Lefitiko 26:1-46
26 “‘Lo se ka lwa itirela medimo e e se nang mosola,+ gape lo se ka lwa itlhomela setshwantsho se se setilweng+ kgotsa pilara e e boitshepo, gape lo se ka lwa baya leje go nna mokgabisa+ mo lefatsheng la lona gore lo le ikobele;+ gonne ke nna Jehofa Modimo wa lona.
2 Lo boloke bosabata+ ba me lo bo lo sisimoge lefelo la me le le boitshepo. Ke nna Jehofa.
3 “‘Fa lo tswelela lo tsamaya mo melaong ya me lo boloka ditaolo tsa me e bile lo di diragatsa,+
4 ruri ke tla tlisa meokodi ya lona ya pula mo nakong e e tshwanetseng,+ mme ruri lefatshe le tla ntsha kungo ya lone,+ le setlhare sa naga se tla ntsha leungo la sone+
5 Mme ruri go photha ga lona go tla fitlha kwa go fuleng morara ga lona, mme go fula morara go tla fitlha kwa go jalweng ga peo; mme ruri lo tla ja senkgwe sa lona lo kgora+ lo bo lo nna ka polokesego mo lefatsheng la lona.+
6 Mme ke tla tlisa kagiso mo lefatsheng,+ mme ruri lo tla rapama, go se na ope yo o lo tshosang;+ ke tla dira gore sebatana se se utlwisang botlhoko sa naga se fele mo lefatsheng,+ le tšhaka ga e kitla e kgabaganya lefatshe la lona.+
7 Mme ruri lo tla lelekisa baba ba lona,+ mme ruri ba tla wa ka tšhaka fa pele ga lona.
8 Ba le batlhano ba lona ba tla lelekisa ba le lekgolo, ba le lekgolo ba lona ba tla lelekisa dikete di le lesome, mme baba ba lona ruri ba tla wa ka tšhaka+ fa pele ga lona.
9 “‘Ke tla retologela kwa go lona+ ke lo atise ke lo ntsifatse,+ mme ke tla diragatsa kgolagano ya me le lona.+
10 Ruri lo tla ja mo go gologolo ga ngwaga o o fetileng,+ lo tla ntsha mo go gologolo pele ga mo gosha.
11 Ruri ke tla baya motlaagana wa me mo gare ga lona,+ moya wa me ga o kitla o lo ila.+
12 Ruri ke tla tsamaya mo gare ga lona ke bo ke itshupa ke le Modimo wa lona,+ mme lona, lo tla itshupa lo le batho ba me.+
13 Ke nna Jehofa Modimo wa lona, yo o neng a lo ntsha kwa lefatsheng la Egepeto gore lo se ka lwa ba direla jaaka batlhanka,+ ka robaganya mephakalego ya jokwe ya lona mme ka dira gore lo tsamaye lo tlhamaletse.+
14 “‘Le fa go ntse jalo, fa e le gore ga lo kitla lo ntheetsa le fa e le go diragatsa ditaolo tseno tsotlhe,+
15 gape fa e le gore lo tla gana melao ya me,+ fa e le gore meya ya lona e tla ila ditshwetso tsa me tsa boatlhodi gore e se ka ya diragatsa ditaolo tsa me tsotlhe, gore lo bo lo senye kgolagano+ ya me,
16 he fa e le nna, ke tla lo dira mo go latelang, ke tla lo otlhaya ka go lo tlisetsa matshwenyego ka bolwetse jwa lohuba+ le letshoroma le le fisang, ke dira gore matlho a lona a koafale+ ke bo ke dira gore moya o hutsafale.+ Mme lo tla jalela peo ya lona lefela, e re ka baba ba lona ba tla e ja.+
17 Ruri sefatlhego sa me se tla lo galefela, mme ruri lo tla fenngwa fa pele ga baba ba lona;+ ba ba lo tlhoileng ba tla lo gataka,+ mme tota lo tla tshaba go se na ope yo o lo latelelang.+
18 “‘Le fa go ntse jalo, fa e le gore ga lo kitla lo ntheetsa go sa kgathalesege dilo tseno, foo ke tla tshwanelwa ke go lo kgwathisetsa maleo a lona ga supa.+
19 Mme ke tla tshwanelwa ke go roba boikgogomoso jwa nonofo ya lona ke bo ke dira magodimo a lona gore a nne jaaka tshipi+ le lefatshe la lona jaaka kgotlho.
20 Maatla a lona a tla dirisediwa lefela, e re ka lefatshe la lona le se kitla le ntsha kungo ya lone,+ setlhare sa lefatshe ga se kitla se ntsha leungo la sone.+
21 “‘Mme fa lo nna lo tsamaya kgatlhanong le nna mme lo sa eletse go ntheetsa, foo ke tla tshwanelwa ke go lo tlisetsa dititeo tse di oketsegileng ga supa kafa maleong a lona.+
22 Ke tla romela dibatana tsa naga mo go lona,+ mme ruri di tla lo amoga bana+ di bo di fedisa diruiwa tsa lona le go fokotsa palo ya lona, mme ditsela tsa lona di tla kgakgabala.+
23 “‘Le fa go ntse jalo, fa lo sa itetle gore ke lo baakanye+ ka dilo tseno mme lo tsamaya fela kgatlhanong le nna,
24 nna, ee nna, ke tla tshwanelwa ke go tsamaya kgatlhanong le lona;+ mme nna, e leng nna, ke tla tshwanelwa ke go lo iteela maleo a lona ga supa.+
25 Ruri ke tla lo tlisetsa tšhaka e e tlisetsang kgolagano+ pusoloso;+ mme ruri lo tla phuthegela kwa metseng ya lona,+ ke tla romela bolwetse jwa leroborobo mo gare ga lona, mme lo tla tsenngwa mo seatleng sa mmaba.+
26 Fa ke robile dithobane tsa lona tse dinkgwe tse di bopegileng jaaka maseka di lepelediwang mo go tsone+ go dikologa, foo basadi ba le lesome ba tla besa senkgwe sa lona mo pesetsong e le nngwe fela ba bo ba busa senkgwe sa lona ka selekanyo sa bokete;+ lo tla ja mme ga lo kitla lo kgora.+
27 “‘Le fa go ntse jalo, fa e le gore ga lo kitla lo ntheetsa ka seno mme lo tsamaya fela kgatlhanong le nna,+
28 foo ke tla tshwanelwa ke go tsamaya ke lo galefetse,+ mme nna, ee, nna, ke tla tshwanelwa ke go lo kgwathisetsa maleo a lona ga supa.+
29 Ka jalo lo tla tshwanelwa ke go ja nama ya bomorwaalona, gape lo tla ja nama ya bomorwadialona.+
30 Ruri ke tla nyeletsa mafelo a lona a a kwa godimo a a boitshepo+ ke bo ke kgaola ditlhomo tsa lona tsa maswalo ke bo ke baya tsa lona mo godimo ga ditopo tsa medingwana ya lona e e makgapha;+ mme moya wa me o tla lo ila tota.+
31 Ke tla neelela metse ya lona tšhaka+ ke bo ke kgakgabatsa mafelo a lona a a boitshepo,+ ga nkitla ke dupa menko ya lona e e ritibatsang.+
32 Mme fa e le nna, ke tla kgakgabatsa+ lefatshe, baba ba lona ba ba nnang mo go lone ba tla le rotolela matlho ba gakgametse.+
33 Mme lona ke tla lo gasamisetsa mo ditšhabeng,+ ke tla somola tšhaka kafa morago ga lona;+ mme lefatshe la lona le tla kgakgabala,+ le metse ya lona e tla nna kgakgabalo.
34 “‘Ka nako eo lefatshe le tla duelela bosabata ba lone malatsi otlhe a le tla bong le kgakgabetse ka one, fa lo le kwa lefatsheng la baba ba lona. Ka nako eo lefatshe le tla boloka sabata, e re ka le tshwanetse go duelela bosabata ba lone.+
35 Le tla boloka sabata malatsi otlhe a le tla bong le kgakgabetse ka one, ka lebaka la gore le ne la se ka la boloka sabata mo nakong ya bosabata ba lona fa lo ne lo nna mo go lone.
36 “‘Fa e le ba ba salang mo gare ga lona,+ ruri ke tla tlisa boboi mo dipelong tsa bone mo mafatsheng a baba ba bone; mme ruri modumo wa letlhare le le kgokgweediwang o tla ba lelekisa, ba tla tshaba jaaka fa ba tshaba tšhaka ba bo ba wa go se na ope yo o ba lelekisang.+
37 Ruri ba tla kgopana jaaka e kete ba tshaba fa pele ga tšhaka go se na ope yo o ba lelekisang, mme lona ga lo kitla lo kgona go emelelana le baba ba lona.+
38 Lo tla nyelela mo ditšhabeng,+ mme lefatshe la baba ba lona le tla lo ja.
39 Fa e le ba ba salang mo go lona, ba tla bola+ ka ntlha ya tlolo ya bone mo mafatsheng a baba ba lona. Ee, le eleng ka ntlha ya ditlolo tsa borraabone,+ ba tla bola le bone.
40 Mme ruri ba tla ipolela tlolo+ ya bone le tlolo ya borraabone mo go sa ikanyegeng ga bone fa ba ne ba ntirela ka go tlhoka boikanyegi, ee, le fa ba ne ba tsamaya kgatlhanong le nna.+
41 Le fa go ntse jalo, fa e le nna, ke ne ka tsamaya kgatlhanong le bone,+ mme ka tshwanelwa ke go ba tlisa mo lefatsheng la baba ba bone.+
“‘Gongwe ka nako eo pelo+ ya bone e e sa rupang e tla ikokobetsa,+ mme ka nako eo ba tla duela tlolo ya bone.
42 Ruri ke tla gakologelwa kgolagano ya me le Jakobe;+ le kgolagano ya me le Isake+ le kgolagano ya me le Aborahame+ ke tla e gakologelwa, mme gape ke tla gakologelwa lefatshe.
43 Mo nakong eno yotlhe lefatshe le ne le tlogetswe ke bone e bile le ne le duela bosabata ba lone+ fa le ne le kgakgabetse ba seyo mo go lone mme bone ba ne ba duelela tlolo+ ya bone, ka gonne, ee ka gonne tota ba ne ba ganne ditshwetso tsa me tsa boatlhodi,+ mme meya ya bone e ne e ila melao ya me.+
44 Le fa go ntse jalo ka ntlha ya seno sotlhe, fa ba tswelela ba nna mo lefatsheng la baba ba bone, ruri ga nkitla ke ba gana+ kgotsa ke ba ila+ gore ke ba fedise, gore ke senye kgolagano+ ya me le bone; gonne ke nna Jehofa Modimo wa bone.
45 Mme mo boemong jwa bone ke tla gakologelwa kgolagano ya bagologolwane+ ba ke neng ka ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto mo matlhong a ditšhaba,+ gore ke itshupe ke le Modimo wa bone. Ke nna Jehofa.’”
46 Eno ke melawana le ditshwetso tsa boatlhodi+ le melao e Jehofa a neng a e tlhoma fa gare ga gagwe le bomorwa Iseraele ka Moshe+ mo Thabeng ya Sinai.