Obadia 1:1-21

 Ponatshegelo ya ga Obadia: Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana malebana le Edoma:+ “Go na le pego e re e utlwileng mo go Jehofa, e bile go na le morongwa yo o romilweng mo ditšhabeng, ‘Emang, lona batho, mme a re emeng kgatlhanong le ene mo tlhabanong.’”+  “Bona! Ke go dirile mmotlana mo gare ga ditšhaba.+ O nyatsega fela thata.+  Boikgodiso jwa pelo ya gago ke jone bo go tsieditseng,+ wena yo o agileng mo maitshubelong a lefika le legolo,+ bogodimo jo a nnang kwa go jone, a ntse a re mo pelong ya gagwe, ‘Ke mang yo o tla mpholosetsang kwa lefatsheng?’  Fa o ka dira gore boemo jwa gago e nne jo bo kwa godimo jaaka ntsu, kgotsa fa sentlhaga sa gago se ne se ka bewa mo gare ga dinaledi, ke ne ke tla go folosa koo,”+ go bua Jehofa.  “Fa go ne go tsene magodu mo go wena, fa go ne go tlile bathopi bosigo, o ka bo o didimaditswe+ go ya bokgakaleng bofe? A ba ne ba se kitla ba utswa go le gontsi ka fa ba batlang ka teng? Kgotsa fa go ne go tsene batho ba ba kgetlang morara kwa go wena, a ba ne ba se kitla ba sadisa sengwe se ba se ronopileng?+  A bo tsa ga Esau di hukuditswe thata jang ne!+ A bo matlotlo a gagwe a a fitlhilweng a senkilwe jang ne!  Ba go romile go ya go fitlha kwa molelwaneng. Bone batho ba ba mo kgolaganong le wena ba go tsieditse+ botlhe. Batho ba ba mo kagisong le wena ba go fentse.+ Ba ba jang dijo le wena ba tla baya letlowa kafa tlase ga gago jaaka motho yo go se nang temogo+ mo go ene.  A e tla bo e se mo letsatsing leo?” go bua Jehofa. “Mme eleruri ke tla senya ba ba botlhale ke ba ntsha mo Edoma,+ le temogo mo kgaolong e e dithaba ya ga Esau.  Mme banna ba gago ba ba thata ba tla tshoga,+ wena Temane,+ ka lebaka la gore mongwe le mongwe o tla kgaolwa+ mo kgaolong e e dithaba ya ga Esau, ka polao.+ 10  Ka ntlha ya go siamololela morwarrago Jakobe,+ ditlhong di tla go bipa,+ mme o tla tshwanelwa ke go kgaolwa ka bosakhutleng.+ 11  Mo letsatsing le o neng o eme fa thoko ka lone, mo letsatsing le batswakwa ba tsereng mophato wa gagwe ba o isa botshwarwa+ ka lone, le fa batswakwa tota ba ne ba tsena mo kgorong+ ya gagwe mme ba latlhela Jerusalema bola,+ le wena o ne o tshwana le mongwe wa bone. 12  “Mme ga o a tshwanela go leba mo motlheng wa ga morwarrago,+ mo motlheng wa go tlhoka lesego ga gagwe; e bile ga o a tshwanela go ipela mo motlheng o bomorwa Juda ba nyelelang ka one;+ gape ga o a tshwanela go nna le molomo o mogolo mo motlheng wa matshwenyego a bone. 13  Ga o a tshwanela go tsena mo kgorong ya batho ba me mo motlheng wa matlhotlhapelo a bone.+ Wena ka bowena, ga o a tshwanela go tlhodumela masetlapelo a gagwe mo motlheng wa matlhotlhapelo a gagwe; gape ga o a tshwanela go ntshetsa khumo ya gagwe seatla mo motlheng wa matlhotlhapelo a gagwe.+ 14  Mme ga o a tshwanela go ema fa ditsela di kgaoganang teng, gore o kgaole bafalodi+ ba gagwe; gape ga o a tshwanela go neela bafalodi ba gagwe batho mo motlheng wa matshwenyego.+ 15  Gonne letsatsi la ga Jehofa kgatlhanong le ditšhaba tsotlhe le atametse.+ Ka tsela e o dirileng ka yone, o tla direlwa jalo.+ Mofuta wa tshwaro ya gago o tla boela mo tlhogong ya gago.+ 16  Gonne ka tsela e lo noleng ka yone mo thabeng ya me e e boitshepo, ditšhaba tsotlhe di tla nna di nwa jalo ka metlha.+ Mme eleruri ba tla nwa le go kodumetsa ba bo ba nna jaaka e kete ba ne ba ise ba ko ba nne teng. 17  “Mme mo Thabeng ya Siona ke teng kwa ba ba falolang ba tla nnang teng,+ mme e tla nna sengwe se se boitshepo;+ ntlo ya ga Jakobe e tshwanetse go rua dilo tse ba tshwanetseng go di rua.+ 18  Ntlo ya ga Jakobe e tla nna molelo,+ le ntlo ya ga Josefa kgabo ya molelo, le ntlo ya ga Esau jaaka serite;+ mme ba tla di tshuba ba di laile. Mme ga go kitla go nna le mofalodi mo ntlong ya ga Esau;+ gonne Jehofa ka boene o go buile. 19  Mme ba tla rua Negebe le kgaolo e e dithaba ya ga Esau,+ le Shefela, le Bafilisitia.+ Mme ba rue naga ya Eferaime+ le naga ya Samarea;+ mme Benjamine o tla rua Gileade. 20  Mme fa e le batshwarwa ba lorako lono lwa phemelo,+ se Bakanana+ ba se ruileng go ya go fitlha kwa Sarepate+ e tla nna sa bomorwa Iseraele. Mme batshwarwa ba Jerusalema, ba ba neng ba le kwa Sefarade, ba tla rua metse ya Negebe.+ 21  “Eleruri baboloki+ ba tla tla mo Thabeng ya Siona,+ gore ba atlhole kgaolo e e dithaba ya Esau;+ mme bogosi e tla nna jwa ga Jehofa.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase