Joshua 24:1-33
24 Mme Joshua a simolola go phutha ditso tsotlhe tsa Iseraele mmogo kwa Shekema+ a bo a bitsa banna ba bagolwane ba Iseraele+ le ditlhogo tsa yone le baatlhodi ba yone le badiredi ba yone, mme ba ema fa pele ga Modimo wa boammaaruri.+
2 Mme Joshua a raya batho botlhe a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Borraalonamogologolwane+ ba ne ba nna ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka+ bogologolo, Tera rraagwe Aborahame le rraagwe Nahore,+ mme ba ne ba tle ba direle medimo e mengwe.
3 “‘Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka tsaya Aborahame+ rraalonamogologolwane go tswa ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka mme ka dira gore a ralale lefatshe lotlhe la Kanana mme ka ntsifatsa losika lwa gagwe.+ Ka jalo ke ne ka mo naya Isake.+
4 Morago ga moo ka naya Isake Jakobe le Esau.+ Moragonyana ka naya Esau Thaba ya Seire gore a e rue;+ mme Jakobe le bomorwawe ba fologela kwa Egepeto.+
5 Moragonyana ka roma Moshe le Arone,+ mme ka leretse Egepeto sebetso ka se ke neng ka se dira mo gare ga yone;+ morago ga moo ka lo ntsha.+
6 Fa ke ne ke ntsha borraalona kwa Egepeto+ mme lo tla kwa lewatleng, foo Baegepeto ba ne ba lelekisa+ borraalona ka dikara tsa ntwa le bapalami ba dipitse go ya kwa Lewatleng le Lehibidu.
7 Mme ba simolola go lelela kwa go Jehofa.+ Ka jalo o ne a baya lefifi fa gare ga lona le Baegepeto+ a ba a tlisa lewatle mo godimo ga bone mme a ba bipa,+ mme matlho a lona a ne a bona se ke neng ka se dira kwa Egepeto;+ mme lo ne lwa nna mo nageng malatsi a le mantsi.+
8 “‘Moragonyana ke ne ka lo tlisa mo lefatsheng la Baamore ba ba neng ba nna ka kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane, mme ba ne ba tlhabana le lona.+ Foo ka ba tsenya mo seatleng sa lona gore lo rue lefatshe la bone, mme ka ba nyeletsa ke ba tlosa fa pele ga lona.+
9 Foo Balake morwa Sipore,+ kgosi ya Moabe, a nanoga a tlhabana le Iseraele.+ Ka jalo a roma a bitsa Balaame morwa Beore gore a lo hutse.+
10 Mme ke ne ke sa batle go reetsa Balaame.+ Ka gone a lo segofatsa kgapetsakgapetsa.+ Ka jalo ka lo golola mo seatleng sa gagwe.+
11 “‘Morago ga moo lwa kgabaganya Joredane+ lwa tla mo Jeriko. Mme beng ba naga ya Jeriko, Baamore le Baperise le Bakanana le Bahite le Bagiregashe, Bahife le Bajebuse ba simolola go tlhabana le lona; mme ka ba tsenya mo seatleng sa lona.+
12 Ka jalo ke ne ka romela boikutlo jwa go kotlomana pelo kwa pele ga lona, mme jwa feletsa bo ba lelekile fa pele ga lona+—dikgosi tse pedi tsa Baamore—e seng ka tšhaka ya gago gape e seng ka bora jwa gago.+
13 Ka jalo ka lo naya lefatshe le lo neng lo sa le direla ka natla le metse e lo neng lo sa e aga,+ mme lwa nna mo go yone. Lo ja masimo a mofine le dikgwa tsa motlhware tse lo sa di jalang.’+
14 “Mme jaanong boifang Jehofa+ lo mo direle ka go tlhoka molato le ka boammaaruri,+ mme lo ntshe medimo e borraalonamogologolwane ba neng ba e direla ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka le kwa Egepeto,+ mme lo direle Jehofa.
15 Jaanong fa go le bosula mo matlhong a lona go direla Jehofa, itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang,+ e ka ne e le medimo e borraalonamogologolwane ba ba neng ba le ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka ba neng ba e direla kgotsa medimo ya Baamore ba lo nnang mo lefatsheng la bone.+ Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.”+
16 Foo batho ba araba ba re: “Go ka se direge gore re tlogele Jehofa re direle medimo e mengwe.
17 Gonne ke Jehofa Modimo wa rona yo o ntshitseng rona le borraarona kwa lefatsheng la Egepeto,+ mo ntlong ya batlhanka,+ le yo o neng a dira ditshupo tse dikgolo tseno fa pele ga matlho a rona+ le yo o neng a nna a re disa mo tseleng yotlhe e re tsamaileng mo go yone le mo gare ga ditšhaba tsotlhe tse re fetileng mo gare ga tsone.+
18 Mme Jehofa a leleka ditšhaba tsotlhe fa pele ga rona, le Baamore ba ba nnang mo lefatsheng. Mme rona, le rona re tla direla Jehofa, ka gonne ke Modimo wa rona.”+
19 Foo Joshua a raya batho a re: “Ga lo ka ke lwa direla Jehofa, ka gonne ke Modimo yo o boitshepo;+ ke Modimo yo o batlang boineelo jo bo feletseng.+ Ga a kitla a itshwarela botlhanogi jwa lona le maleo a lona.+
20 Fa go direga gore lo tlogele Jehofa+ mme lo direle medimo e sele, le ene o tla boa a bo a lo utlwisa botlhoko a ba a lo fedisa morago ga a sena go lo direla molemo.”+
21 Foo batho ba raya Joshua ba re: “Nnyaa, Jehofa ke ene yo re tla mo direlang!”+
22 Foo Joshua a raya batho a re: “Lo basupi ba lona ka bolona+ gore kafa go rateng ga lona ka namana lo itlhophetse Jehofa, gore lo mo direle.”+ Foo ba re: “Re basupi.”
23 “Mme jaanong tlosang medimo e sele e e mo gare ga lona,+ mme lo retolosetse dipelo tsa lona kwa go Jehofa Modimo wa Iseraele.”
24 Foo batho ba raya Joshua ba re: “Re tla direla Jehofa Modimo wa rona, e bile re tla reetsa lentswe la gagwe!”+
25 Mme Joshua a dira kgolagano le batho mo letsatsing leo a ba a ba direla molao le tshwetso ya boatlhodi+ kwa Shekema.
26 Foo Joshua a kwala mafoko ano mo bukeng ya molao wa Modimo+ mme a tsaya leje le legolo+ a ba a le tlhoma foo fa tlase ga setlhare se segolo+ thata se se fa lefelong le le boitshepo la ga Jehofa.
27 Mme Joshua a tswelela a raya batho botlhe a re: “Bonang! Leje leno ke lone le le tla direlang jaaka mosupi kgatlhanong le rona,+ ka gonne lone ka bolone le utlwile mafoko otlhe a ga Jehofa a a a buileng le rona, mme le tla direla jaaka mosupi kgatlhanong le lona, gore lo se ka lwa itatola Modimo wa lona.”
28 Foo Joshua a lesa batho ba tsamaya, mongwe le mongwe go ya kwa bosweng jwa gagwe.+
29 Mme ga diragala gore morago ga dilo tseno Joshua morwa Nune, motlhanka wa ga Jehofa, kgabagare a swe a le dingwaga di le lekgolo le lesome.+
30 Ka jalo ba mo fitlha mo karolong ya naga ya boswa jwa gagwe kwa Timenathe-sera,+ o o mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime, kwa bokone jwa Thaba ya Gaashe.
31 Mme Iseraele ya tswelela go direla Jehofa malatsi otlhe a ga Joshua+ le malatsi otlhe a banna ba bagolwane ba ba neng ba tswelela ba tshela morago ga ga Joshua le ba ba neng ba itse tiro yotlhe ya ga Jehofa e a neng a e direla Iseraele.+
32 Mme marapo a ga Josefa,+ a bomorwa Iseraele ba neng ba a ntshitse kwa Egepeto, ba a fitlha kwa Shekema mo sebateng sa naga se Jakobe a neng a se bapetse mo go bomorwa Hamore,+ rraagwe Shekema, ka dipapetla tsa madi di le lekgolo;+ mme ya nna sa bomorwa Josefa e le boswa.
33 Gape, Eliasare morwa Arone a swa.+ Ka jalo ba mo fitlha mo Thoteng ya ga Finease morwawe,+ e a neng a e mo neile mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime.