Jeremia 45:1-5
45 Lefoko le Jeremia moporofeti a le buileng le Baruke+ morwa Neria fa a ne a kwala mafoko ano a a tswang mo molomong wa ga Jeremia+ mo bukeng mo ngwageng wa bonè wa ga Jehoiakime+ morwa Josia, kgosi ya Juda, a re:
2 “Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana ka ga gago, wena Baruke,
3 ‘O buile wa re: “A bo go latlhega nna,+ gonne Jehofa o okeditse botlhoko jwa me ka khutsafalo! Ke lapile ka ntlha ya go fegelwa ga me, mme ga ke a bona lefelo lepe la boikhutso.”’+
4 “O mo reye o re, ‘Jehofa o buile jaana: “Bona! Se ke se agileng ke a se rutlolola, le se ke se jadileng ke a se kumola, le lefatshe lotlhe.+
5 Mme fa e le wena, o nna o ntse o ipatlela dilo tse dikgolo.+ Se nne o ntse o batla.”’+
“‘Gonne bona, ke tlisa masetlapelo mo nameng yotlhe,’+ go bua Jehofa, ‘mme ke tla go naya moya wa gago e le thopo mo mafelong otlhe a o tla yang kwa go one.’”+