Mika 7:1-20

7  A bo go latlhega nna,+ gonne ke fetogile go nna jaaka maungo a letlhabula a a phuthilweng, jaaka go ronopiwa ga morara o o fudilweng!+ Ga go na lesitlha la morara le le ka jewang, ga go na feige ya lebutswapele, e moya wa me o ka e eletsang!+  Motho yo o ikanyegang o nyeletse mo lefatsheng, mme mo bathong ga go na ope yo o thokgameng.+ Botlhe fela, ba lalela tshololo ya madi.+ Mongwe le mongwe wa bone o tsoma morwarraagwe ka letlowa le le gogwang.+  Diatla tsa bone di mo go se se bosula, gore ba bo dire sentle;+ kgosana e kopa sengwe, mme yo o atlholang o dira jalo gore a bone maduo,+ mme yo mogolo o bua se se elediwang ke moya wa gagwe, one wa gagwe;+ mme ba a bo logaganya.  Yo o ba gaisang botlhe o tshwana le mongana, yo o thokgameng go ba gaisa botlhe o bosula thata go gaisa legora la mitlwa.+ Letsatsi la balebeledi ba gago, la go elwa tlhoko ga gago, le tshwanetse go tla.+ Jaanong ba tla akabadiwa.+  O se ka wa dumela mo molekaneng. O se ka wa ikanya tsala e lo ntshanang seinong le yone.+ Disa go bulega ga molomo wa gago+ mo go ene yo o lalang mo sehubeng sa gago.  Gonne morwa o nyatsa rre; morwadi o tsogologela mmaagwe;+ ngwetsi e tsogologela matsalaayone;+ baba ba motho ke batho ba ntlo ya gagwe.+  Mme fa e le nna, ke tla nna ke lebeletse Jehofa.+ Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me.+ Modimo wa me o tla nkutlwa.+  O se ka wa ipela ka ntlha ya me, wena mosadi yo o leng mmaba wa me.+ Le fa ke ole, ruri ke tla ema;+ le fa ke nna mo lefifing,+ Jehofa o tla nna lesedi mo go nna.+  Tšararego ya ga Jehofa ke tla e sikara—gonne ke mo leofetse+—go fitlha a sekaseka kgetsi ya me ya molao a bo a ntirela tshiamiso.+ O tla ntlisa mo leseding; ke tla leba tshiamo ya gagwe.+ 10  Mmaba wa me o tla bona, mme ditlhong di tla mmipa,+ yo o neng a nthaya a re: “O kae, Jehofa Modimo wa gago?”+ Matlho a me a tla mo leba.+ Jaanong o tla nna lefelo la go gatakwa, jaaka loraga lwa mebila.+ 11  Letsatsi la go aga dipota tsa gago tsa maje, ka letsatsi leo taelo e tla bo e le kgakala.+ 12  Ka letsatsi leo ba tla tla kwa go wena ba tswa kwa Asiria le metse ya Egepeto, le go tswa kwa Egepeto go ya fela kwa Nokeng;+ le go tswa lewatleng go ya lewatleng, le go tswa thabeng go ya thabeng.+ 13  Mme lefatshe le tla nna kgakgabalo ka ntlha ya banni ba lone, ka ntlha ya maungo a ditiro tsa bone.+ 14  Disa batho ba gago ka lore lwa gago,+ letsomane la boswa jwa gago, yo o neng a agile a le esi mo sekgweng—mo gare ga tshingwana ya maungo.+ A ba fule mo Bashana le mo Gileade+ jaaka mo metlheng ya bogologolo.+ 15  “Jaaka mo metlheng ya go tswa ga gago mo lefatsheng la Egepeto ke tla mmontsha dilo tse di gakgamatsang.+ 16  Ditšhaba di tla bona mme di tlhabiwe ke ditlhong ka ntlha ya thata yotlhe ya tsone.+ Ba tla baya seatla sa bone mo molomong wa bone;+ ditsebe tsa bone di tla nna susu. 17  Ba tla latswa lorole jaaka dinoga;+ ba tla tswa mo dithakong tsa bone tsa phemelo+ ka khuduego jaaka dilo tse di gopang ka mpa tsa lefatshe. Ba tla tla kwa go Jehofa Modimo wa rona ba roroma, mme ba tla go boifa.”+ 18  Ke mang Modimo yo o tshwanang le wena,+ yo o itshwarelang phoso e bile a tlhokomologa tlolo+ ya masalela a boswa jwa gagwe?+ Ruri ga a na go tshwarelela mo bogaleng jwa gagwe ka bosaengkae, gonne o natefelelwa ke bopelonomi jwa lorato.+ 19  O tla re bontsha kutlwelobotlhoko+ gape; o tla gatelela ditlolo tsa rona.+ Mme wena o tla latlhela maleo otlhe a bone mo botennyeng jwa lewatle.+ 20  O tla naya boammaaruri jo bo neilweng Jakobe, bopelonomi jwa lorato jo bo neilweng Aborahame, jo o bo ikanetseng borraaronamogologolwane go tswa metlheng ya bogologolo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase