Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Pokano e Kgolo go Gaisa Tsotlhe Tsa Basupi ba ga Jehofa

Pokano e Kgolo go Gaisa Tsotlhe Tsa Basupi ba ga Jehofa

KA Matlhatso, October 5, 2013, batho ba le 257 294 ba ne ba bogetse pokano ya bo129 ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Bangwe ba ne ba le gone ka sebele mme ba bangwe ba gokagantswe ka Internet mo dinageng di le 21. Moragonyana mo mafelobekeng ao, Basupi ba bangwe ba ne ba leba thulaganyo eno e e rekotilweng. Palogotlhe ya ba ba nnileng gone e ne ya nna 1 413 676 mo dinageng di le 31. Pokano eno e ne e feta epe e Basupi ba ga Jehofa ba kileng ba e tshwara.

Fa e sa le ka bo1920, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba gasa dikopano tsa bone mo lefatsheng lotlhe ka founo le radio. Mo motlheng ono, thekenoloji le Internet di letla batho, tota le ba ba kwa mafelong a a kgakalakgakala, go utlwa le go bona ditiragalo ka nako e di diragalang ka yone kgotsa moragonyana.

Bakaulengwe mo makaleng a le mmalwa ba feditse lobaka lo lo fetang ngwaga ba rulaganya ditsela tsa go gokaganya batho ka Internet. Ka mafelobeke a pokano eo, ba setegeniki ba ne ba tlhokometse thulaganyo ba le mo lefelong le go gasiwang go tswa mo go lone kwa Brooklyn, New York. Thulaganyo e ne e bontshiwa mo mafelong a a nang le dinako di le 15 tse di farologaneng.