Fetela kwa tshedimosetsong

Ke ne Ka Simolola go Leba Madi Jaaka Modimo a a Leba

Ke ne Ka Simolola go Leba Madi Jaaka Modimo a a Leba

Ke ne Ka Simolola go Leba Madi Jaaka Modimo a a Leba

Ngaka e Tlhalosa Pego ya Botshelo Jwa Yone

KE NE ke le kwa holong ya sepetlele ke tlhalosetsa dingaka tse dingwe se re se fitlheletseng fa re sena go tlhatlhoba setopo sa molwetse mongwe. Molwetse yoo yo o neng a tlhokafetse, o ne a na le tlhagala e e kotsi, mme ke ne ka re, “Re ka swetsa ka gore molwetse yono o bolailwe ke hemolysis (boemo jwa fa disele tse dikhibidu di gobetse) le go bo diphilo tsa gagwe di sa bereke, mme seno se bakilwe ke go tshelwa madi a mantsi.”

Porofesa mongwe o ne a ema a galefile a bo a goa a re, “A o batla go re raya o re re tshetse molwetse madi a e seng one?” Ke ne ka re, “Ga ke rialo.” Fa ke ntse ke ba bontsha ditshwantsho tsa dikarolo tsa philo ya molwetse yoo mo sekerining, ke ne ka re, “Re kgona go bona disele tse dikhibidu tse di senyegileng mo philong ya gagwe, mme re ka swetsa ka gore seno se dirile gore diphilo tsa gagwe di se ka tsa tlhola di bereka sentle.” * Go ile ga nna le tshisibalo e kgolo, mme ke ne ka utlwa magalapa a me a phaphalala ka ntlha ya letshogo. Le fa gone e ne e le porofesa mme nna ke le ngaka e nnye, ke ne ka ipolelela gore ga nka ke ka didimala fela, ke sa tlhalose se ke se lemogileng.

Fa seno se ne se direga, ke ne ke se Mosupi wa ga Jehofa. Ke tshotswe ka 1943 kwa toropong nngwe e e bidiwang Sendai, kwa bokone jwa Japane. E re ka rre e ne e le ngaka e e batlisisang ka malwetse (pathologist) e bile e le ngaka ya malwetsi a tlhaloganyo, ke ile ka dira tshwetso ya go ithutela bongaka. Ka 1970, fa ke ne ke le mo ngwageng wa bobedi ke ntse ke ithutela bongaka, ke ne ka nyala lekgarebe lengwe le le bidiwang Masuko.

Ke ne Ka Ithutela go Nna Ngaka e e Batlisisang ka Malwetse

Masuko o ne a bereka gore a re tlamele fa ke sa ntse ke feleletsa dithuto tsa me. Go ithutela bongaka go ne go nkgatlha tota. Ke ne ke gakgamadiwa thata ke tsela e mmele wa motho o dirilweng ka yone. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ise ke tsamaye ke akanye gore go na le Mmopi. Ke ne ke akanya gore go dira dipatlisiso mo go tsa bongaka go ne go tla dira gore ke kgotsofale. Ka jalo, fa ke sena go nna ngaka, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke tswelele ka dithuto tsa me, mme jaanong ke ithutele go nna ngaka e e batlisisang ka malwetse, ke ithuta gore a bakwa ke eng, matshwao a one, le ditlamorago tsa one.

Fa ke ntse ke tlhatlhoba ditopo tsa batho ba ba bolailweng ke kankere, ke ile ka simolola go belaela gore a tota kalafi ya go tshelwa madi e a bereka. Balwetse ba ba gateletsweng thata ke bolwetse jwa kankere, disele tsa bone tse dikhibidu di ka nna kwa tlase ka ntlha ya go tshologa madi. E re ka kalafi ya chemotherapy e gakatsa boemo jono, gantsi dingaka di feleletsa di re molwetse a tshelwe madi. Le fa go ntse jalo, ke ile ka nna le dipelaelo tsa gore go tshelwa madi go dira gore kankere e aname. Se se kgatlhang ke gore, gompieno go a itsege gore go tshelwa madi go koafatsa masole a mmele, mme seno se ka dira gore tlhagala e boe gape e bile se dira gore go nne thata gore molwetse a tshele. *

Ka 1975, ke ne ka lebana le boemo jo ke bo tlhalositseng kwa tshimologong. Porofesa yo ke buileng ka ene, ke ene a neng a alafa molwetse yoo e bile e ne e le ngaka e e ithutileng ka madi le malwetse a a amanang le madi (hematologist). Ka jalo, ga go gakgamatse go bo a ne a galefile fa a ne a utlwa ke re molwetse yoo o bolailwe ke go tshelwa madi. Le fa go ntse jalo, ke ile ka tswelela ka se ke neng ke se tlhalosa, mme ka bonya ka bonya o ile a ritibala.

Bolwetse le Loso di Tla Bo di Sa Tlhole di le Teng

Mo e ka nnang ka yone nako eo, mosadi wa me o ne a etelwa ke mosadimogolo mongwe wa Mosupi wa ga Jehofa. O ne a dirisa lefoko “Jehofa” fa a ntse a bua, mme mosadi wa me o ne a mmotsa gore lefoko leo le kaya eng. Mosupi yoo o ne a re, “Jehofa ke leina la Modimo wa boammaaruri.” Masuko o ne a sa bolo go bala Baebele go tloga a sa le ngwana, mme Baebele e a neng a e bala e ne e emiseditse leina la Modimo ka lefoko “MORENA.” Jaanong o ne a itse gore Modimo o na le leina.

Ka bonako fela, Masuko o ile a simolola go ithuta Baebele le mosadimogolo yoo wa Mosupi. Fa ke ne ke goroga mo lapeng ke tswa kwa sepetlele ka 1:00 a.m., mosadi wa me o ne a mpolelela jaana a itumetse, “Baebele e a re bolwetse le loso di tlile go fedisiwa!” Ke ne ka mo raya ka re, “Seo se ka itumedisa tota!” O ne a tswelela ka gore, “E re ka lefatshe le lesha le le gaufi, ga ke batle gore o senye nako ya gago.” Ke ne ke ithaya ke re o batla gore ke tlogele go nna ngaka, ka jalo, ke ne ka galefa mme ra se ka ra tlhola re utlwana.

Le fa go ntse jalo, mosadi wa me o ne a se ka a tlogela go leka go nthusa gore ke kgatlhegele Baebele. O ne a rapela Modimo gore a mo thuse go bona ditemana tse di tshwanelang, go tswa foo a bo a di mpontsha. Mafoko ano a a mo go Moreri 2:22, 23, ke one a segolobogolo a neng a nkama pelo: “Tota motho o boelwa ke eng mo tirong yotlhe ya gagwe ya bonatla le keletso e e mo tlhotlheletsang gore a dire ka natla mo lefatsheng? . . . Tota e bile le bosigo pelo ya gagwe ga e ikhutse. Seno le sone ke lefela.” Mafoko ano a ne a tlhalosa se ke neng ke se dira; ke ne ke dira ka natla bosigo le motshegare ke ithutela bongaka mme ke sa kgotsofale.

Ka Sontaga mongwe mo mosong ka July 1975, fa mosadi wa me a sena go ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, ka bonako fela ke ne ka dira tshwetso ya go ya. Mosadi wa me o ne a gakgamala tota fa a mpona teng, mme Basupi ba ne ba nkamogela ka lorato. Go tloga ka nako eo, ke ne ka nna gone kwa dipokanong ka Sontaga mongwe le mongwe. Mo e ka nnang kgwedi moragonyana, Mosupi mongwe o ne a simolola go nthuta Baebele. Dikgwedi di le tharo mosadi wa me a sena go etelwa ke Basupi ba ga Jehofa lekgetlo la ntlha, o ne a kolobediwa.

Go Amogela Tsela e Modimo a Lebang Madi ka Yone

Go ise go ye kae, ke ne ka ithuta gore Baebele e laela Bakeresete gore ba ‘ithibe mo mading.’ (Ditiro 15:28, 29; Genesise 9:4) E re ka ke ne ke ntse ke belaela gore a kalafi ya go tshelwa madi e a bereka, go ne go se thata gore ke amogele tsela e Modimo a lebang madi ka yone. * Ke ne ka ipolelela gore, ‘Fa e le gore go na le Mmopi, mme seno ke se a se buang, se tshwanetse sa bo se siame.’

Gape ke ne ka ithuta gore bolwetse le loso di bakiwa ke boleo jo re bo ruileng mo go Adame. (Baroma 5:12) Ka nako eo, ke ne ke dira dipatlisiso ka bolwetse jwa go swa ga ditshika (arteriosclerosis). Fa re ntse re gola, ditshika tsa rona di nna thata di bo di nna ditshesane, mme seno se baka malwetse a a jaaka bolwetse jwa pelo, malwetse a a amang ditshika le tsela e madi a yang kwa bobokong ka yone, le bolwetse jwa diphilo. Kgang ya gore seno se bakiwa ke boleo jo re bo ruileng, e ne e utlwala. Morago ga moo, ke ne ke sa tlhole ke kgatlhegela go ithutela bongaka thata. Jehofa Modimo ke ene fela a ka kgonang go fedisa bolwetse le loso!

Ka March 1976, dikgwedi di le supa ke sena go simolola go ithuta Baebele, ke ne ka tlogela yunibesithi. Ke ne ke tshogile ke ithaya ke re nka se tlhole ke nna ngaka gape, le fa go ntse jalo, ke ne ka bona tiro kwa sepetleleng sengwe. Ke ne ka kolobediwa ka May 1976. Ke ne ka swetsa ka gore tsela e e molemo ya go dirisa botshelo jwa me, ke ka go nna moreri wa nako e e tletseng kgotsa mmulatsela, mme ke ne ka simolola tirelo eo ka July 1977.

Go Femela Tsela e Modimo a Lebang Madi ka Yone

Ka November 1979, nna le Masuko re ne ra fudugela kwa phuthegong nngwe kwa Kgaolong ya Chiba, kwa go neng go tlhokega bareri gone. Ke ne ka bona sepetlele sengwe se ke neng ke kgona go bereka kwa go sone ka malatsi mangwe. Mo letsatsing la me la ntlha fela kwa tirong, ke ne ka dikologiwa ke dingaka tse di dirang karo. Ba ne ba nnela go mpotsa ba re, “E re ka o le Mosupi wa ga Jehofa, o tla dira eng fa go tla molwetse yo o tlhokang go tshelwa madi?

Ke ne ka bua le bone ka tlotlo, ke ba tlhalosetsa gore ke tla latela se Modimo a se buang ka madi. Ke ne ka tlhalosa gore go na le mefuta e mengwe ya kalafi e e sa diriseng madi, le gore ke tla dira sotlhe se nka se kgonang go thusa balwetse. Fa re sena go tlotla ka kgang eno ka lobaka lo lo ka tshwarang ura, mookamedi wa dingaka tseo tse di dirang karo, o ne a nthaya a re, “Ke a tlhaloganya. Mme fa go tla molwetse yo o tshologileng madi thata, o tla thusiwa ke rona.” Mookamedi yoo wa dingaka tseo tse di dirang karo, o ne a itsege e le motho yo go leng thata go dirisana le ene, mme morago ga motlotlo oo re ne ra dirisana sentle, e bile ka metlha o ne a tlotla se ke se dumelang.

Tsela e ke Tlotlang Madi ka Yone E ne Ya Lekwa

Fa re ntse re direla kwa Chiba, go ne ga agiwa diofisi tse disha tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Japane kwa toropong ya Ebina. Nna le mosadi wa me re ne re ya kwa lefelong leo le le bidiwang Bethele gangwe ka beke, re ya go tlhokomela botsogo jwa baithaopi ba Basupi ba ba neng ba aga lefelo leo. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, re ne ra lalediwa go ya go direla kwa Bethele ya Ebina ka nako e e tletseng. Ka jalo ka March 1981, re ne ra simolola go nna kwa dikagong tsa nakwana tse baithaopi ba feta 500 ba neng ba nna kwa go tsone. Mo mosong, ke ne ke thusa ka go phepafatsa lefelo le go tlhapelwang mo go lone le matlwana a boithomelo kwa go neng go agiwa gone, mme ka thapama ke ne ke tlhatlhoba balwetse.

Mongwe wa balwtse ba ke neng ke ba thusa e ne e le Ilma Iszlaub, yo o neng a tswa kwa Australia mme a tla go nna morongwa mo Japane ka 1949. O ne a na le bolwetse jwa kankere ya madi (leukemia), mme dingaka di ne di mmoleletse gore o saletswe ke dikgwedi di se kae fela a bo a swa. Ilma o ile a gana go tshelwa madi, mme o ile a tlhopha go nna kwa Bethele go fitlha a tlhokafala. Ka nako eo, melemo e e thusang gore disele tse di dikhibidu di oketsege, e e jaaka erythropoietin, e ne e ise e nne teng. Ka dinako tse dingwe, poroteine e e mo diseleng tsa gagwe tse dikhibidu e e bidiwang hemoglobin, e ne e le kwa tlase thata, e le digerama di le 3 kgotsa 4! (E tshwanetse go nna digerama di le 12 go ya go 15.) Mme ke ne ka dira sotlhe se nka se kgonang go mo alafa. Ilma o ne a tswelela a na le tumelo e e nonofileng mo Lefokong la Modimo go fitlha a tlhokafala ka January 1988, dingwaga di le supa moragonyana.

Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, baithaopi ba ba direlang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Japane, ba ne ba tlhoka go dirwa karo. Re akgola dingaka tse di mo dipetleleng tse di gaufi le rona, ka gonne ba ile ba dumela go dira dikaro ba sa tshele balwetse madi. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke kopiwa go nna gone kwa phaposing e go direlwang dikaro kwa go yone, gore ke tle go lebelela fa go ntse go dirwa karo, mme ka dinako tse dingwe ke ne ke thusa go dira karo. Ke leboga dingaka tseo tse di ileng tsa tlotla tshwetso e Basupi ba ga Jehofa ba e tsereng ya go sa amogele go tshelwa madi. Go bereka le bone go ile ga mpulela ditshono tse dintsi tsa gore ke ba bolelele se ke se dumelang. Bosheng jaana, mongwe wa dingaka tseo o ile a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Se se kgatlhang ke gore maiteko a dingaka di a tsayang go alafa Basupi ba ga Jehofa di sa ba tshele madi, a nnile le seabe se segolo mo go tsa bongaka. Dikaro tse di dirwang ntle le go tshela balwetse madi, di bontshitse melemo ya go tila go tshela madi. Dipatlisiso di bontsha gore balwetse ba fola ka bonako e bile ga ba nne le mathata a mantsi fa ba sena go dirwa karo.

Ke Tswelela ke Ithuta mo Nkgakeng ke Kgolo go di Gaisa

Ke leka go nna ke ntse ke ithuta ka dilo tsa bosheng tse di amanang le bongaka. Le fa go ntse jalo, gape ke tswelela ke ithuta mo go Jehofa, Ngaka e kgolo go di gaisa. Ga a bone fela se se ka fa ntle, mme o bona le se re leng sone mo teng. (1 Samuele 16:7) E re ka ke le ngaka, fa ke alafa molwetse ke leka go tlhoma mogopolo mo go ene, e seng mo bolwetseng jwa gagwe. Seno se nthusa gore ke kgone go fa molwetse kalafi e e tshwanelang.

Ke sa ntse ke direla kwa Bethele, e bile ke sa ntse ke itumelela go thusa ba bangwe go ithuta ka Jehofa, go akaretsa le tsela e a lebang madi ka yone. Ke rapelela gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Ngaka e Kgolo e bong Jehofa Modimo, a fedise bolwetse le loso.​—Jaaka go boletse Yasushi Aizawa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Go ya ka buka ya setlhogo se se reng, Modern Blood Banking and Transfusion Practices ya ga Dr. Denise M. Harmening, go gobala gono ga disele tse dikhibidu, go ka direga “mo molwetseng yo disele tsa gagwe tse dikhibidu di ileng tsa koafadiwa ke go tshelwa madi, go ima kgotsa a ile a ntsha karolo nngwe ya mmele kgotsa a tsenya karolo ya motho yo mongwe.” Mo maemong a a ntseng jalo, diporoteine tse di dirang gore mmele wa motho o se ka wa tsiboga sentle fa a tshelwa madi, “di a bo di sa bonala fa di tlhatlhobiwa pele ga molwetse a tshelwa madi.” Go ya ka kgatiso ya Dailey’s Notes on Blood, disele tse dikhibidu di ka gobala ‘le fa molwetse a tshetswe madi a mannye fela a a sa tsamaisaneng le madi a gagwe. Fa diphilo tsa molwetse di sa tlhole di bereka sentle ka gonne di sa kgone go ntsha leswe mo mading a gagwe, leswe leo le nna jaaka e kete molwetse o tshetswe tšhefu.’

^ ser. 8 Kgatiso ya Journal of Clinical Oncology, ya August 1988, e ne ya bega jaana: “Balwetse ba ba tshelwang madi pele ga karo, ba ka feleletsa ba lwala thata go gaisa balwetse ba ba sa tshelwang madi pele ga karo.”

^ ser. 16 Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka se Baebele e se rutang ka madi, bona boroutšhara jwa setlhogo se se reng, Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko]

“Ke ne ka tlhalosa gore go na le mefuta e mengwe ya kalafi e e sa diriseng madi, le gore ke tla dira sotlhe se nka se kgonang go thusa balwetse”

[Mafoko]

“Dikaro tse di dirwang ntle le go tshela balwetse madi, di bontshitse melemo ya go tila go tshela madi”

[Ditshwantsho]

Kwa godimo: Ke neetse thero ya Baebele

Ka fa mojeng: Ke na le mosadi wa me Masuko, gompieno