Baatlhodi 9:1-57

  • Abimeleke o nna kgosi kwa Shekema (1-6)

  • Setshwantsho sa ga Jothame (7-21)

  • Abimeleke o busa ka tsela e e setlhogo (22-33)

  • Abimeleke o tlhasela Shekema (34-49)

  • Mosadi mongwe o bolaya Abimeleke (50-57)

9  Fa nako e ntse e tsamaya, Abimeleke+ morwa Jerubaale o ne a ya kwa go bomalomaagwe kwa Shekema mme o ne a bua le bone le botlhe ba lelapa la ga rraagwemogolo,* a re: 2  “Tsweetswee, botsang baeteledipele* botlhe ba Shekema gore, ‘Ke eng se se botoka mo go lona, go busiwa ke bomorwa Jerubaale+ botlhe ba le 70 kgotsa go busiwa ke monna a le mongwe fela? Mme lo gakologelwe gore nna ke lerapo la lona le nama ya lona.’”* 3  Ka jalo, bomalomaagwe ba ne ba mmuelela mo baeteledipeleng ba Shekema, mme ba* ne ba tlhotlheletsega go sala Abimeleke morago ka gonne ba ne ba re: “Ke ngwana wa ga kgaitsadiarona.” 4  Go tswa foo, ba ne ba mo naya dishekele tsa selefera di le 70 tse di tswang mo ntlong* ya ga Baale-berithe,+ mme Abimeleke o ne a di dirisa go thapa banna ba ba sa direng sepe le ba ba se nang maitseo gore ba tsamaye le ene. 5  Morago ga moo, o ne a ya kwa ntlong ya ga rraagwe kwa Ofera+ mme a bolaela bomorwarraagwe,+ bomorwa Jerubaale, banna ba le 70 mo lejeng le le lengwe. Morwa yo mmotlana wa ga Jerubaale e bong Jothame, ke ene fela yo o neng a falola ka gonne o ne a iphitlhile. 6  Go tswa foo, baeteledipele botlhe ba Shekema le batho botlhe ba Bethe-milo ba ne ba phuthega mmogo mme ba dira Abimeleke kgosi,+ go bapa le setlhare se segolo se se bapileng le pilara e e neng e le mo Shekema. 7  E rile ba begela Jothame seno, ka yone nako eo a tsamaya mme a ema mo godimo ga Thaba ya Gerisime+ a bo a bua le bone ka lentswe le le kwa godimo a re: “Ntheetsang, lona baeteledipele ba Shekema, mme Modimo le ene o tla lo reetsa. 8  “Nako nngwe go ne go na le ditlhare tse di neng tsa ya go tlotsa kgosi e e tla di okamelang. Ka jalo, di ne tsa raya setlhare sa motlhware tsa re, ‘Re buse.’+ 9  Mme setlhare sa motlhware se ne sa di raya sa re, ‘A ke tshwanetse go tlogela leokwane* la me, le ba le dirisang go galaletsa Modimo le batho, gore ke ye go foka mo godimo ga ditlhare tse dingwe?’ 10  Go tswa foo, ditlhare di ne tsa raya setlhare sa mofeige tsa re, ‘Tlaa, mme o re buse.’ 11  Mme setlhare sa mofeige se ne sa di raya sa re, ‘A ke tshwanetse go tlogela botshe jwa me le maungo a me a a molemo, gore ke ye go foka mo godimo ga ditlhare tse dingwe?’ 12  Morago ga moo, ditlhare di ne tsa raya morara* tsa re, ‘Tlaa, mme o re buse.’ 13  Morara o ne wa di araba wa re, ‘A ke tshwanetse go tlogela beine ya me e ntšha e e itumedisang Modimo le batho, gore ke ye go foka mo godimo ga ditlhare tse dingwe?’ 14  La bofelo ditlhare tse dingwe tsotlhe di ne tsa raya setlhare sa mokaikai tsa re, ‘Tlaa mme o re buse.’+ 15  Foo setlhare sa mokaikai se ne sa raya ditlhare sa re, ‘Fa e le gore tota lo ntlotsa gore ke nne kgosi ya lona, tlang mme lo tshabele ka fa tlase ga moriti wa me. Mme fa go sa nne jalo, a molelo o tswe mo setlhareng sa mokaikai mme o laile masedara a Lebanona.’ 16  “Jaanong a lo dirile ka boikanyegi le ka tlotlo ka go dira Abimeleke kgosi,+ mme a lo diretse Jerubaale le ba lelapa la gagwe molemo, e bile a lo ne lwa mo tshwara ka tsela e a neng a tshwanetse go tshwarwa ka yone? 17  Fa rre a ne a lo lwela,+ o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a lo golole mo seatleng sa Bamidiana.+ 18  Le fa go ntse jalo, gompieno lo tlhasetse ba lelapa la ga rre e bile lo bolaetse bomorwawe, banna ba le 70, mo lejeng le le lengwe.+ Go tswa foo, lo ne lwa dira Abimeleke, morwa wa lelata la gagwe,+ kgosi ya baeteledipele ba Shekema fela ka gonne e le ngwana wa ga kgaitsadialona. 19  Mme fa e le gore lo diretse Jerubaale le ba lelapa la gagwe ka boikanyegi le ka tlotlo mo letsatsing leno, itumeleleng Abimeleke mme le ene a a lo itumelele. 20  Fa go sa nna jalo, e kete molelo o ka tswa mo go Abimeleke mme wa laila baeteledipele ba Shekema le batho ba Bethe-milo,+ e bile e kete molelo o ka tswa mo baeteledipeleng ba Shekema le mo bathong ba Bethe-milo mme wa laila Abimeleke.”+ 21  Go tswa foo, Jothame+ o ne a sia mme a tshabela kwa Beere, mme o ne a nna koo ka gonne o ne a tshaba mogolowe e bong Abimeleke. 22  Abimeleke o ne a busa* Iseraele dingwaga di le tharo. 23  Go tswa foo, Modimo o ne a letla gore go nne le bobaba* fa gare ga ga Abimeleke le baeteledipele ba Shekema, mme ba ne ba direla Abimeleke ka boferefere. 24  Seno e ne e le gore bosetlhogo jo bo diretsweng bomorwa Jerubaale ba ba 70 bo tle bo busolosediwe, gore molato wa madi a bone o tle mo go morwarraabone e bong Abimeleke ka gonne a ba bolaile+ le mo baeteledipeleng ba Shekema ka gonne ba mo thusitse go bolaya bomorwarraagwe. 25  Ka jalo, baeteledipele ba Shekema ba ne ba tlhoma banna gore ba mo lalele kwa godimo ga dithaba, mme ba ne ba tle ba kgothose mongwe le mongwe yo o neng a feta fa go bone mo tseleng. Fa nako e ntse e tsamaya, Abimeleke o ne a begelwa seno. 26  Go tswa foo, Gaale morwa Ebede le bomorwarraagwe ba ne ba kgabaganyetsa kwa Shekema,+ mme baeteledipele ba Shekema ba ne ba mo ikanya. 27  Ba ne ba ya kwa tshimong mme ba phutha morara wa masimo a bone a morara, ba ne ba o gata mme ba dira moletlo, morago ga moo ba ne ba tsena mo ntlong ya modimo wa bone+ mme ba ja, ba nwa ba bo ba hutsa Abimeleke. 28  Go tswa foo, Gaale morwa Ebede o ne a re: “Abimeleke ke mang, le Shekema ke mang gore re mo direle? A ga se morwa Jerubaale,+ mme a Sebule ga se modiredimogolo wa gagwe? Direlang banna ba Hamore, e bong rraagwe Shekema! Mme gone, goreng re tshwanetse go mo direla? 29  Fa fela batho bano ba ka bo ba laolwa ke nna, ke ne ke tla menola Abimeleke mo bogosing.” Go tswa foo, o ne a raya Abimeleke a re: “Oketsa masole a gago mme o tswe.” 30  E rile Sebule kgosana ya motse a utlwa mafoko a ga Gaale morwa Ebede, o ne a tuka bogale. 31  Ka jalo, o ne a romela barongwa kwa go Abimeleke mo sephiring* a re: “Gaale morwa Ebede le bomorwarraagwe jaanong ba mo Shekema, mme ke bano ba tlhotlheletsa motse gore o go tlhasele. 32  Jaanong wena le batho ba ba nang le wena, lo tle go le bosigo mme lo ba lalele mo nageng. 33  Fela fa letsatsi le tlhaba mo mosong, o tsoge phakela thata mme o tlhasele motse; mme fa ene le banna ba gagwe ba tla go go tlhasela, o dire sengwe le sengwe se o ka se kgonang gore o mo fenye.”* 34  Ka jalo, Abimeleke le batho botlhe ba ba neng ba na le ene ba ne ba tsoga go le bosigo, mme ba lalela Shekema ka mephato e le menê. 35  E rile Gaale morwa Ebede a tswa mme a ema fa kgorong ya motse, Abimeleke le batho ba ba nang le ene ba ne ba tswa mo ba neng ba laletse gone. 36  Fa Gaale a bona batho bao, o ne a raya Sebule a re: “Bona! Go na le batho ba ba fologang kwa godimo ga dithaba.” Mme Sebule o ne a mo raya a re: “O bona meriti ya dithaba e e lebegang jaaka batho.” 37  Moragonyana Gaale o ne a re: “Bona! Batho ba tla ba tswa mo gare ga lefatshe, mme mophato o mongwe o tla ka tsela ya setlhare se segolo sa Meonenime.” 38  Sebule o ne a mo araba a re: “Bo kae jaanong boikgantsho jwa gago fa o ne o re, ‘Abimeleke ke mang gore re mo direle?’+ A bano ga se batho ba o ba ganneng? Tsamaya jaanong mme o ye go tlhabana le bone.” 39  Ka jalo, Gaale o ne a tswa a le kwa pele ga baeteledipele ba Shekema mme a tlhabana le Abimeleke. 40  Abimeleke o ne a mo lelekisa, mme Gaale o ne a tshaba fa pele ga gagwe, mme ba le bantsi ba ne ba bolawa go ya go fitlha kwa kgorong ya motse. 41  Abimeleke o ne a tswelela a nna kwa Aruma, mme Sebule+ o ne a leleka Gaale le bomorwarraagwe mo Shekema. 42  Mo letsatsing le le latelang batho ba ne ba tswela kwa nageng, mme Abimeleke o ne a bolelelwa ka gone. 43  Ka jalo, o ne a tsaya batho a bo a ba kgaoganya go nna mephato e le meraro mme a ya go lalela kwa nageng. Fa a ne a bona batho ba tswa mo motseng, o ne a ba tlhasela a bo a ba bolaya. 44  Abimeleke le mephato e e nang le ene e ne ya sianela kwa pele e bo e ema fa kgorong ya motse, mme mephato e mebedi yone e ne ya tlhasela botlhe ba ba neng ba le kwa nageng mme ya ba kgemetha. 45  Abimeleke o ne a tlhabana le motse oo letsatsi leo lotlhe a bo a o gapa. O ne a bolaya batho ba ba mo go one, morago ga moo a senya motse+ a bo a o gasa ka letswai. 46  E rile baeteledipele botlhe ba tora ya Shekema ba utlwa ka seno, ka yone nako eo ba ne ba ya kwa phaposaneng e e ka fa tlase ga lefatshe* e e mo ntlong* ya ga Ele-berithe.+ 47  Fela fa Abimeleke a begelwa gore baeteledipele botlhe ba tora ya Shekema ba ne ba phuthegile mmogo, 48  Abimeleke le banna botlhe ba ba nang le ene ba ne ba palama Thaba ya Salemone. Abimeleke o ne a tsaya selepe mme a rema kala ya setlhare a bo a e tsholetsa a e rwala mo legetleng mme o ne a raya batho ba ba nang le ene a re: “Se lo bonang ke se dira, itlhaganeleng mme lo dire fela jaaka ke dirile!” 49  Ka jalo, batho bano botlhe le bone ba ne ba rema dikala mme ba sala Abimeleke morago. Go tswa foo, ba ne ba baya dikala tseo go dikologa phaposana e e ka fa tlase ga lefatshe ba bo ba tlhosetsa phaposana eo ka molelo. Ka jalo, batho botlhe ba tora ya ga Shekema le bone ba ne ba swa, banna le basadi ba ka nna 1 000. 50  Go tswa foo, Abimeleke o ne a ya kwa Thebese; o ne a kampa go dikologa Thebese gore a e tlhasele mme o ne a e gapa. 51  Go ne go na le tora e e nonofileng fa gare ga motse mme banna le basadi botlhe le baeteledipele botlhe ba motse ba ne ba tshabela kwa go yone. Ba ne ba itswalela mo go yone ba bo ba palamela kwa borulelong jwa tora. 52  Abimeleke o ne a ya kwa toreng mme a e tlhasela. O ne a atamela kgoro ya tora gore a e fise ka molelo. 53  Foo mongwe wa basadi o ne a latlhela leje le legolo* mo tlhogong ya ga Abimeleke mme a thubaganya logata lwa gagwe.+ 54  Ka yone nako eo, o ne a bitsa motlhokomedi yo o tshwereng dibetsa tsa gagwe mme a mo raya a re: “Somola tšhaka ya gago mme o mpolaye, gore ba se ka ba tla ba bua ka nna ba re, ‘O bolailwe ke mosadi.’” Ka jalo, motlhokomedi wa gagwe o ne a mo tlhaba mme a swa. 55  E rile banna ba Baiseraele ba bona gore Abimeleke o ne a sule, botlhe ba ne ba boela gae. 56  Ka jalo, Modimo o ne a dira gore Abimeleke a duelele bosula jo a neng a bo diretse rraagwe ka go bolaya bomorwarraagwe ba le 70.+ 57  Gape Modimo o ne a dira gore bosula jotlhe jwa banna ba Shekema bo boele mo ditlhogong tsa bone. Ka jalo, phutso ya ga Jothame+ morwa Jerubaale+ e ne ya tla mo go bone.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ba lelapa la ntlo ya ga rraagwe mmaagwe.”
Kgotsa gongwe “beng ba naga.”
Kgotsa “nna ke losika lwa lona.”
Seheb., “dipelo tsa bone di.”
Kgotsa “mo tempeleng.”
Kgotsa “kungo.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “o ne a nna kgosana ya.”
Seheb., “o ne a romela moya o o bosula.”
Kgotsa “ka boferefere.”
Kgotsa “o mo dire se seatla sa gago se se kgonang.”
Kgotsa “kwa kagong e e thata.”
Kgotsa “mo tempeleng.”
Kgotsa “tshilo ya lelwala.”