Duteronome 19:1-21

  • Molato wa madi le metse ya botshabelo (1-13)

  • Matshwao a molelwane a se ka a sutisiwa (14)

  • Basupi kwa kgotlatshekelong (15-21)

    • Go tlhokega basupi ba babedi kgotsa ba le bararo (15)

19  “Fa Jehofa, Modimo wa gago a fedisa ditšhaba tse Jehofa, Modimo wa gago a go nayang lefatshe la tsone, mme o setse o gapile lefatshe la tsone e bile o nna mo metseng ya tsone le mo matlong a tsone,+  o tlhophe metse e le meraro mo lefatsheng la gago le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang gore o le rue.+  Lefatshe le Jehofa, Modimo wa gago a le go neileng gore o le rue, o le kgaoganye ka dikarolo tse tharo, mme o baakanye ditsela gore mmolai a kgone go tshabela kwa motseng mongwe wa metse eo.  “Jaanong seno ke se se tla dirwang ka mmolai yo o ka nnang a tshabela koo e le gore a tshele: Fa a bolaya motho yo mongwe e se ka boomo mme a ne a sa mo tlhoa;+  jaaka fa a tsamaya le motho yo mongwe kwa sekgweng go ya go rwalela dikgong a bo a tsholetsa selepe a re o rema setlhare, mme tlhogo ya selepe e bo e somoga mo mohinyaneng wa sone e bo e itaya motho yoo a bo a swa, mmolai a tshabele mo motseng mongwe wa metse eno gore a tshele.+  Go seng jalo, e re ka mmusolosi wa madi+ a tla bo a galefile thata,* a ka nna a lelekisa mmolai a bo a mo tshwara mme a mmolaya ka gonne sekgala sa go ya kwa motseng oo se le seleele. Le fa go ntse jalo, o ne a sa tshwanela go bolawa ka gonne o ne a ntse a sa tlhoa motho yoo.+  Ke gone ka moo ke go laelang ke re: ‘Tlhopha metse e le meraro.’  “Jehofa, Modimo wa gago o tla atolosa karolo ya gago ya naga jaaka a ikanetse borragomogolo+ e bile o tla go naya lefatshe lotlhe le a neng a le ba solofeditse.+  Mme gore seno se direge, o tshwanetse go ikanyega ka go ikobela ditaelo tseno tsotlhe tse ke di go nayang gompieno. Seno se raya gore o tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago le go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe ka metlha.+ Fa lefatshe la gago le atolositswe, o oketse metse eno e meraro ka e mengwe e meraro.+ 10  Seo se tla dira gore go se ka ga nna le madi ape a a se nang molato a a tla tshololwang+ mo lefatsheng la gago le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang gore e nne boswa e bile ga o kitla o nna le molato ope wa madi.+ 11  “Mme gone, fa motho a ne a tlhoile motho yo mongwe+ e bile a ne a mo laletse gore a mo tlhasele a bo a mo gobatsa thata a bo a swa, mme motho yono a tshabetse kwa motseng mongwe wa metse eno, 12  foo bagolwane ba motse wa gagabo ba rome batho gore a ye go tsewa koo, mme ba mo tsenye mo seatleng sa mmusolosi wa madi, mme o tshwanetse go swa.+ 13  Lo* se ka lwa mo utlwela botlhoko, mme lo tshwanetse go phimola molato wa madi a a tsholotsweng a a se nang molato mo Iseraele,+ gore dilo di lo tsamaele sentle. 14  “Fa o amogela boswa jwa gago mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang gore o le rue, ga o a tshwanela go sutisa matshwao a molelwane wa moagelani wa gago+ mo lefelong le borraagwemogolo ba neng ba tlhomile melelwane mo go lone. 15  “Motho ga a ka ke a bonwa molato ka bosupi jwa motho a le mongwe fela jo bo bontshang gore o dirile molato kgotsa boleo.+ Go tlhokega bosupi* jwa batho ba le babedi kgotsa ba le bararo go bona gore a tatofatso e boammaaruri.+ 16  Fa mosupi yo o logang maano a a bosula a neela bosupi ka motho a bo a mo latofatsa ka molato mongwe,+ 17  batho bao ba babedi ba ba ganetsanang ba tla ema fa pele ga ga Jehofa, fa pele ga baperesiti le baatlhodi ba ba tla bong ba direla mo malatsing ao.+ 18  Baatlhodi ba tla batlisisa ka kelotlhoko,+ mme fa motho yo o ileng a neela bosupi e le mosupi wa maaka e bile a tlisitse tatofatso ya maaka ka morwarraagwe, 19  lo mo dire fela jaaka a ne a ikaeletse go dira morwarraagwe,+ mme lo tshwanetse go tlosa se se bosula mo go lona.+ 20  Ba ba salang ba tla utlwa ba bo ba boifa, mme ba ka se tlhole ba dira sepe gape se se bosula se se tshwanang le seno mo go lona.+ 21  Lo* se ka lwa mo utlwela botlhoko:+ Botshelo bo tla duelelwa ka botshelo, leitlho ka leitlho, leino ka leino, seatla ka seatla, lonao ka lonao.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “pelo ya gagwe e gotetse.”
Seheb., “Leitlho la gago le.”
Seheb., “molomo.”
Seheb., “Leitlho la gago le.”