Jeremia 39:1-18

39  Mo ngwageng wa borobongwe wa ga Sedekia kgosi ya Juda, mo kgweding ya bolesome,+ Nebukaderesare kgosi ya Babelona le mephato ya sesole yotlhe ya gagwe e ne ya tla mo Jerusalema mme ya simolola go e dikanyetsa.+  Mo ngwageng wa bolesome le bongwe wa ga Sedekia, mo kgweding ya bonè, mo letsatsing la borobongwe la kgwedi, motse o ne wa phunyelediwa.+  Mme dikgosana tsotlhe tsa kgosi ya Babelona tsa tsena tsa nna fa Kgorong ya Bogare,+ e leng Neregale-sharesere, Samagare-nebo, Saresekime, Rabesarise, Neregale-sharesere wa Morabemage le dikgosana tse dingwe tsotlhe tsa kgosi ya Babelona.  Ga diragala ya re fela fa Sedekia kgosi ya Juda le banna botlhe ba ntwa ba ba bona, ba simolola go tshaba+ ba tswa mo motseng bosigo ka tsela ya tshingwana ya kgosi,+ ka kgoro e e fa gare ga lobota lo lo gabedi; mme ba nna ba tswa ka tsela ya Areba.+  Mme mophato wa sesole wa Bakaladia wa ba lelekisa,+ mme ba tshwara Sedekia mo mabaleng a a sekaka a Jeriko.+ Go tswa foo ba mo tsaya ba mo isa kwa go Nebukaderesare kgosi ya Babelona kwa Ribela+ mo lefatsheng la Hamathe+ gore a tle a bolele ditshwetso tsa boatlhodi ka ene.+  Mme kgosi ya Babelona ya bolaya+ bomorwa Sedekia setlhogo kwa Ribela fa pele ga matlho a gagwe,+ le batlotlegi botlhe ba Juda kgosi ya Babelona e ne ya ba bolaya.+  Mme a foufatsa matlho a ga Sedekia,+ morago ga moo a mmofa ka mehiri ya kgotlho, gore a mo tlise mo Babelona.  Mme Bakaladia ba fisa ntlo ya kgosi le matlo a batho ka molelo,+ mme ba rutla dipota tsa Jerusalema.+  Mme batho ba bangwe botlhe ba ba neng ba setse mo motseng, le bangwegi ba ba neng ba ngwegetse kwa go ene le batho ba bangwe botlhe ba ba setseng, Nebusaradane+ molaodi wa bafemedi+ a ba isa botshwarwa kwa Babelona.+ 10  Mme bangwe ba batho, ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba se na sepe gotlhelele, Nebusaradane molaodi wa bafemedi a ba tlogela mo lefatsheng la Juda;+ mme a ya go ba naya masimo a mofine le ditiro tse di patelediwang mo letsatsing leo.+ 11  Mo godimo ga moo, Nebukaderesare kgosi ya Babelona a ntsha taelo ka ga Jeremia ka Nebusaradane molaodi wa bafemedi, a re: 12  “Mo tseye mme o nne o mo tlhomile matlho, o se ka wa mo dira sepe se se bosula gotlhelele.+ Mme fela jaaka a tla bua le wena, o mo direle fela jalo.”+ 13  Ka jalo Nebusaradane+ molaodi wa bafemedi le Nebushasebane wa Morabesarise, le Neregale-sharesere wa Morabemage le banna botlhe ba bagolo ba kgosi ya Babelona ba roma; 14  ba ne ba roma gore Jeremia a ye go tsewa kwa Lolwapeng lwa Badisa+ mme a neelwe Gedalia+ morwa Ahikame+ morwa Shafane,+ gore a mo tlise mo ntlong ya gagwe, gore a tle a nne mo gare ga batho. 15  Mme lefoko la ga Jehofa le ne la tla mo go Jeremia fa a ne a sa ntse a tswaletswe mo Lolwapeng lwa Badisa,+ le re: 16  “Tsamaya, mme o reye Ebede-meleke+ wa Moethiopia o re, ‘Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile jaana: “Bona, ke diragatsa mafoko a me mo motseng ono gore go nne masetlapelo mme e seng molemo,+ mme ruri a tla diragala fa pele ga gago mo letsatsing leo.’”+ 17  “‘Mme ke tla go golola mo letsatsing leo,’+ go bua Jehofa, ‘ga o na go tsenngwa mo seatleng sa banna ba o ba tshabang.’+ 18  “‘Gonne eleruri ke tla go falotsa, mme ga o na go wa ka tšhaka; o tla nna le moya wa gago e le thopo,+ ka gonne o inkantse,’+ go bua Jehofa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase