Jeremia 5:1-31
5 Tsamayang lo kgarakgatshege mo mebileng ya Jerusalema mme lo bone jaanong, lo bo lo itse, mme lo itshenkele mo dipatlelong tsa gagwe gore a lo ka bona motho,+ gore a go na le mongwe yo o dirang tshiamiso,+ mongwe yo o batlang boikanyegi,+ mme ke tla mo itshwarela.
2 Le fa ba ka re: “Jaaka Jehofa a tshedile!” ba tla bo ba ikana ka maaka fela.+
3 Ao tlhe Jehofa, a matlho ao a gago ga a leba boikanyegi?+ O ba iteile,+ mme ga ba a ka ba lwala.+ O ba fedisitse.+ Ba ganne go amogela kotlhao.+ Ba thatafaditse difatlhego tsa bone go gaisa lefika le legolo.+ Ba ganne go boela morago.+
4 Le nna ka bonna ke ne ke rile: “Eleruri ke ba boemo jo bo kwa tlase. Ba dirile ka boeleele, gonne ba tlhokomologile tsela ya ga Jehofa, katlholo ya Modimo wa bone.+
5 Ke tla ya kwa go ba bagolo mme ke bue le bone;+ gonne bone ba tshwanetse ba ka bo ba tsere tsela ya ga Jehofa tsia, katlholo ya Modimo wa bone.+ Eleruri bone ba tshwanetse ba ka bo ba robagantse jokwe mmogo; ba tshwanetse ba ka bo ba kumagantse dibofo.”+
6 Ke gone ka moo tau e e tswang mo sekgweng e ba bolaileng, phiri ya mabala a a sekaka e nna e ba thopa,+ lengau le nna le tsogile mo metseng ya bone.+ Mongwe le mongwe yo o tswang mo go yone o a gagoganngwa. Gonne ditlolo tsa bone di ntsifetse; ditiro tsa bone tsa go sa ikanyege di atile.+
7 Nka go itshwarela selo seno jang? Bomorwao ba ntlogetse, mme ba nna ba ikana+ ka se e seng Modimo.+ Ke ne ka nna ka ba kgotsofatsa,+ mme ba ne ba tswelela ba dira boaka,+ ba ya kwa ntlong ya mosadi wa seaka ka ditlhopha.
8 Ba fetogile dipitse tse di tshwerweng ke kgotelo ya go gwela, tse di nang le dikgeleswa tsa bonna tse di nonofileng. Mongwe le mongwe o kgwankgwanyegela mosadi wa molekane wa gagwe.+
9 “A ga ke a tshwanela go dira gore go ikarabelelwe ka ntlha ya tsone dilo tseno?” go bua Jehofa.+ “Kgotsa a moya wa me ga o a tshwanela go ipusolosetsa mo setšhabeng se se tshwanang le seno?”+
10 “Tlang mo meleng ya gagwe ya mofine mme lo e senye,+ mme lo se ka lwa diragatsa phediso ya mmatota.+ Tsayang matlhogela a gagwe a a golang thata, gonne ga se a ga Jehofa.+
11 Gonne ruri ntlo ya Iseraele le ntlo ya Juda di ntiretse ka boferefere,” go bua Jehofa.+
12 “Ba itatotse Jehofa mme ba nna ba re, ‘Ga a yo.+ Mme ga re na go welwa ke masetlapelo ape, le gone ga re na go bona tšhaka le fa e le leuba.’+
13 Mme baporofeti ka bobone ba fetoga phefo, lefoko ga le mo go bone.+ Ke kafa ba tla direlwang ka teng.”
14 Ka jalo, Jehofa, Modimo wa masomosomo, o buile jaana: “Ka lebaka la go bo lo bua selo seno, bonang, ke dira mafoko a me a a mo molomong wa lona molelo,+ mme batho bano e tla nna dikgong, mme ruri o tla ba laila.”+
15 “Bonang, ke tlisa mo go lona setšhaba se se tswang kgakala,+ lona ntlo ya Iseraele,” go bua Jehofa. “Ke setšhaba se se nnang lobaka lo loleele.+ Ke setšhaba sa bogologolo, setšhaba se lo sa itseng puo ya sone, mme lo ka se utlwe se ba se buang ka go se tlhaloganya.
16 Mokotlopo wa bone o tshwana le lefelo le le bulegileng la go fitlhela; botlhe ke banna ba ba thata.+
17 Eleruri, gape ba tla ja thobo ya gago le senkgwe sa gago.+ Banna ba tla ja bomorwao le bomorwadio. Ba tla ja matsomane a gago le metlhape ya gago. Ba tla ja mofine wa gago le setlhare sa gago sa mofeige.+ Ba tla tšhwetlakanya ka tšhaka metse ya gago e o e ikanyang e e sireletsegileng.”
18 “Mme le mo metlheng eo,” go bua Jehofa, “Ga ke na go lo fedisa.+
19 Mme go tla diragala gore lo re, ‘Ke ka ntlha ya lebaka lefe Jehofa Modimo wa rona a re dirileng dilo tseno tsotlhe?’+ Mme o ba reye o re, ‘Fela jaaka lo ntlogetse mme lwa ya go direla modimo o sele mo lefatsheng la lona, jalo lo tla direla batswakwa mo lefatsheng le e seng la lona.’”+
20 Bolelang seno mo ntlong ya ga Jakobe mme lo se itsise phatlalatsa mo Juda, lo re:
21 “Jaanong, utlwang seno tlhe lona batho ba ba seng botlhale ba ba se nang pelo:+ Ba na le matlho, mme ga ba bone;+ ba na le ditsebe, mme ga ba utlwe.+
22 ‘A ga lo mpoife,’+ go bua Jehofa, ‘kgotsa a ga lo mo ditlhabing tse di botlhoko thata ka ntlha ya me,+ yo ke beileng motlhaba go nna molelwane wa lewatle, molao o o nnang ka bosakhutleng o le ka se o tloleng? Le fa gone makhubu a lone a kgaphasela, a ka se fenye; le fa gone a fuduega, ga a ka ke a o kgabaganya.+
23 Mme setšhaba seno jaanong se na le pelo e e logwadi le e e botsuolodi; ba fapogile mme ba nna ba tsamaya mo tseleng ya bone.+
24 Mme ga ba a bua mo pelong ya bone ba re: “Jaanong, a re boifeng Jehofa Modimo wa rona,+ Yo o re nayang pula e kgolo le pula ya letlhafula le pula ya dikgakologo ka paka ya yone,+ Yo o re disetsang le eleng dibeke tse di laoletsweng tsa thobo.”+
25 Ditlolo tsa lona di fapositse dilo tseno, mme maleo a lona a thibetse se se molemo mo go lona.+
26 “‘Gonne mo gare ga batho ba me go fitlhetswe batho ba ba boikepo.+ Ba nna ba tlhodumela, jaaka fa batshwara dinonyane ba batalala.+ Ba beile serai se se senyang. Ba tshwara batho.
27 Jaaka serubi se tletse ka dibopiwa tse di fofang, jalo matlo a bone a tletse tsietso.+ Ke gone ka moo ba nnileng bagolo e bile ba nna le dikhumo.+
28 Ba nonne;+ ba a phatsima. Gape ba penologile dilo tse di bosula. Ga ba a seka kgetsi epe ya molao,+ le eleng kgetsi ya molao ya mosimane yo o se nang rre,+ gore ba tle ba atlege;+ e bile ga ba a buelela katlholo ya bahumanegi.’”
29 “A ga ke a tshwanela go dira gore go ikarabelelwe ka ntlha ya tsone dilo tseno,” go bua Jehofa, “kgotsa a moya wa me ga o a tshwanela go ipusolosetsa mo setšhabeng se se tshwanang le seno?+
30 Seemo se se akabatsang, le eleng selo se se maswe, se dirilwe gore se nne teng mo lefatsheng:+
31 Baporofeti ba porofeta maaka;+ mme fa e le baperesiti bone, ba fenya go ya ka maatla a bone.+ Le batho ba me ba ratile go ntse jalo;+ mme lona batho ke lona, lo tla dira eng kwa bokhutlong jwa teng?”+