Jeremia 34:1-22

34  Lefoko le le neng la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, fa Nebukaderesare kgosi ya Babelona+ le mephato yotlhe ya gagwe ya sesole+ le magosi otlhe a lefatshe, taolo e e kafa tlase ga seatla sa gagwe,+ le ditšhaba tsotlhe di ne di tlhabana le Jerusalema le metse yotlhe ya gagwe,+ le re:  “Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Tsamaya, mme o reye Sedekia kgosi ya Juda,+ ee, o mo reye o re: “Jehofa o buile jaana, ‘Bona, ke tsenya motse ono mo seatleng sa kgosi ya Babelona,+ mme e tla o fisa ka molelo.+  Mme wena ga o na go falola mo seatleng sa gagwe, ka gonne ruri o tla tshwarwa mme o tla tsenngwa mo seatleng sa gagwe.+ Matlho a gago a tla bona matlho a kgosi ya Babelona,+ le molomo wa yone o tla bua le molomo wa gago, mme o tla tla mo Babelona.’  Le fa go ntse jalo, utlwa lentswe la ga Jehofa, wena Sedekia kgosi ya Juda,+ ‘Jehofa o buile jaana ka ga gago: “Ga o na go swa ka tšhaka.  O tla swa ka kagiso;+ mme jaaka diphiso tsa borrago, e leng dikgosi tsa pele tse di neng di le teng pele ga gago,+ ba tla go direla phiso+ jalo, mme fa ba go lelela ka bohutsana+ ba tla bua ba re ‘Ijoo, mong wa me!’+ gonne ‘Nna ke buile lefoko leo,’ go bua Jehofa.”’”’”  Mme moporofeti Jeremia a tswelela go bua le Sedekia kgosi ya Juda mafoko ano+ otlhe mo Jerusalema,  fa mephato ya sesole ya kgosi ya Babelona e ne e tlhabana le Jerusalema le metse yotlhe ya Juda e e neng e setse,+ kgatlhanong le Lakishe+ le Aseka; gonne yone, metse e e sireletsegileng,+ ke yone e e neng ya sala mo metseng ya Juda.+  Lefoko le le neng la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa morago ga Kgosi Sedekia a sena go dira kgolagano le batho botlhe ba ba neng ba le mo Jerusalema go ba bolelela kgololesego,+  gore mongwe le mongwe a lese motlhanka wa gagwe le mongwe le mongwe lelata la gagwe, monna wa Mohebera+ le mosadi wa Mohebera, ba gololesege, gore ba se ka ba dirisiwa e le batlhanka, ke gore, Mojuda, yo e leng morwarraagwe.+ 10  Ka jalo dikgosana tsotlhe+ tsa utlwa, le batho botlhe ba ba neng ba tsene mo kgolaganong ya gore mongwe le mongwe a lese motlhanka wa gagwe le mongwe le mongwe a lese lelata la gagwe gore le gololesege, gore ba se ka ba tlhola ba dirisiwa e le batlhanka, mme ba ne ba reetsa le go ba lesa ba tsamaya.+ 11  Le fa go ntse jalo, ba ne ba retologa+ morago ga moo mme ba simolola go busa batlhanka le malata a ba neng ba a lesitse gore a gololesege, mme ba ba gatelela jaaka batlhanka le malata.+ 12  Ka gone lefoko la ga Jehofa la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, le re: 13  “Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Ke ne ka dira kgolagano le borraalonamogologolwane+ mo letsatsing le ke ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto ka lone,+ mo ntlong ya batlhanka,+ ke re: 14  “Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse supa lo tshwanetse gore mongwe le mongwe wa lona a lese morwarraagwe a tsamaye,+ monna wa Mohebera,+ yo o mo rekiseditsweng+ le yo o go diretseng dingwaga di le thataro; o mo lese a gololesege mo go nneng le wena.” Mme borraalonamogologolwane ga ba a ka ba ntheetsa, le fa e le go sekega tsebe ya bone.+ 15  Mme lona lo a retologa gompieno lo dira se se thokgameng mo matlhong a me ka go bolela kgololesego mongwe le mongwe mo molekaneng wa gagwe, mme lo dira kgolagano fa pele ga me+ mo ntlong e leina la me le bidiwang mo go yone.+ 16  Go tswa foo lo boela morago+ lo bo lo tlontlolola leina la me+ mongwe le mongwe wa lona a busa motlhanka wa gagwe le mongwe le mongwe lelata la gagwe, ba lo ba lesitseng ba gololesega go itumedisa moya wa bone, mme lo ba gatelela go nna batlhanka le malata a lona.’+ 17  “Ka jalo Jehofa o buile jaana, ‘Lona ga lo a nkutlwa ka go nna lo bolela kgololesego+ mongwe le mongwe mo go morwarraagwe le mongwe le mongwe mo molekaneng wa gagwe. Bonang, ke lo bolelela kgololesego,’+ go bua Jehofa, ‘mo tšhakeng,+ mo bolwetseng jwa leroborobo+ le mo leubeng,+ mme ruri ke tla lo naya magosi otlhe a lefatshe gore a lo roromise.+ 18  Ke tla tsenya banna ba ba tlhokomologang kgolagano ya me,+ ka gonne ga ba a diragatsa mafoko a kgolagano e ba e dirileng fa pele ga me ka namane e ba e segileng sebedi+ gore ba tle ba fete fa gare ga mehama ya yone;+ 19  ba e leng, dikgosana tsa Juda le dikgosana tsa Jerusalema,+ badiredi ba ntlo ya kgosi le baperesiti le batho botlhe ba lefatshe ba ba neng ba feta fa gare ga ditokololo tsa namane— 20  ee, ke tla ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone le mo seatleng sa ba ba batlang moya wa bone;+ mme ditopo tsa bone e tla nna dijo tsa dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le diphologolo tsa lefatshe.+ 21  Ke tla tsenya Sedekia kgosi ya Juda+ le dikgosana tsa gagwe mo seatleng sa baba ba bone le mo seatleng sa ba ba senkang moya wa bone le mo seatleng sa mephato ya sesole ya kgosi ya Babelona+ e e tswang mo go lona e lo tlogela.’+ 22  “‘Bonang, ke a laela,’ go bua Jehofa, ‘mme eleruri ke tla ba busetsa mo motseng ono,+ mme ba tla lwa le one, ba o thope mme ba o fise ka molelo;+ mme metse ya Juda ke tla e dira kgakgabalo e e se nang monni.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase