Jeremia 28:1-17

  • Jeremia o ganetsana le Hanania, moporofeti wa maaka (1-17)

28  Mo go one ngwaga oo, kwa tshimologong ya puso ya ga Kgosi Sedekia+ wa Juda, mo ngwageng wa bonê, mo kgweding ya botlhano, moporofeti Hanania morwa Asure yo o tswang kwa Gibeone+ o ne a mpolelela jaana mo ntlong ya ga Jehofa fa pele ga baperesiti le batho botlhe: 2  “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele a re, ‘Ke tla robaganya jokwe ya kgosi ya Babelona.+ 3  Mo dingwageng tse pedi,* ke tla busetsa dilwana tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa mo lefelong leno tse Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a neng a di tsaya mo lefelong leno a bo a di isa kwa Babelona.’ ”+ 4  “ ‘E bile ke tla busetsa Jekonia+ morwa Jehoiakime,+ kgosi ya Juda, le batho botlhe ba Juda ba ba isitsweng botshwarwa kwa Babelona mo lefelong leno,+ ka gonne ke tla robaganya jokwe ya kgosi ya Babelona,’ go bua Jehofa.” 5  Go tswa foo, moporofeti Jeremia o ne a bua le moporofeti Hanania fa pele ga baperesiti le batho botlhe ba ba neng ba eme mo ntlong ya ga Jehofa. 6  Moporofeti Jeremia o ne a re: “Amen!* E kete Jehofa a ka dira seno! E kete Jehofa a ka diragatsa mafoko a o a porofetileng ka go busetsa dilwana tsa ntlo ya ga Jehofa mo lefelong leno mmogo le batho botlhe ba ba isitsweng botshwarwa kwa Babelona! 7  Le fa go ntse jalo, tsweetswee, utlwa molaetsa ono o ke o bolelelang wena le batho bano botlhe. 8  Baporofeti ba ba neng ba le teng pele ga me le pele ga gago bogologolo ba ne ba tle ba porofete se se tla diragalelang dinaga tse dintsi le magosi a magolo, ba porofeta ka ntwa, masetlapelo le bolwetse jwa leroborobo. 9  Fa moporofeti a porofeta kagiso mme lefoko la gagwe le bo le diragala, foo go tla itsege gore eleruri Jehofa o romile moporofeti yoo.” 10  Ka yone nako eo, moporofeti Hanania o ne a tsaya jokwe mo molaleng wa ga moporofeti Jeremia a bo a e robaganya.+ 11  Go tswa foo, Hanania o ne a bua jaana fa pele ga batho botlhe: “Jehofa a re, ‘Ke tla robaganya jokwe ya ga Kgosi Nebukadenesare wa Babelona jalo mo molaleng wa ditšhaba tsotlhe mo dingwageng tse pedi.’”+ Mme moporofeti Jeremia o ne a tsamaya. 12  Fa moporofeti Hanania a sena go robaganya jokwe mo molaleng wa ga moporofeti Jeremia, Jehofa o ne a bolelela Jeremia molaetsa ono: 13  “Tsamaya mme o reye Hanania o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “O robagantse dijokwe tsa logong,+ mme mo boemong jwa tsone o tla dira dijokwe tsa tshipi.” 14  Gonne seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “Ke tla baya jokwe ya tshipi mo molaleng wa ditšhaba tseno tsotlhe, gore di direle Kgosi Nebukadenesare wa Babelona, mme di tshwanetse go mo direla.+ Tota e bile ke tla mo naya le diphologolo tsa naga.”’”+ 15  Foo moporofeti Jeremia o ne a raya moporofeti Hanania+ a re: “Tsweetswee, Hanania reetsa! Jehofa ga a go roma, mme wena o dirile gore batho bano ba ikanye maaka.+ 16  Ka jalo, Jehofa a re, ‘Ke tlile go go bolaya. Mo ngwageng ono o tlile go swa, ka gonne o tlhotlheleditse batho gore ba tlhanogele Jehofa.’”+ 17  Ka jalo, moporofeti Hanania o ne a swa mo ngwageng oo, mo kgweding ya bosupa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “dingwaga tsa malatsi.”
Kgotsa “A go nne jalo!”