Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Oceania

Oceania
  • DINAGA 29

  • PALO YA BAAGI 40 208 390

  • BABOLEDI 97 583

  • DITHUTO TSA BAEBELE 64 675

Ba Tlogetse Dikgetsana Tsa Dikgatiso

Ga go ise go rerwe dikgang tse di molemo kwa ditlhaketlhakeng di le dintsi tsa Micronesia, ka jalo setlhopha sa baboledi sa kwa Marshall Islands se ne sa rulaganya loeto lwa dibeke tse pedi ka mokoro. Ba ne ba emelela go tswa kwa setlhaketlhakeng sa Majuro ba ya kwa go sa Wotje le sa Ormed tse di mo Wotje Atoll.

Pele ga ba tsamaya ba ne ba dira dikgetsana tsa dikgatiso gore ba  tle ba kgone go neela bosupi ka botlalo. Kgetsana nngwe le nngwe e ne e na le dimakasine di le nnè le diboroutšhara di le pedi. E re ka baboledi ba ne ba sa itse gore ba tla boela leng kwa ditlhaketlhakeng tseno, ba ne ba tlogelela batho ba ba kgatlhegang kgetsana ba bo ba ba kgothaletsa gore ba di bale le ba masika le ditsala. Mo dibekeng tseo tse pedi, ba tsamaisitse diboroutšhara di le 531, dimakasine di le 756 le dibuka di le 7.

“Re a Lo Leboga Ka go Sa re Lebale”

Ka February 2014, Basupi ba le barataro go tswa kwa Papua New Guinea ba ne ba tsaya leoto lwa malatsi a le lesome go ya go rera kwa metseng ya Karkar Island, e leng setlhaketlhake se se nang le lekgwamolelo. Ba kopane le batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang mme ba tsamaisa dikgatiso di le 1 064. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Relvie o ne a re: “Mo letsatsing la ntlha re le mo bodireding, re ne re sa ntse re rera motshegare ka ura ya boraro. Ka nako eo, re ne re feletswe ke metsi, re lapile ditlhaa e bile melomo ya rona e omeletse ka ntlha ya go bua thata. Fa ke ntse ke buisana le mosetsana mongwe, ke ne ke batla go mmalela temana mme ka ntlha ya lenyora ke ne ka palelwa. O ne a nnaya metsi ka bonako.”

Mo bosigong jwa bone jwa bofelo mo motseng mongwe, go ne ga nna le kokoano ya Basupi le baagi ba motse mme baruti ba dikereke ba ne ba le teng. Relvie a re: “E ne e kete ke Setefane a eme fa pele ga Sanehederine a femela boammaaruri, pharologano fela ke gore bareetsi ba rona ba ne ba le botsalano.” Baboledi botlhe ba ne ba nna le tshono ya go bua. Fa ba sena go bua, mongwe yo o tsenang kereke ya Lutere, yo gape e neng e le setlogolo sa  kgaitsadi mongwe, o ne a ema a bo a leboga mmamogoloagwe go bo ba tlisitse boammaaruri mo motseng. O ne a re: “O nkgopotsa mosadi wa Mosamarea yo o neng a ya go bolelela ba lelapa la gagwe ka se a se rutilweng ke Jesu. Re a lo leboga ka go sa re lebale.”

“Ba sa Le Bana Gore ba ka Bua ka Modimo”

Kiribati: Teariki le Tueti

Teariki ke mosimanyana wa dingwaga di le supa yo o nnang kwa setlhaketlhakeng sa Tarawa se se mo Kiribati. Moso mongwe fa a le mo bodireding le rraagwe e bong Tueti, ba ne ba tsena mo ntlong e e neng e na le setlhopha sa banna le basadi ba le lesome ba ba mo dingwageng tsa bo20. Fa rraagwe Teariki a sena go neela bosupi, mongwe wa bone o ne a raya Tueti a re: “Re a bona gore lo tsamaya le bana ba lona fa lo ya go rera. Kante ke eng fa lo tsamaya le bone? Ba sa le bana gore ba ka bua ka Modimo.”

Tueti o ne a re: “A lo ka rata go bona gore a ngwanake o na le bokgoni? E re ke tswele kwa ntle lo bo lo sala lo mo reeditse.” Botlhe ba ile ba re: “Ee, tla re mo utlwe.”

Fa Tueti a sena go tswela kwa ntle, Teariki o ne a sala a ba botsa jaana: “A lo itse leina la Modimo?”

Yo mongwe o ne a re ke Jesu, yo mongwe a re ke Modimo mme yo mongwe a re ke Morena.

Teariki o ne a re: “A re utlwe gore Baebele yone ya reng. A re baleng Isaia 42:5.” Fa ba sena go bala temana eno o ne a re: “Temana eno e bua ka mang?”

Mosetsana mongwe wa mosha o ne a re: “E bua ka Modimo.” Teariki o ne a re: “Ee, e bua ka Modimo wa boammaaruri. A re bale mafoko a Modimo wa boammaaruri a a mo temaneng ya borobedi. ‘Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me; mme ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me.’ A lo kgonne go utlwa gore leina la Modimo ke mang?”

Ba ne ba re: “Ke Jehofa.”

 E rile a bona gore mongwe le mongwe o ne a reeditse ka tlhoafalo, Teariki o ne a botsa jaana: “Goreng re tshwanetse go dirisa leina la Modimo? A re baleng Ditiro 2:21 go bona karabo, ya re, ‘Mme mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.’ Goreng re tshwanetse go dirisa leina la Modimo?”

Mosha mongwe mo setlhopheng o ne a re: “Gore re bolokwe.”

Jaanong rraagwe Teariki o ne a boela mo ntlong. O ne a ba botsa jaana: “Jaanong lo akanyang? A bana ba rona ba na le bokgoni jwa go rera? A go siame gore re tle le bone?” Botlhe ba ne ba dumela gore bana ba na le bokgoni jwa go rera le gore go siame gore ba ka tsamaya le batsadi ba bone  fa ba ya go rera. Tueti o ne a re: “Fa lo ka ithuta Baebele, le lona lo ka kgona go bolelela ba bangwe ka yone fela jaaka Teariki.”

Dikgang Tse di Molemo di Rerwa Kwa Motseng o o Dithaba

Jean-Pierre o direla kwa ofising ya thanolo ya Port-Vila e e kwa Vanuatu. Ka November 2013, Jean-Pierre o ne a ya kopanong ya potologo kwa gabone ka sefofane. Fa Jean-Pierre a le kwa setlhaketlhakeng se sefofane se gorogetseng teng, o ne a kopana le batho ba ba tswang kwa karolong ya borwa jwa setlhaketlhake ba ba neng ba mo kopa dikgatiso. O ne a ba naya bontsi jwa dimakasine tse a neng a di tshotse. Moruti mongwe le ene o ne a tla go mo kopa dimakasine. Moruti o ne a mo kopa gore a ba etele kwa motseng a re: “Re nyoretswe lefoko la Modimo. Re na le dipotso tse dintsi, o tle kwa motseng wa rona go tla go di araba.” Morago ga kopano, Jean-Pierre o ne a phakelela kwa motseng oo. Kgabagare o ne a goroga kwa setlhoeng sa thaba, kwa motse o leng gone. Baagi ba motse ba ne ba mo amogela ka lorato mme moragonyana a tlotla le bone a dirisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 38 ya setlhogo se se reng, “A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?” O ne a reeditswe ke batho ba ka nna 30 mme a ba kgothaletsa gore ba ipalele mo Dibaebeleng tsa bone. Motlotlo wa bone o tsere diura di ka nna supa. Eleruri baagi ba motse ba ne ba nyorilwe! Rre mongwe wa dingwaga di le 70 o ne a re: “Ke gola ke nna kana mme ga ke ise ke utlwe kgang ya baswi e tlhalosiwa ka tsela e e utlwang sentle jaana!”

Jean-Pierre o ne a lala kwa motseng ono. O ne a robetse mo phaposing e le nngwe le moruti. E rile a tsoga mo mosong o ne a fitlhela moruti a bala makasine wa rona. Jean-Pierre o ne a mmotsa gore o bala eng, mme o ne a mmolelela gore o bala ka Bogosi Jwa Modimo. O ne a re jaanong o a tlhaloganya gore Bogosi Jwa Modimo bo ne bo se mo dipelong  tsa Bafarasai ba Jesu a neng a ba kgala mo go Luke 17:21, ka jalo kereke ya gagwe ga e rute boammaaruri fa e re Bogosi Jwa Modimo bo mo dipelong tsa batho. Jean-Pierre o ne a boela kwa Port-Vila mme o sa ntse a tlotla le baagi ba kwa thabeng ka founo. Bakaulengwe ba bararo ba ba tswang mo phuthegong e e gaufi le thaba ba ne ba ithaopela go ya koo go ya go tshwara Segopotso mme go ne ga tla batho ba le 109.

Vanuatu