Joshua 11:1-23
11 Mme ga diragala gore fela fa Jabine kgosi ya Hasore a utlwa ka gone, a roma kwa go Jobabe kgosi ya Madona le kwa kgosing ya Shimerone le kwa kgosing ya Akeshafe,
2 le kwa dikgosing tse di neng di le kwa bokone mo kgaolong e e dithaba le kwa mabaleng a a sekaka kwa borwa jwa Kinerethe+ le kwa Shefela le mo mekolokong ya dithaba tsa Dora+ go ya kwa bophirima,
3 Bakanana+ kwa botlhaba le kwa bophirima, le Baamore+ le Bahite+ le Baperise+ le Bajebuse+ mo kgaolong e e dithaba le Bahife+ fa mohapheng wa Heremone+ mo lefatsheng la Misepa.
4 Ka jalo ba tswa, bone mmogo le mathibelelo otlhe a bone, setšhaba se se ntseng jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle ka bontsi,+ le dipitse di le dintsi+ thata le dikara tsa ntwa.
5 Foo dikgosi tseno tsotlhe tsa kopana mmogo ka nako e di e beelaneng mme tsa tla tsa thibelela mmogo fa metsing a Merome gore di tlhabane le Iseraele.+
6 Foo Jehofa a raya Joshua a re: “O se ka wa boifa ka ntlha ya bone,+ gonne ka moso mo e ka nnang ka nako eno ke tla bo ke ba tlogelela Iseraele botlhe ba bolailwe. O tla kgaola mesifa ya maoto a dipitse tsa bone,+ mme o tla fisa dikara tsa bone mo molelong.”+
7 Mme Joshua mmogo le batho botlhe ba ntwa ba ba tsogologela ka tshoganyetso fa metsing a Merome mme ba ba wela godimo.
8 Foo Jehofa a ba tsenya mo seatleng sa Iseraele,+ mme ba ba kgemetha le go ba latelela go ya go fitlha kwa Sidona+ o o nang le batho ba bantsi le kwa Miserefothe-maime le lebala la mokgatšha wa Misepa go ya kwa botlhaba; ba nna ba ba kgemetha go fitlha ba sa letla gore go sale mofalodi ope wa bone.+
9 Morago ga moo Joshua a ba dira fela jaaka Jehofa a ne a mmoleletse: a kgaola dipitse tsa bone mesifa ya maoto,+ mme a fisa dikara tsa bone mo molelong.+
10 Go feta moo, Joshua a retologa ka nako eo a thopa Hasore; mme a kgemetha kgosi ya teng ka tšhaka,+ ka gonne pele ga moo Hasore e ne e le tlhogo ya magosi ano otlhe.
11 Mme ba kgemetha moya mongwe le mongwe o o neng o le mo go yone ka bogale jwa tšhaka, ba e senya.+ Go ne go sa tlogelwa selo sepe gotlhelele se se hemang,+ mme a fisa Hasore mo molelong.
12 Mme Joshua a thopa metse yotlhe ya dikgosi tseno le dikgosi tsotlhe tsa yone mme a di kgemetha ka bogale jwa tšhaka.+ A di senya,+ fela jaaka Moshe motlhanka wa ga Jehofa a ne a laetse.+
13 Ke metse e e neng e eme mo dithotaneng tsa yone fela e Iseraele e neng ya se ka ya e fisa, kwantle ga gore Joshua o ne a fisa Hasore e le nosi.
14 Mme bomorwa Iseraele ba ikgapela thopo+ yotlhe ya metse eno le diruiwa . E ne e le batho botlhe fela ba ba neng ba ba kgemetha ka bogale jwa tšhaka go fitlha ba ba nyeleditse.+ Ba ne ba se ka ba letla ope yo o hemang go sala.+
15 Fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe motlhanka wa gagwe, Moshe o ne a laela Joshua+ jalo, mme Joshua a dira jalo. O ne a se ka a tlosa le fa e le lefoko mo go otlhe a Jehofa a neng a a laetse Moshe.+
16 Mme Joshua a tsaya lefatshe leno lotlhe, kgaolo e e dithaba le Negebe+ yotlhe le lefatshe lotlhe la Goshene le Shefela+ le Areba+ le kgaolo e e dithaba ya Iseraele le Shefela wa yone,
17 go tswa kwa Thabeng ya Halake, e e tlhatlogelang kwa Seire,+ le go ya go fitlha kwa Baale-gade mo lebaleng la mokgatšha wa Lebanona fa mohapheng wa Thaba ya Heremone,+ mme a thopa dikgosi tsotlhe tsa yone a di kgemetha a di bolaya.+
18 Joshua o ne a lwa le dikgosi tseno tsotlhe malatsi a le mantsi.
19 Go ne go se na motse ope o o neng wa dira kagiso le bomorwa Iseraele fa e se Bahife ba ba nnang kwa Gibeone. E mengwe yotlhe ba ne ba e tsaya ka ntwa.+
20 Gonne go ne ga itshupa e le tsela ya ga Jehofa go letla dipelo tsa bone gore di nne logwadi+ gore ba bolotse ntwa kgatlhanong le Iseraele, gore a tle a ba neelele tshenyego, gore ba se ka ba akanyediwa+ ka tsela e e molemo, mme gore a ba nyeletse, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.+
21 Go feta moo, ka yone nako eo Joshua a tswa a ya go fedisa Baanake+ mo kgaolong e e dithaba, mo Heberone, mo Debira, mo Anabe le mo kgaolong yotlhe e e dithaba ya Juda le mo kgaolong yotlhe e e dithaba ya Iseraele. Joshua a ba senya+ mmogo le metse ya bone.
22 Ga go na Baanake bape ba ba neng ba tlogelwa mo lefatsheng la bomorwa Iseraele. Ba ne ba sala+ fela kwa Gasa,+ kwa Gathe+ le kwa Ashedoda.+
23 Ka jalo Joshua a tsaya lefatshe lotlhe, kafa go sotlhe se Jehofa a neng a se solofeditse Moshe,+ foo Joshua a le neela Iseraele go nna boswa ka dikabelo tsa bone, kafa ditsong tsa bone.+ Mme lefatshe le ne la se ka la nna le matshwenyego a ntwa.+