Lefitiko 20:1-27

20  Mme Jehofa a tswelela go bua le Moshe, a re:  “O reye bomorwa Iseraele o re, ‘Motho ope wa bomorwa Iseraele, le moagi ope wa moeng yo o agileng mo Iseraele e le moeng, yo o nayang Moleke bana bape ba gagwe,+ ruri a bolawe. Batho ba lefatshe leo ba mo kgobotletse go fitlha a swa.  Mme nna, sefatlhego sa me se tla galefela motho yoo, ke tla mo kgaola mo bathong ba gagabo, ka gonne a neetse Moleke bangwe ba bana ba gagwe ka boikaelelo jwa go leswafatsa lefelo la me le le boitshepo+ le go itshepolola leina la me le le boitshepo.+  Mme fa batho ba lefatshe leo ba ka fitlhela motho yoo matlho ka boomo ka go sa mmolaye+ fa a naya Moleke bape ba bana ba gagwe,  foo, fa e le nna, sefatlhego sa me se tla galefela motho yoo le lelapa la gagwe,+ mme ruri ke tla mo kgaola mmogo le botlhe ba ba akafalang le ene ka go akafala+ le Moleke ke ba kgaola mo bathong ba gagabo.  “‘Fa e le moya o o retologelang kwa go ba ba buang le meya+ le ba ba dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele+ gore ba akafale le bone, ruri sefatlhego sa me se tla galefela moya oo ke bo ke o kgaola mo bathong ba gaone.+  “‘Mme lo iitshepise lo bo lo itshupe lo le boitshepo,+ ka gonne ke nna Jehofa Modimo wa lona.  Mme lo boloke melao ya me lo bo lo e dire.+ Ke nna Jehofa yo o lo itshepisang.+  “‘Fa go direga gore go bo go le motho ope yo o hutsang rraagwe le mmaagwe,+ ruri a bolawe.+ Ke rraagwe le mmaagwe ba a ba hutsitseng. Madi a gagwe ka esi a mo go ene.+ 10  “‘Jaanong monna yo o dirang boaka le mosadi wa monna yo mongwe ke yo o dirang boaka le mosadi wa mongwe ka ene.+ Ruri a bolawe, moakafadi wa monna mmogo le moakafadi wa mosadi.+ 11  Mme monna yo o lalang le mosadi wa ga rraagwe o bipolotse bosaikategang jwa ga rraagwe.+ Ruri ba bolawe boobabedi. Madi a bone ka bosi a mo go bone. 12  Mme fa monna a lala le ngwetsi ya gagwe, ruri ba bolawe boobabedi.+ Ba dirile kgatlhanong le tlholego. Madi a bone ka bosi a mo go bone.+ 13  “‘Mme fa monna a lala le monna ka tsela e e tshwanang le e a lalang le mosadi ka yone, boobabedi ba dirile selo se se makgapha.+ Ruri ba bolawe. Madi a bone ka bosi a mo go bone. 14  “‘Mme fa monna a tsaya mosadi le mmaagwe, ke boitshwaro jo bo repileng.+ Ba mo fise mmogo le bone mo molelong,+ gore boitshwaro jo bo repileng+ bo se ka jwa tswelela mo gare ga lona. 15  “‘Mme fa monna a naya phologolo peo ya gagwe e e duleng,+ ruri a bolawe, gape lo bolaye phologolo eo. 16  Mme fa mosadi a atamela phologolo epe gore a amane+ le yone, lo bolaye mosadi le phologolo eo. Ruri ba tshwanetse go bolawa. Madi a bone ka bosi a mo go bone. 17  “‘Mme fa monna a tsaya kgaitsadie, morwadiarraagwe kgotsa morwadia mmaagwe, mme a bo a bona bosaikategang jwa gagwe, mme le ene a bo a bona bosaikategang jwa ga morwarraagwe, ke matlhabisaditlhong.+ Ka jalo ba tshwanetse go kgaolwa fa pele ga matlho a bomorwa batho ba gabone. Ke bosaikategang jwa ga kgaitsadie jo a bo bipolotseng. O tshwanetse go arabela tlolo ya gagwe. 18  “‘Mme fa monna a lala le mosadi yo o bonang kgwedi mme a ba a bipolola bosaikategang jwa gagwe, o bipolotse motswedi wa gagwe, mme le mosadi o bipolotse motswedi wa madi a gagwe.+ Ka jalo boobabedi ba tshwanetse go kgaolwa mo bathong ba gabone. 19  “‘Mme o se ka wa bipolola bosaikategang jwa ga morwadiarraagwe mmago+ le jwa ga rakgadiago,+ ka gonne o bipolotse losika lwa gagwe lwa madi.+ Ba tshwanetse go arabela tlolo ya bone. 20  Mme monna yo o lalang le mosadi wa ga rangwanaagwe+ o bipolotse bosaikategang jwa ga rangwanaagwe. Ba tshwanetse go arabela boleo jwa bone. A ba swe ba se na bana.+ 21  Mme fa monna a tsaya mosadi wa ga morwarraagwe, ke selo se se ilegang.+ O bipolotse bosaikategang jwa ga morwarraagwe. A ba nne ba se na bana. 22  “Mme lo boloke melao ya me yotlhe+ le ditshwetso+ tsa me tsotlhe tsa boatlhodi lo bo lo di dire, gore lefatshe le ke lo tlisang kwa go lone gore lo nne kwa go lone le se ka la lo tlhatsetsa kwa ntle.+ 23  Mme lo se ka lwa tsamaya mo melaong ya ditšhaba tse ke di lelekang fa pele ga lona,+ ka gonne di dirile dilo tseno tsotlhe mme ke a di ila.+ 24  Ka gone ke ne ka lo raya ka re:+ “Fa e le lona, lo tla rua lefatshe la bone, mme fa e le nna, ke tla le lo naya gore lo le rue, lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe.+ Ke nna Jehofa Modimo wa lona, yo o lo lomolotseng mo ditšhabeng.”+ 25  Mme lo dire pharologanyo fa gare ga phologolo e e itshekileng le e e sa itshekang le fa gare ga nonyane e e sa itshekang le e e itshekileng;+ mme lo se ka lwa dira gore meya ya lona e ilege+ ka phologolo le ka nonyane le ka sepe fela se se tsamayang mo lefatsheng se ke se lo lomololetseng ka go di bolela e le tse di itshekologileng. 26  Mme lo itshupe lo le boitshepo+ mo go nna, ka gonne nna Jehofa ke boitshepo;+ mme ke lo lomolola mo ditšhabeng gore lo nne ba me.+ 27  “‘Mme fa e le monna kgotsa mosadi yo go supegang go na le moya o o buang le meya mo go ene kgotsa moya o o bolelelang pele,+ ruri ba bolawe.+ Ba ba kgobotletse ka maje go fitlha ba swa. Madi a bone ka bosi a mo go bone.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase