Malaki 2:1-17
2 “Mme jaanong taelo eno e tla kwa go lona, lona baperesiti.+
2 Fa lo ka se ka lwa reetsa,+ e bile fa lo ka se ka lwa go baya mo pelong+ gore lo tlisetse leina la me kgalalelo,”+ go buile Jehofa wa masomosomo, “ruri le nna ke tla lo romelela phutso,+ ke tla hutsa masego a lona.+ Ee, ke bile ke hutsitse tshegofatso, ka gonne ga lo go beye mo pelong.”
3 “Bonang! ka ntlha ya lona, ke kgalema peo e e jetsweng,+ mme ke tla gasa boloko mo difatlhegong tsa lona, boloko jwa meletlo ya lona; mme mongwe o tla lo isa kwa go jone.
4 Lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke lo romeletse taelo eno,+ gore kgolagano+ ya me le Lefi e tle e tswelele,”+ go buile Jehofa wa masomosomo.
5 “Fa e le kgolagano ya me yone, mo go ene e ne ya itshupa e le ya botshelo le ya kagiso,+ mme ke ne ka nna ka di mo naya, ka poifo. O ne a tswelela a mpoifa;+ ee, ka ntlha ya leina la me ene ka boene o ne a welwa ke letshogo.+
6 Molao wa boammaaruri ka boone o ne o le mo molomong wa gagwe,+ e bile go ne go sa fitlhelwa tshiamololo epe mo dipounameng tsa gagwe. O ne a tsamaya le nna ka kagiso le ka thokgamo,+ mme ba a neng a ba busa gore ba tswe mo tlolong ba ne ba le bantsi.+
7 Gonne dipounama tsa moperesiti ke tsone di tshwanetseng tsa boloka kitso, mme molao ke se batho ba tshwanetseng ba se senka mo molomong wa gagwe;+ gonne ke morongwa wa ga Jehofa wa masomosomo.+
8 “Mme lona—lo fapogile mo tseleng.+ Lo dirile gore ba bantsi ba kgotšwe mo molaong.+ Lo sentse kgolagano ya ga Lefi,”+ go buile Jehofa wa masomosomo.
9 “Mme le nna, ruri ke tla dira gore lo nyatsege lo bo lo kokobediwe mo bathong botlhe,+ e re ka lo ne lo sa boloke ditsela tsa me, mme lo ne lo bontsha tlhaolele mo molaong.”+
10 “A rotlhe ga re na rre a le mongwe?+ A ga re a bopiwa ke Modimo a le mongwe?+ Ke ka ntlha yang fa re direlana ka boferefere,+ re itshepolola kgolagano ya borraaronamogologolwane?
11 Juda o dirile ka boferefere, e bile go dirilwe selo se se makgapha mo Iseraele le mo Jerusalema;+ gonne Juda o tlontlolotse boitshepo jwa ga Jehofa,+ jo A bo ratileng, mme o tsere morwadia modimo o sele go nna monyadiwa wa gagwe.+
12 Jehofa o tla kgaola mo megopeng ya ga Jakobe mongwe le mongwe yo o go dirang,+ yo o tsogileng le yo o arabang, le yo o isetsang Jehofa wa masomosomo tshupelo ya mpho.”+
13 “Mme seno ke selo sa bobedi se lo se dirang, se se felelang ka gore lo bipe sebeso sa ga Jehofa ka dikeledi, ka selelo le ka go fegelwa, mo go sa tlholeng go retologelwa kwa tshupelong eno ya mpho kgotsa go ipelelwa sepe fela se se tswang mo seatleng sa lona.+
14 Mme lo rile, ‘Ka lebaka lang?’+ Ka lebaka leno, la gore Jehofa ka boene o neetse bosupi fa gare ga gago le mosadi wa bosha jwa gago,+ yo wena ka bowena o mo diretseng ka boferefere, le mororo e le molekane wa gago le mosadi wa kgolagano ya gago.+
15 Mme go na le mongwe yo o neng a se ka a go dira, e re ka a ne a na le mo go setseng ga moya. Mme ene yoo o ne a senka eng? Peo ya Modimo.+ Mme lo itise ka ga moya wa lona,+ a ope a se ka a direla mosadi wa bosha jwa gagwe ka boferefere.+
16 Gonne o tlhoile tlhalo,”+ go buile Jehofa Modimo wa Iseraele; “le yo o bipileng seaparo sa gagwe ka tshiamololo,”+ go buile Jehofa wa masomosomo. “Lo itise ka ga moya wa lona, mme lo se ka lwa dira ka boferefere.+
17 “Lo lapisitse Jehofa ka mafoko a lona,+ mme lo rile, ‘Re mo lapisitse ka tsela efe?’ Ka go bua lo re, ‘Mongwe le mongwe yo o dirang bosula o molemo mo matlhong a ga Jehofa, mme ene ka boene o itumedisitswe ke ba ba ntseng jalo’;+ kgotsa, ‘O kae Modimo wa tshiamiso?’”+