Joshua 3:1-17
3 Foo Joshua a tsoga go sa le phakela, mme ene le bomorwa Iseraele botlhe ba bolola go tswa Shitime+ mme ba tla go fitlha kwa Joredane; ba lala gone bosigo joo pele ba kgabaganya.
2 Ka jalo ga diragala kwa bokhutlong jwa malatsi a le mararo gore badiredi+ ba ralale bothibelelo
3 le go laela batho ba re: “Fela fa lo bona letlole la kgolagano ya ga Jehofa Modimo wa lona, le baperesiti, e bong Balefi, ba le sikere,+ foo lo bolole mo lefelong la lona, lo le sale morago,
4 —fela go nne le sekgala fa gare ga lona le lone sa mo e ka nnang selekanyo sa dikubita di le dikete tse pedi;+ lo se ka lwa le atamela—gore lo itse tsela e lo tshwanetseng go tsamaya ka yone, gonne ga lo ise lo ko lo fete ka tsela eo pele.”
5 Jaanong Joshua a raya batho a re: “Iitshepiseng,+ gonne ka moso Jehofa o tla dira dilo tse di gakgamatsang mo gare ga lona.”+
6 Foo Joshua a raya baperesiti a re: “Tsayang letlole la kgolagano+ mme lo fete fa pele ga batho.” Ka jalo ba tsaya letlole la kgolagano mme ba tsamaya fa pele ga batho.
7 Mme Jehofa a raya Joshua a re: “Mo letsatsing leno ke tla simolola go go dira mogolo mo matlhong a Iseraele yotlhe, gore ba tle ba itse gore ke tla nna le wena+ fela jaaka ke ne ke na le Moshe.+
8 Mme wena—o laele baperesiti ba ba sikereng letlole la kgolagano o re, ‘Fela fa lo sena go fitlha fa losing lwa metsi a Joredane, lo eme fela lo sa tshikhinyege mo Joredane.’”
9 Mme Joshua a raya bomorwa Iseraele a re: “Atamelang fano lo reetse mafoko a ga Jehofa Modimo wa lona.”
10 Morago ga moo Joshua a re: “Lo tla itse ka seno gore Modimo yo o tshelang o mo gare ga lona,+ le gore ruri o tla leleka Bakanana le Bahite le Bahife le Baperise le Bagerigashe le Baamore le Bajebuse+ fa pele ga lona.
11 Bonang! Letlole la kgolagano la Morena wa lefatshe lotlhe le feta fa pele ga lona le tsena mo Joredane.
12 Mme jaanong itseeleng banna ba le lesome le bobedi mo ditsong tsa Iseraele, monna a le mongwe go tswa mo lotsong longwe le longwe.
13 Mme go tla diragala gore fela fa dipato tsa dinao tsa baperesiti ba ba sikereng letlole la ga Jehofa, Morena wa lefatshe lotlhe, di ema mo metsing a Joredane, metsi a Joredane a tla emisiwa, metsi a a fologang kwa godimo, mme a tla ema a sa tshikhinyege jaaka letamo le le lengwe.”+
14 Mme ga diragala gore fa batho ba ne ba bolola ba tswa mo megopeng+ ya bone pele fela ga ba kgabaganya Joredane, baperesiti ba sikere letlole la kgolagano ba le fa pele ga batho,
15 le ka nako ya fa basikari ba Letlole ba ne ba fitlha fa Joredane mme dinao tsa baperesiti ba ba sikereng Letlole di ne di inwa fa losing lwa metsi (jaanong Joredane e penolosa dintshi+ tsotlhe tsa yone malatsi otlhe a thobo),
16 foo metsi a a fologang kwa godimo a simolola go ema fela a sa tshikhinyege. A ne a tlhatloga jaaka letamo le le lengwe kgakala thata kwa Adame, motse o o kafa letlhakoreng la Sarethane,+ fa a a fologelang kwa lewatleng la Areba, Lewatle la Letswai,+ a ne a fela. A ne a emisiwa, mme batho ba kgabaganya fa pele ga Jeriko.
17 Fa go sa ntse go ntse jalo baperesiti ba ba sikereng letlole la kgolagano ya ga Jehofa ba nna ba eme fela ba sa sute mo mmung o o omileng+ mo gare ga Joredane fa Iseraele yotlhe e ne e kgabaganya mo mmung o o omileng,+ go fitlha setšhaba sotlhe se feditse go kgabaganya Joredane.