Tshenolo 22:1-21

22  Mme a mpontsha noka ya metsi a botshelo,+ e galalela jaaka legweka, e elela e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo le sa Kwana+  e ya le bogare jwa tsela ya one e e atlhameng. Mme ka kwano ga noka le ka kwa moseja ole go ne go na le ditlhare+ tsa botshelo di ungwa maungo a mefuta e le lesome le bobedi, di ungwa maungo a tsone kgwedi nngwe le nngwe.+ Mme matlhare a ditlhare tseno e ne e le a go alafa ditšhaba.+  Mme ga go na go tlhola go nna le phutso+ epe. Setulo sa bogosi sa Modimo+ le sa Kwana+ se tla nna mo motseng ono, le batlhanka ba gagwe ba tla mo direla tirelo e e boitshepo;+  mme ba tla bona sefatlhego sa gagwe,+ le leina la gagwe le tla nna mo diphatleng+ tsa bone.  Gape, bosigo bo tla bo bo seyo,+ mme ga ba tlhoke lesedi la lobone le fa e le go nna le lesedi la letsatsi, ka gonne Jehofa Modimo o tla ba phatsimisetsa lesedi,+ mme ba tla busa e le dikgosi ka bosaengkae le go ya go ile.+  Mme a nthaya a re: “Mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri;+ ee, Jehofa Modimo wa dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng+ tsa baporofeti+ o ne a romela moengele wa gagwe go bontsha batlhanka ba gagwe dilo tse di tla akofang di diragala.+  Mme, bona! ke tla ka bofefo.+ Go itumela le fa e le mang yo o bolokang mafoko a boporofeti jwa lokwalo lono lwa momeno.”+  Aitse, nna Johane, e ne e le nna yo ke utlwang ke ba ke bona dilo tseno. Mme e rile ke sena go utlwa le go bona, ka wela fa fatshe go obama+ fa pele ga dinao tsa moengele yo o neng a ntse a mpontsha dilo tseno.  Mme a nthaya a re: “O tlhokomele! O se ka wa dira jalo! Se ke leng sone fela ke motlhankammogo le wena le bakaulengwe ba gago ba e leng baporofeti+ le ba ba bolokang mafoko a lokwalo lono lwa momeno. Obamela Modimo.”+ 10  Gape a nthaya a re: “O se ka wa kanela mafoko a boporofeti jwa lokwalo lono lwa momeno, gonne nako e e tlhomilweng e gaufi.+ 11  Yo o dirang tshiamololo, a a dire tshiamololo go ya pele;+ yo o leswe a a leswefadiwe go ya pele;+ mme a yo o siameng+ a dire tshiamo go ya pele, yo o boitshepo a dirwe boitshepo go ya pele.+ 12  “‘Bona! Ke tla ka bofefo,+ e bile ke tshotse maduo+ a ke a nayang, go lefetsa mongwe le mongwe kafa tiro ya gagwe e ntseng ka gone.+ 13  Ke nna Alefa le Omega,+ wa ntlha le wa bofelo,+ tshimologo le bokhutlo. 14  Go itumela ba ba tlhatswang diaparo tsa bone tse di telele,+ gore ba tle ba newe taolo ya go ya kwa ditlhareng tsa botshelo+ le gore ba tsene mo motseng ka dikgoro+ tsa one. 15  Kwa ntle go na le dintša+ le ba ba dirisanang le meya+ le bagokafadi+ le babolai le baobamedi ba medingwana le mongwe le mongwe yo o ratang maaka+ e bile a tswelela a a bua.’ 16  “‘Nna, Jesu, ke ne ka roma moengele wa me gore a lo neye bosupi jwa dilo tseno mo diphuthegong. Ke nna modi+ le losika+ lwa ga Dafide, le naledi ya moso+ e e phatsimang.’” 17  Mme moya+ le monyadiwa+ ba nna ba re: “Tla!” Mme le fa e le mang yo o utlwang a a re: “Tla!”+ Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle;+ le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.+ 18  “Ke naya mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a boporofeti jwa lokwalo lono lwa momeno bosupi: Fa mongwe a ka oketsa+ dilo tseno, Modimo o tla mo okeletsa dipetso+ tse di kwadilweng mo lokwalong lono lwa momeno; 19  mme fa mongwe a ka tlosa sepe mo mafokong a lokwalo lono lwa momeno lwa boporofeti jono, Modimo o tla tlosa kabelo ya gagwe mo ditlhareng tsa botshelo+ le mo motseng o o boitshepo,+ dilo tse go kwadilweng ka tsone mo lokwalong lono lwa momeno. 20  “Yo o nayang bosupi jwa dilo tseno a re, ‘Ee; ke tla ka bofefo.’”+ “Amen! Tla, Morena Jesu.” 21  E kete bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena Jesu Keresete bo ka nna le baitshepi.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase