Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016

Bala ka tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e fitlheletseng ka 2015 le ka hisitori ya bone ya kwa Indonesia.

Temana ya Ngwaga ya 2016

Bahebera 13:1 e a re kgothatsa le go re akgola.

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Molaetsa ono o o kgothatsang o bontsha kafa website ya jw.org, JW Broadcasting, dikolotsana tsa dikgatiso le Dikopano Tsa Tikologo tsa 2015 e leng ditshegofatso ka gone.

“Re Rata JW Broadcasting Fela Thata!”

Seteishene seno sa thelebishene ya Internet se rulagantswe jang?

Go Potlakisa Tiro ya go Aga Diholo Tsa Bogosi

Go dirilwe diphetogo tse di tla thusang gore go agiwe diholo di le dintsi tse di tlhokegang.

Porojeke ya Kwa Warwick e Tsamaya Jang?

Bona gore go agiwa ga ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa go ntse go tsamaya jang.

Go Rerela Batho ba go Seng Motlhofo go ba Fitlhelela

Ke eng se se dirileng gore Terry a dumele gore se Basupi ba ga Jehofa ba neng ba se bua ke karabo ya thapelo ya gagwe?

Lesedi le Nna le Phatsimela Pele

Mo karolong eno, bona kafa Jehofa a phatsimisang ka gone tsela ya baobamedi ba gagwe ba boammaaruri.

Go Neelwa ga Makala

Basupi ba ga Jehofa kwa Madagascar le kwa Indonesia ba ne ba segofadiwa tota mo masimologong a 2015.

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Dipuo Tse di Oketsegileng

Go ne ga gololwa Dibaebele di le 16 ka ngwaga wa tirelo wa 2015.

Pego ya Tsa Molao

Go sa ntse go lwelwa go fedisa go tlhaolwa ka bodumedi mo lefatsheng.

Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Se se neng se le mo lebokoseng la ga Ken la sephiri se thusitse gore go agiwe Holo ya Bogosi.

Afrika

Basupi ba dirisa mefuta efe go rera dikgang tse di molemo?

Dinaga Tsa Amerika

Goreng mosadi mongwe a ne a ithuta Baebele ka kerese kwa nageng? Goreng kgosi e e galefileng ya Mo-Amerindia e ne e letetse Basupi? Mme ke eng fa motho yo e neng e le mmogisi a ne a lela?

Asia le Botlhabagare

Ga go sepe se se thibelang bareri ba Bogosi—e ka ne e le bokoa mo mmeleng kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong.

Yuropa

Monna wa Mo-Roma, legolegwa le mosadi yo o neng a batla go ipolaya ba itumelela molaetsa wa boammaaruri.

Oceania

Ditafole tsa dikgatiso, dikolotsana tsa dikgatiso, website ya jw.org le dibidio di jala peo ya boammaaruri mo bathong ba le makgolo go ya go ba le diketekete!

Tlhaloso e Khutshwane ka Indonesia

Bala tlhaloso e khutshwane ka batho, naga le setso sa Indonesia.

Kgwebo ya Ditswaiso

Ka lekgolo la bo16 la dingwaga, kgwebo ya ditswaiso e ne ya nna le seabe se segolo thata mo ikonoming ya lefatshe lotlhe.

Ke Batla go Simolola Fa!

Barekisi ba dibuka (babulatsela) ba ba pelokgale ba ba neng ba tswa Australia, ba ne ba lebana le dikgwetlho gore ba kgone go rera mo Indonesia.

Mekgwa ya Bogologolo ya go Rera

Go rera ka radio le ka sekepe go ne ga tena ba ba neng ba le kgatlhanong le boammaaruri kwa Indonesia.

Mokgatlho wa Bibelkring

Mokgatlho ono wa bodumedi o ne o theilwe mo dikgatisong tsa Basupi ba ga Jehofa mme o ne wa felela o dira dilo go ya ka dikgopolo tsa batho.

O ne A Rata Boammaaruri

Dirukutlhi di ne tsa senya kwa ga Thio Seng Bie a ntse a ba lebeletse mme di ne tsa mo tlogelela sengwe sa botlhokwatlhokwa.

Peo e a Mela Kwa Java Bophirima

Basupi ba ne ba dirisa botlhale gore ba tswelela ba rera fa dikgatiso tsa bone di ntse di thibelwa ka iketlo.

Puso ya Bajapane

Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Basupi bangwe ba ne ba bona tsela ya go ikwadisa mo pusong ya Bajapane ntle le go ikamanya le dipolotiki.

Mmulatsela yo o Pelokgale

André Elias o feditse dingwaga di le 60 a thokgame le fa a ne a botsolodiwa e bile tshosediwa.

Barongwa ba a Goroga

Barongwa ba ntlha go goroga ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba thusitse go tsweletsa pele tiro ya go rera kwa Indonesia.

Tiro e a Gola Kwa Botlhaba

A maiteko a baruti a ne a atlega mo lekgetlong leno?

Barongwa ba Bangwe ba a Goroga

Mo magareng ga dingwaga tsa bo1970, maemo a ne a nna maswe go ka rera dikgang tse di molemo.

Morwadie Sara

Titi Koetin o ne a ikobela monna wa gagwe ka boitumelo mme o ne a segofadiwa fela thata.

Kopano E e Sa Lebalesegeng

Kopano ya 1963 ya “Dikgang Tse di Molemo Tsa Bosakhutleng” e ne ya tshwarwa le fa go ne go na le dikgwetlho di le dintsi.

Ke Falotse Ntwa ya Bakomonise

Lebitla la ga Ronald Jacka le ne le setse le epilwe.

Dingwaga di le 50 e le Mmulatsela yo o Kgethegileng

Ka 1964, moruti wa kereke ya Porotesetanta o ne a tshosetsa Basupi ka go re o tlile go ba fedisa mo Manokwari. A o ne a atlega?

Sekebekwa se a Fetoga

Mokaedi wa Lefapha la Intelligence o ne a botsa jaana: “Totatota Basupi ba ga Jehofa ba dira eng mo Indonesia?”

Ba ne Ba Ikemiseditse go Gatela Pele

Ke eng fa bangwe ba ne ba re, “Basupi ba ga Jehofa ba tshwana le dipekere”?

Ga ba A ka Ba Lesa go Phuthega Mmogo

Fa thibelo ya Basupi ba ga Jehofa e tlosiwa, modiredipuso mongwe o ne a re: “Setlankana seno sa go le kwadisa ga se lo neye kgololosego ya kobamelo.”

Lorato Lwa Bokeresete ka Dinako Tsa Mathata

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna bonako go namola ba ba amilweng ke thoromo ya lefatshe ya kwa Gunungsitoli.

Re ne Ra Gana go Itatola Tumelo

Daniel Lokollo o gakologelwa tsela e a neng a bogisiwa ke batlhokomedi ba kgolegelo ka yone.

Go Ikobela Ditaelo go Bolokile Matshelo a Rona!

Dikgotlhang magareng ga Bamoseleme le Bakeresete kwa Indonesia di ne tsa ketefaletsa Basupi ba ga Jehofa matshelo.

Tiro e a Oketsega

Fa thibelo e sena go tlosiwa, bakaulengwe ba ne ba solegelwa molemo ke dilo tse tharo.

Go Nna Motlotlo ka Leina la ga Jehofa

Basupi ba ga Jehofa ba kgonne jang go dira gore mekgwa le setso di se ka tsa ba thibela go rera ka bopelokgale?

Ofisi ya Lekala E e Mo Marung

Barongwa ba ba neng ba batla lefelo le ba ka rerang kwa go lona ba le bone.

Jehofa o re Segofaditse go Feta Selekanyo!

Phuthego ya kwa Tugala Oyo, Indonesia, e ne ya segofadiwa ke Jehofa ka tsela e e neng e sa e lebelela.

Kgabagare re Kopane!

Kwa Indonesia, bana ba motho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ne ba kgaogana ba sa le bannye. Ba kopantswe ke boammaaruri.

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1916

Se se diragetseng kwa bowelong jwa ngwaga wa 1916 se ne se bontsha se le botlhokwa thata mo Baithuting ba Baebele.

Dipalogotlhe Tsa 2015

Ke matsapa afe a re a tsereng go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo e bile re ne re dirisa didirisiwa dife?

Segopotso sa Loso Lwa ga Jesu Keresete—Labotlhano, April 3, 2015

Letsholo la dibeke di le nnè le nnile le diphelelo tse di molemo.