Ruthe 1:1-22

1  Jaanong ga diragala gore mo malatsing a fa baatlhodi+ ba ne ba diragatsa tshiamiso ga tsoga leuba+ mo lefatsheng, mme monna mongwe a tswa mo Bethelehema+ wa Juda a ya go aga e le moeng kwa masimong a Moabe,+ ene le mosadi wa gagwe le bomorwawe ba babedi.  Mme leina la monna yono e ne e le Elimeleke, leina la mosadi wa gagwe e le Naomi, maina a bomorwawe ba babedi e le Mahelone le Kilione, e le Baeferatha+ ba ba tswang kwa Bethelehema wa Juda. Kgabagare ba tla mo masimong a Moabe mme ba nna gone.  Fa nako e ntse e tsamaya Elimeleke monna wa ga Naomi a swa, ka jalo a sala le bomorwawe ba babedi.  Moragonyana banna bano ba itseela basadi, basadi ba Bamoabe.+ Leina la yo mongwe e ne e le Orepa, mme leina la yo mongwe e le Ruthe.+ Mme ba tswelela ba nna koo dingwaga di ka nna lesome.  Fa nako e ntse e tsamaya Mahelone le Kilione ka bobedi, le bone ba swa, ka jalo mosadi yono a sala a se na bana ba gagwe ba babedi le monna wa gagwe.  Mme a nanoga a na le dingwetsi tsa gagwe a boa kwa masimong a Moabe, ka gonne a ne a utlwile a le kwa tshimong ya Moabe gore Jehofa o lebisitse tlhokomelo mo bathong ba gagwe+ ka go ba naya senkgwe.+  Mme a tswa mo lefelong le a neng a ntse a nna mo go lone,+ mme dingwetsi tsa gagwe ka bobedi tsa bo di na le ene, mme ba nna ba tsamaya mo tseleng ba boela kwa lefatsheng la Juda.  La bofelo Naomi a raya dingwetsi tsa gagwe ka bobedi a re: “Tsamayang, boang, mongwe le mongwe a ye kwa ntlong ya ga mmaagwe. E kete Jehofa a ka lo direla bopelonomi jwa lorato,+ fela jaaka lo bo diretse banna ba jaanong ba suleng, lwa ba lwa bo direla le nna.+  E kete Jehofa a ka lo naya mpho,+ mme lo bone lefelo la boikhutso+ mongwe le mongwe mo ntlong ya monna wa gagwe.” Go tswa foo a ba atla,+ mme ba tsholetsa mantswe a bone ba lela. 10  Mme ba nna ba mo raya ba re: “Nnyaa, re tla boela le wena kwa bathong ba gaeno.”+ 11  Mme Naomi a re: “Boang bomorwadiaka. Lo tla bo lo tsamaelang le nna? A ke sa ntse ke na le bana ba basimane mo teng ga me, le gone a ba tla tshwanelwa ke go nna banna ba lona?+ 12  Boang bomorwadiaka, tsamayang, ka gonne ke tsofetse thata gore nka nna wa monna mongwe. Fa nka bo ke rile ke na le tsholofelo ya gore ruri nka nna wa monna mongwe bosigong jono mme ruri ke tshole bana ba basimane,+ 13  a lo ne lo tla nna lo ba letile go fitlha ba gola? A lo ne lo tla nna lo ba iphitlhetse gore lo se nne ba monna ope? Nnyaa, bomorwadiaka, ka gonne, ka ntlha ya lona, go botlhoko thata mo go nna go bo seatla sa ga Jehofa se ntsogologetse.”+ 14  Fa a rialo ba tsholetsa mantswe a bone ba lela gape, mme morago ga foo Orepa a atla matsalaagwe. Mme Ruthe ene, a mo ngaparela.+ 15  Ka jalo a re: “Bona! Mogokao wa motlholagadi o boetse kwa bathong ba gagabo le kwa medimong ya gagwe.+ Boa le mogokao wa motlholagadi.”+ 16  Mme Ruthe a re: “O se ka wa nthapela gore ke go tlogele, ke boe ke lese go tsamaya le wena; ka gonne kwa o yang gone ke tla ya gone, le kwa o lalang gone bosigo ke tla lala gone.+ Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho,+ le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.+ 17  Kwa o swelang gone ke tla swela gone,+ mme ke gone kwa ke tla fitlhelwang gone. E kete Jehofa a ka ntirela jalo a ba a oketsa+ fa nna le wena re ka kgaoganngwa ke loso fela.” 18  E rile a bona gore o ne a mo emeletse ka ga go tsamaya le ene,+ a tlogela go bua le ene. 19  Mme boobabedi ba tswelela ba tsamaya go fitlha ba goroga mo Bethelehema.+ Ga diragala ya re fela fa ba goroga mo Bethelehema, motse otlhe wa fuduega ka ntlha ya bone,+ mme basadi ba nna ba re: “A yo ke ene Naomi?”+ 20  Mme ene a raya basadi bano a re: “Lo se ka lwa mpitsa Naomi. Lo mpitse Mara, ka gonne Mothatayotlhe+ o ntiretse mo go botlhoko thata.+ 21  Ke ne ke tletse fa ke tsamaya,+ mme Jehofa o dirile gore ke boe ke iphotlhere.+ Lo tla bo lo mpiletsang Naomi, ka e le fa Jehofa e le ene a nkokobeditseng+ e bile e le Mothatayotlhe yo o mpaketseng masetlapelo?”+ 22  Naomi a boa jalo, Ruthe, mosadi wa Momoabe, ngwetsi ya gagwe, a na le ene fa a boa kwa masimong a Moabe;+ mme ba goroga mo Bethelehema+ fa go simololwa go rojwa barele.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase