa ke ntse ke tshwere pokano ba bo ba re tshwara re le banè.

Batlhokomedi ba kwa kgolegelong ya Maumere ba ne ba leka go re pateletsa go dumedisa folaga. Fa re gana ba ne ba re itaya, ba re raga ba bo ba dira gore re eme malatsi a le matlhano mo mogoteng wa letsatsi. Re ne re lala re roroma bosigo, re robetse mo samenteng mo diseleng tse dinnye, re le leswe, re lapile e bile re le mo ditlhabing. Motlhokomedi yo o okametseng o ne a nna a re re obamele folaga mme rona re ne ra re: “Re a go swa re sa obamela folaga eo.” Fela jaaka Bakeresete ba le bantsi pele ga rona, re go tsaya e le tshiamelo “go boga ka ntlha ya tshiamo.”1 Pet. 3:14.