Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1915

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1915

 TORA YA TEBELO ya March 1, 1915 e ile ya re: “Eno ke nako ya teko. A re ntse re tlhagafaletse go ya legodimong ka 1914 kgotsa a ke ka gonne re rata MORENA, Molaetsa wa Gagwe le bakaulengwe ba rona?” Ka 1915, Baithuti ba Baebele ba ne ba swabile nko go feta molomo fa batho mo lefatsheng bone ba le mo ntweng.

Yuropa e ne e aparetswe ke Ntwa e Kgolo e moragonyana e neng ya bidiwa Ntwa ya Lefatshe I. Go ne go na le dibetsa tse disha tsa ntwa tse di neng di dirisiwa mme batho ba le bantsi ba ne ba amiwa ke tsone. Ka sekai, ka 1915 dikepe tsa Bajeremane tse di tsamayang ka fa tlase ga metsi di ne di tsena di tswa kwa Great Britain. Ka May 7, 1915, sengwe sa dikepe tseo se ne sa nwetsa Lusitania, sekepe se se tsamaisang batho sa Boritane. Go sule batho ba feta 1 100.

Boitlhaodi

Baithuti ba Baebele ba ne ba sa batle go nna le seabe mo ntweng eno. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ise ba tlhaloganye kgang ya boitlhaodi jwa Bakeresete ka botlalo. Le fa ba ne ba patelediwa go tsenela bosole, bangwe ba ne ba ya go ikwadisa mme ba kopa ditiro tse di sa amaneng le ntwa. Ba bangwe ba ne ba akanya gore fa ba ka patelediwa go ya ntweng, ba tla thuntshetsa fela mo phefong gore ba se ka ba bolaya motho.

Tora ya Tebelo ya July 15, 1915, e ne ya bega ka lesole la Mo-Hungary, le le neng la kolobediwa le sa ntse le ikoka matsadi mme moragonyana la boela kwa ntweng. Pego e ne ya re: ‘Masole a Hungary a ne a le dimetara di le 240 gaufi le masole a Russia mme ga tswa taelo e e neng e re, “Tlhaselang!” Mokaulengwe yono o ne a le kwa morago ga masole a mangwe ka fa molemeng. Maikaelelo a gagwe e ne e le go iphemela kgatlhanong le mmaba, ka jalo a  ipolelela gore o tla ntsha tlhobolo fela mo seatleng sa Mo-Russia yo o neng a mo tsogologela. Ka yone nako eo, o ne a bona gore Mo-Russia le ene o batla go dira se se tshwanang . . . Mo-Russia o ile a digela tlhobolo ya gagwe fa fatshe a lela mo go botlhoko. Mokaulengwe wa rona o ne a atamela motho yo a neng a tsaya gore ke mmaba wa gagwe mme a lemoga gore o tsentse betšhe ya Sefapaano le Serwalo. Mo-Russia le ene e ne e le mokaulengwe!’ *

Kgatiso ya Tora ya Tebelo ya September 1, 1915, e ne e na le setlhogo se se buang ka boitlhaodi jwa Bakeresete, se se reng “Bakeresete le Ntwa.” Se ne sa re: “Go ikwadisetsa bosole le go apara diaparo tsa sesole, go bontsha gore motho o ikemiseditse go dira ditiro tsotlhe tsa sesole. . . . A ruri Mokeresete a ka nnisega mo maemong a a ntseng jalo?” Go ne ga bonala fa nako e ntse e ya gore Bakeresete ga ba a tshwanela go nna le seabe gotlhelele mo ntweng.

Go Dirwa Diphetogo Kwa Ntlokgolong

Ka 1915, go ne ga nna le mathata a madi kwa Bethele ya kwa New York, ka jalo maloko a le 70 a ne a tshwanelwa ke go ya tshimong. Ba ne ba bolelelwa jaana: “Re tshwanetse go fokotsa ditshenyegelo tsa rona ka gonne ga re a tshwanela go itsenya mo dikolotong kgotsa go kgoreletsa tiro eno ka tsela epe.”

Clayton J. Woodworth le bakaulengwe ba babedi ba ile ba saena lekwalo la “Ba le 70 ba ya Tshimong.” Lekwalo leno le ile la tsenngwa mo kgatisong ya Tora ya Tebelo ya May 1, 1915. Ba ba neng ba ya tshimong ba ne ba tlhalosa gore “ba tsamaya ka dipelo tse di tletseng boitumelo le tebogo ka ntlha ya masego a ba itumeletseng one fa ba direla kwa Bethele.”

 Le fa phetogo eno e ne e se motlhofo, go ya tshimong go ne go tla naya bakaulengwe tshono ya go bontsha gore tota ba ikanya mang. A ba ne ba tla tswelela ba ikanyega mo Modimong kgotsa a ba ne ba tla galefa? Mokaulengwe Woodworth o ne a tswelela ka tiro ya go rera mme moragonyana a boela Bethele. Ka 1919, o ne a nna morulaganyi wa ntlha wa The Golden Age, makasine o gompieno o bidiwang Tsogang! O ne a nna morulaganyi wa one go fitlha ka 1946.

Ditshono Tsa go Direla

Tora ya Tebelo e ne ya rotloetsa bakaulengwe gore ba tswelele ba rera mo ngwageng oo o o thata. Go ne ga lebisiwa tlhokomelo kwa bathong ba ba kileng ba kgatlhegela molaetsa wa Baebele. Kgatiso eo ya December 15, 1915, e ne ya re: “Re na le lenaane le leleele la batho ba ba batlang go romelelwa dikgatiso mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Re bona go le molemo gore ba etelwe . . . gore re itse gore a ba sa ntse ba na le kgatlhego.” Maikaelelo e ne e le go tlhosetsa tlhase ya lorato lwa “Modimo le Boammaaruri.”

Ka nako eo, fela jaaka go ntse le gompieno, Bakeresete ba ne ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dilong tse di direlwang Bogosi. Tora ya Tebelo ya February 15, 1915, e ne ya re: “Rona ba re tlhaloganyang se se diragalang ka nako eno, re tshwanetse go itlola fa re direla Modimo. Re tshwanetse go nna re disitse. Eng? Gore re se ka ra wela mo thaelong.” Ka jalo, batlhanka ba Modimo ba ne ba tlhoka go nna ba ntshitse matlho dinameng.

Temana ya ngwaga ya 1916 e e neng e theilwe mo Baebeleng ya King James Version mo lokwalong lwa Baroma 4:20, e ne e rotloetsa bakaulengwe gore ba nne ba “nonofile mo tumelong.” Eleruri temana eno e ne e tla kgothatsa bakaulengwe ba ba ikanyegang gore ba kgone go lebana le mathata a a neng a larile kwa pele mo ngwageng oo!

^ ser. 4 Ka dingwaga di le dintsi Baithuti ba Baebele ba ne ba itsege ka go tsenya betšhe ya sefapaano le serwalo. Letshwao leno le ne le dirisiwa mo khabareng ya Tora ya Tebelo ka dingwaga di le dintsi. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlogela go dirisa letshwao leno mo masimologong a dingwaga tsa bo1930.