Joshua 16:1-10
16 Mme ga tswa karolo e e abilweng ka bola+ ya bomorwa Josefa+ go simolola kwa Joredane+ kwa Jeriko go ya kwa metsing a Jeriko kwa botlhaba, naga e e tlhatlogang go tswa Jeriko e tsena mo kgaolong e e dithaba ya Bethele.
2 Ya tswa mo Bethele wa Luse+ mme ya kgabaganyetsa kwa molelwaneng wa Baareka+ kwa Atarothe,
3 mme ya fologela kwa bophirima e ya molelwaneng wa Bajafelete go fitlha kwa molelwaneng wa Bethe-horona+ o o Kwa Tlase le Gesere,+ mme ya felela kwa lewatleng.+
4 Mme bomorwa Josefa,+ Manase le Eferaime, ba rua lefatshe.+
5 Mme molelwane wa bomorwa Eferaime ka malapa a bone ya nna, ee, molelwane wa boswa jwa bone go ela kwa botlhaba ya nna Atarothe-adare, go fitlha kwa Bethe-horona o o Kwa Godimo;+
6 mme molelwane wa tswela kwa lewatleng. Mikemethathe o ne a le kwa bokone, mme molelwane wa dikologela kwa botlhaba o ya Taanathe-shilo, o bo o kgabaganyetsa kwa botlhaba go ya Janoa.
7 Mme wa fologa go tswa Janoa go ya Atarothe le Naara o bo o fitlha kwa Jeriko o bo o tswela kwa Joredane.
8 Go tswa Tapua molelwane wa tswela pele go ya ntlheng ya bophirima kwa mokgatšheng o o phothoselang wa Kana, mme wa felela kwa lewatleng.+ Jono ke boswa jwa lotso lwa bomorwa Eferaime ka malapa a bone.
9 Mme bomorwa Eferaime ba ne ba na le metse e e mo gare ga boswa jwa bomorwa Manase, metse yotlhe le metsana ya teng.
10 Mme ba ne ba se ka ba leleka Bakanana+ ba ba neng ba nna kwa Gesere, mme Bakanana ba tswelela ba nna mo gare ga Eferaime go fitlha mo letsatsing leno+ mme ba patelediwa go dira tiro e e boima ya botlhanka.+