Sefela sa Difela 6:1-13

6  “Moratiwa wa gago o ile kae, wena yo montle go gaisa mo basading?+ Moratiwa wa gago o fapogetse kae, gore re tle re mo go batlise?”  “Moratiwa wa me ka nosi o fologetse kwa tshingwaneng ya gagwe,+ kwa ditlhatshaneng tsa dimela tsa setswaiso+ tsa mo tshingwaneng, go ya go disa+ fa gare ga ditshingwana, le go kgetla dithunya tsa masoma.  Nna ke wa moratiwa wa me, mme moratiwa wa me ke wa me.+ O disitse+ fa gare ga dithunya tsa masoma.”  “O montle, wena molekane wa me wa mosetsana, + jaaka Motse o Montle,+ o kgatlha jaaka Jerusalema,+ o boitshega jaaka mephato e e phuthegileng+ go dikologa difolaga.+  Faposa matlho+ a gago fa pele ga me, gonne one ka boone a ntshositse. Moriri wa gago o tshwana le motlhape wa dipodi tse di tlolatlodileng di tswa mo Gileade.+  Meno a gago a tshwana le motlhape wa dinku tse di namagadi tse di fetsang go tla di tswa go tlhapisiwa, tsotlhe e le tse di tsalang mafatlha, go se na epe fa gare ga tsone e e swetsweng ke bana ba yone.+  Ditlhakore tsa tlhogo ya gago kafa morago ga lesire+ la gago di ntse jaaka kgapetla ya garanata.  Go ka tswa go na le dikgosigadi di le masome a marataro le bagadingwana ba le masome a le robedi le barweetsana ba ba se nang palo.+  Go na le a le mongwe fela yo e leng leeba la me,+ wa me yo o se nang molato.+ Go na le a le mongwe fela yo e leng wa ga mmaagwe. Ke yo o itshekileng wa ene yo o mmelegang. Barweetsana ba mmone, mme ba ne ba mmolela e le yo o itumetseng; dikgosigadi le bagadingwana, mme ba mmaka+ ba re, 10  ‘Ke mang mosadi+ yono yo o lebileng kwa tlase jaaka bosa,+ yo montle jaaka ngwedi yo o tletseng,+ yo o itshekileng jaaka letsatsi le le phatsimang,+ yo o boitshegang jaaka mephato e e phuthegileng go dikologa difolaga?’”+ 11  “Ke ne ke fologetse kwa tshingwaneng+ ya ditlhare tsa morama, go ya go bona makukunya mo mokgatšheng o o phothoselang,+ go bona gore a mofine o tlhogile, gore a ditlhare tsa garanata di ntshitse dithunya.+ 12  Go ise go e kae, ke fa moya wa me ka nosi o mpeile fa dikareng tsa batho ba me ba ba iketleeditseng.” 13  “Boa, boa tlhe Moshulame! Boa, boa gore re tle re go bone!”+ “Ke eng se lo se bonang mo go Moshulame?”+ “Sengwe se se tshwanang le go bina ga mathibelelo a mabedi!”

Dintlha Tse di Kwa Tlase