Basha ba Botsa Jaana—Ke Tla Dirang ka Botshelo Jwa Me?
Mosha mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa potso eno ya botlhokwa, ‘Ke tla dirang ka botshelo jwa me?’ Sekaseka mekgele ya gago ka tlhoafalo fa o ntse o lebile bothata jo Andre, mosha yo o ratang Modimo le lefatshe, a nang le jone. O tla tlhopha eng? Ke eng se se tla mo itumedisang thata? Dikarolo tse di oketsegileng di na le dipotsolotso tsa basha ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng mme di tla go thusa gore o ikakanye sentle.