Joshua 21:1-45

21  Ditlhogo tsa borra Balefi jaanong tsa atamela moperesiti Eliasare+ le Joshua morwa Nune le ditlhogo tsa borra ditso tsa bomorwa Iseraele,  mme tsa bua le bone kwa Shilo mo lefatsheng la Kanana, tsa re: “Jehofa o laetse ka Moshe gore re newe metse e re tla nnang mo go yone, mmogo le mafulo a yone a diruiwa tsa rona.”+  Ka jalo bomorwa Iseraele ba naya Balefi+ metse eno le mafulo a yone go tswa mo bosweng jwa bone+ ka taelo ya ga Jehofa.  Foo ga tswa karolo e e abilweng ka bola ya malapa a Bakohathe,+ mme metse e le lesome le boraro ya nna ya bomorwa moperesiti Arone, ya Balefi, e e abilweng ka bola, go tswa mo lotsong lwa Juda+ le go tswa mo lotsong lwa Basimeone le go tswa mo lotsong lwa ga Benjamine.+  Mme go ne go na le metse e le lesome ya bomorwa Kohathe+ ba ba neng ba setse e e neng e abilwe ka bola go tswa mo malapeng a lotso lwa ga Eferaime+ le go tswa mo lotsong lwa ga Dana le go tswa mo sephatlong sa lotso lwa ga Manase.+  Gape go ne go na le metse e le lesome le boraro ya bomorwa Gereshone+ e e neng e abilwe ka bola go tswa mo malapeng a lotso lwa ga Isakare le go tswa mo lotsong lwa ga Ashera le go tswa mo lotsong lwa ga Nafetali le go tswa mo sephatlong sa lotso lwa ga Manase kwa Bashana.+  Bomorwa Merari+ ba ne ba na le metse e le lesome le bobedi ka malapa a bone go tswa mo lotsong lwa ga Rubene le go tswa mo lotsong lwa ga Gada le go tswa mo lotsong lwa ga Sebulone.  Ka jalo bomorwa Iseraele ba naya Balefi metse eno le mafulo a yone+ ka bola,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse ka Moshe.+  Ba naya metse eno jalo e e neng e bidiwa ka leina+ go tswa mo lotsong lwa bomorwa Juda le go tswa mo lotsong lwa bomorwa Simeone, 10  mme ya nna ya bomorwa Arone go tswa mo malapeng a Bakohathe ba bomorwa Lefi, ka gonne karolo ya ntlha e e abilweng ka bola e ne ya nna ya bone. 11  Ka gone ba ba naya Kiriathe-areba+ (Areba yo o bolelwang yono e le rraagwe Anake), ke go re, Heberone,+ mo kgaolong e e dithaba ya Juda, le mafulo a yone go e dikologa yotlhe; 12  mme ba naya Kalebe morwa Jefune tshimo ya motse le metsana ya one go nna thuo ya gagwe.+ 13  Mme ba naya bomorwa moperesiti Arone motse wa botshabelo+ wa mmolai,+ e leng, Heberone, le mafulo a yone, le Libena+ le mafulo a yone, 14  le Jatire+ le mafulo a yone, le Eshetemoa le mafulo a yone,  15  le Holone+ le mafulo a yone, le Debira le mafulo a yone, 16  le Aine+ le mafulo a yone, le Juta le mafulo a yone, Bethe-shemeshe+ le mafulo a yone; metse e le robongwe go tswa mo ditsong tseno tse pedi. 17  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Benjamine, Gibeone le mafulo a yone, Geba le mafulo a yone, 18  Anathothe+ le mafulo a yone, le Alemone+ le mafulo a yone; metse e le menè. 19  Metse yotlhe ya bomorwa Arone,+ e bong baperesiti, e ne e le metse e le lesome le boraro le mafulo a yone.+ 20  Mme malapa a bomorwa Kohathe, Balefi ba ba neng ba setse ba bomorwa Kohathe, ba nna le metse e e neng e abilwe ka bola jwa bone go tswa mo lotsong lwa ga Eferaime.+ 21  Ka jalo ba ba naya motse wa botshabelo+ wa mmolai,+ e leng, Shekema,+ le mafulo a yone+ mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime, le Gesere+ le mafulo a yone, 22  le Kibesaime+ le mafulo a yone, le Bethe-horona le mafulo a yone; metse e le menè. 23  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Dana, Eleteke le mafulo a yone, Gibethone le mafulo a yone, 24  Aijalona+ le mafulo a yone, Gathe-rimone+ le mafulo a yone; metse e le menè. 25  Mme go tswa mo sephatlong sa lotso lwa ga Manase, Taanake+ le mafulo a yone, le Gathe-rimone le mafulo a yone; metse e le mebedi. 26  Metse yotlhe mmogo le mafulo a yone e malapa a bomorwa Kohathe ba ba neng ba setse ba neng ba na le yone e ne e le lesome. 27  Mme bomorwa Gereshone, ba malapa a Balefi, ba ne ba na le motse wa botshabelo wa mmolai go tswa mo sephatlong sa lotso lwa ga Manase, e leng, Golane, kwa Bashana, le mafulo a yone, le Beeshetera+ le mafulo a yone; metse e le mebedi. 28  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Isakare, Kishione le mafulo a yone, Daberathe+ le mafulo a yone, 29  Jaremuthe+ le mafulo a yone, Ene-ganime le mafulo a yone; metse e le menè. 30  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Ashera, Mishale le mafulo a yone, Abedona+ le mafulo a yone, 31  Helekathe le mafulo a yone, le Rehobe+ le mafulo a yone; metse e le menè. 32  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Nafetali, motse wa botshabelo+ wa mmolai,+ e leng, Kedeshe kwa Galalea, le mafulo a yone, le Hamothe-dore le mafulo a yone, le Karatane le mafulo a yone; metse e le meraro. 33  Metse yotlhe ya Bagereshone ka malapa a bone e ne e le metse e le lesome le boraro le mafulo a yone. 34  Mme malapa a bomorwa Merari,+ Balefi ba ba neng ba setse, ba ne ba na le Jokeneame le mafulo a yone go tswa mo lotsong lwa ga Sebulone, Kareta le mafulo a yone, 35  Dimena+ le mafulo a yone, Nahalale+ le mafulo a yone; metse e le menè. 36  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Rubene, Besere+ le mafulo a yone, le Jahase le mafulo a yone, 37  Kedemothe+ le mafulo a yone, le Mefaathe+ le mafulo a yone; metse e le menè. 38  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Gada, motse wa botshabelo wa mmolai, e leng, Ramothe kwa Gileade,+ le mafulo a yone, le Mahanaime+ le mafulo a yone, 39  Heshebone+ le mafulo a yone, Jasere+ le mafulo a yone; metse yotlhe e le menè. 40  Metse yotlhe e e neng ya nna ya bomorwa Merari+ ka malapa a bone, ba ba neng ba setse go tswa mo malapeng a Balefi, e ne e le metse e le lesome le bobedi e le kabelo ya bone. 41  Metse yotlhe ya Balefi mo gare ga thuo ya bomorwa Iseraele e ne e le metse+ e le masome a manè le borobedi mmogo le mafulo a yone.+ 42  Mongwe le mongwe wa metse eno o ne wa nna motse le mafulo a one go o dikologa otlhe—ga nna jalo ka metse eno yotlhe.+ 43  Ka jalo Jehofa a naya Iseraele lefatshe lotlhe le a neng a ikanetse gore o tla le naya borraabonemogologolwane,+ ba le rua+ ba bo ba nna mo go lone. 44  Mo godimo ga moo, Jehofa a ba naya boikhutso+ mo tikologong yotlhe, kafa go sotlhe se a neng a se ikanela+ borraabonemogololwane, mme ga se ka ga ema le fa a le mongwe wa baba ba bone fa pele ga bone.+ Jehofa o ne a tsenya baba botlhe ba bone mo seatleng sa bone.+ 45  Ga go na tsholofetso epe e e neng ya se ka ya diragadiwa mo tsholofetsong yotlhe e e molemo e Jehofa a neng a e solofeditse ntlo ya Iseraele; e ne ya diragadiwa yotlhe fela.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase