Joshua 22:1-34

22  Ka nako eo Joshua a bitsa Barubene le Bagada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase+  mme a ba raya a re: “Mme lona, lo bolokile sotlhe se Moshe motlhanka wa ga Jehofa a neng a se lo laolela,+ mme lo ne lwa utlwa lentswe la me mo go sotlhe se ke se lo laoletseng.  Ga lo a tlogela bomorwarraalona malatsi a le mantsi ano go fitlha mo letsatsing leno, e bile lo bolokile boikarabelo jwa taelo ya ga Jehofa Modimo wa lona.+  Mme jaanong Jehofa Modimo wa lona o neile bomorwarraalona boikhutso, fela jaaka a ne a ba solofetsa. Mme jaanong retologang lo yeng kwa megopeng ya lona kwa lefatsheng le lo le ruileng, le Moshe motlhanka wa ga Jehofa a neng a le lo naya ka kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane.+  Fela lo nne kelotlhoko go diragatsa taelo+ le molao o Moshe motlhanka wa ga Jehofa a lo o laoletseng ka go rata Jehofa Modimo wa lona+ le ka go tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe+ le ka go boloka ditaelo+ tsa gagwe le ka go mo ngaparela+ le ka go mo direla+ ka pelo yotlhe+ ya lona le ka moya otlhe wa lona.”+  Foo Joshua a ba segofatsa+ a bo a ba tsamaisa gore ba ye kwa megopeng ya bone.  Mme Moshe o ne a neile sephatlo sa lotso lwa ga Manase mpho kwa Bashana, mme Joshua a naya sephatlo se sengwe sa bomorwarraabone mpho kafa letlhakoreng le lengwe la Joredane go ya kwa bophirima. Ka jalo gape e rile Joshua a ba tsamaisa gore ba ye kwa megopeng ya bone, a ba segofatsa.  Mme a ba raya a re: “Boelang kwa megopeng ya lona ka dikhumo di le dintsi le ka diruiwa di le dintsi thata, ka selefera le gouta le kgotlho le tshipi le diaparo tse dintsi thata.+ Tsayang kabelo ya lona ya thopo+ ya baba ba lona mmogo le bomorwarraalona.”  Morago ga moo bomorwa Rubene le bomorwa Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase ba boa mme ba tswa mo go bomorwa Iseraele ba bangwe, go tswa kwa Shilo, o o kwa lefatsheng la Kanana, gore ba ye kwa lefatsheng la Gileade,+ kwa lefatsheng la thuo ya bone le ba neng ba nnisitswe mo go lone ka taelo ya ga Jehofa ka Moshe.+ 10  E rile ba goroga mo dikgaolong tsa Joredane tse di neng di le mo lefatsheng la Kanana, foo bomorwa Rubene le bomorwa Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase ba aga sebeso gone fa Joredane, sebeso se se tlhomologileng thata. 11  Moragonyana bomorwa Iseraele ba bangwe ba utlwa+ go twe: “Bonang! Bomorwa Rubene le bomorwa Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase ba agile sebeso fa kgaolong e e leng molelwane wa lefatshe la Kanana mo dikgaolong tsa Joredane kafa letlhakoreng la bomorwa Iseraele.” 12  E rile bomorwa Iseraele ba utlwa ka gone, phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele+ ya phuthelwa kwa Shilo gore e ye go ba tlhabantsha.+ 13  Foo bomorwa Iseraele ba roma+ Finease+ morwa moperesiti Eliasare kwa go bomorwa Rubene le bomorwa Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase kwa lefatsheng la Gileade, 14  mmogo le dikgosana di le lesome, kgosana e le nngwe ya ba ntlo nngwe le nngwe ya ga rre ya ditso tsotlhe tsa Iseraele, mme mongwe le mongwe wa bone e ne e le tlhogo ya ntlo ya borraabone ba dikete tsa Iseraele.+ 15  Fa nako e ntse e tsamaya ba goroga mo go bomorwa Rubene le bomorwa Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase kwa lefatsheng la Gileade mme ba simolola go bua le bone,+ ba re: 16  “Phuthego yotlhe ya ga Jehofa e buile jaana, ‘Ke tiro efe eno ya go sa ikanyege e lo e diretseng Modimo wa Iseraele ka go boa+ gompieno mo go saleng Jehofa morago ka go ikagela ga lona sebeso,+ gore lo tle lo tsuologele Jehofa gompieno? 17  A tlolo ya ga Peore+ e ne e le potlana thata mo go rona, e re iseng re intlafatse mo go yone go fitlha mo letsatsing leno, le mororo sebetso se ne sa tlela phuthego ya ga Jehofa?+ 18  Mme lona—gompieno lo ne lo tla boa mo go saleng Jehofa morago; mme go tla diragala gore fa lo ka tsuologela Jehofa gompieno, foo o tla bo a galefetse+ phuthego yotlhe ya Iseraele ka moso 19  Jaanong fa e le gore ruri lefatshe la thuo ya lona ga le phepa,+ kgabaganyetsang kwa lefatsheng la thuo ya ga Jehofa+ kwa motlaagana wa ga Jehofa o agileng gone, mme lo nne mo gare ga rona; lo se ka lwa tsuologela Jehofa gape lo se ka lwa dira gore rona re nne ba ba tsuologang ka go ikagela ga lona sebeso go ntse go na le sebeso sa ga Jehofa Modimo wa rona.+ 20  A Akane morwa Sera ga se ene a neng a dira tiro ya go sa ikanyege mo selong se se neng se neeletswe tshenyego, mme a kgalefo ga e a ka ya tlela phuthego yotlhe ya Iseraele? E ne e se ene fela motho yo o neng a swela mo tlolong ya gagwe.’” 21  Foo bomorwa Rubene le bomorwa Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase ba araba+ mme ba bua le ditlhogo tsa dikete tsa Iseraele ba re: 22  “Yo e Leng Modimo,+ Modimo+ Jehofa, Yo e Leng Modimo, Modimo Jehofa,+ o a itse,+ mme Iseraele, le ene o tla itse.+ Lo se ka lwa re boloka mo letsatsing leno fa e le gore ke ka go tsuologa+ le fa e le gore ke ka go tlhoka boikanyegi mo go Jehofa.+ 23  Jehofa ka boene o tla hukutsa+ gore a re ne re ikagela sebeso gore re boe mo go saleng Jehofa morago, le gore a e ne e le gore re ise ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa dijo tsa ditlhaka mo go sone,+ le gore a e ne e le gore re ise ditlhabelo tsa kabalano mo go sone; 24  kgotsa gore a bogolo e ne e se ka go tshwenyegela sengwe se sele ka tlhobaelo go bo re ne ra dira seno, re re, ‘Mo isagweng bomorwaalona ba tla raya bomorwaarona ba re: “Lo amana jang le Jehofa Modimo wa Iseraele? 25  Mme go na le molelwane o Jehofa a o beileng fa gare ga rona le lona, bomorwa Rubene le bomorwa Gada, e leng, Joredane. Ga lo na kabelo epe mo go Jehofa.”+ Mme bomorwaalona ba tla dira gore bomorwaarona ba tlogele go boifa Jehofa.’+ 26  “Ka gone re ne ra re, ‘A re itseeleng kgato, tsweetswee, ka go aga sebeso, re sa se agele tshupelo e e fisiwang le fa e le setlhabelo, 27  mme gore e nne bosupi fa gare ga rona+ le lona le dikokomana tsa rona morago ga rona gore re tla dira tirelo ya ga Jehofa fa pele ga gagwe ka ditshupelo tsa rona tse di fisiwang le ditlhabelo tsa rona le ditlhabelo tsa rona tsa kabalano,+ gore mo isagweng bomorwaalona ba se ka ba raya bomorwaarona ba re: “Ga lo na kabelo epe mo go Jehofa.”’ 28  Ka jalo re ne ra re, ‘Mme go tla diragala gore fa ba ka bua jalo mo go rona le mo dikokomaneng tsa rona mo isagweng, re tla re: “Bonang setshwano sa sebeso sa ga Jehofa se borraarona ba neng ba se dira, ba sa se direle tshupelo e e fisiwang le fa e le setlhabelo, mme ke bosupi fa gare ga rona le lona.”’ 29  Go ka se direge gore ka bogarona re tsuologele Jehofa le go boa gompieno mo go saleng Jehofa morago+ ka go aga sebeso re se agela tshupelo e e fisiwang, tshupelo ya dijo tsa ditlhaka le setlhabelo go ntse go na le sebeso sa ga Jehofa Modimo wa rona se se fa pele ga motlaagana!”+ 30  Jaanong e rile moperesiti Finease le dikgosana tsa phuthego+ le ditlhogo tsa dikete tsa Iseraele tse di neng di na le ene ba utlwa mafoko a bomorwa Rubene le bomorwa Gada le bomorwa Manase ba a buileng, ga nna molemo mo matlhong a bone. 31  Ka jalo Finease morwa moperesiti Eliasare a raya bomorwa Rubene le bomorwa Gada le bomorwa Manase a re: “Gompieno re a itse gore Jehofa o mo gare ga rona,+ ka gonne ga lo a direla Jehofa tiro eno ya go sa ikanyege. Jaanong lo golotse bomorwa Iseraele mo seatleng sa ga Jehofa.”+ 32  Foo Finease morwa moperesiti Eliasare le dikgosana ba boa kwa go bomorwa Rubene le bomorwa Gada kwa lefatsheng la Gileade ba ya kwa lefatsheng la Kanana kwa go bomorwa Iseraele ba bangwe mme ba busetsa lefoko kwa go bone.+ 33  Mme lefoko leno la nna molemo mo matlhong a bomorwa Iseraele; mme bomorwa Iseraele ba baka Modimo,+ mme ba se ka ba bua kaga go tlhatloga ba ya go ba tlhabantsha ba ya go senya lefatshe le bomorwa Rubene le bomorwa Gada ba neng ba nna mo go lone. 34  Mme bomorwa Rubene le bomorwa Gada ba simolola go naya sebeso seno leina, ka gonne “ke bosupi fa gare ga rona gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase