Jeremia 29:1-32
29 Mme mafoko ano ke a lekwalo le moporofeti Jeremia a neng a le romela go tswa Jerusalema le ya kwa banneng ba bagolwane ba ba setseng ba batshwarwa le kwa baperesiting le kwa baporofeting le kwa bathong botlhe, ba Nebukadenesare a neng a ba isitse botshwarwa go tswa kwa Jerusalema go ya Babelona,+
2 morago ga Jekonia+ kgosi le mohumagadi+ le badiredi ba ntlo ya kgosi, dikgosana tsa Juda le Jerusalema,+ le badiri ba ba ditswerere le baagi ba dithako tsa phemelo+ ba sena go tswa mo Jerusalema.
3 Sedekia+ kgosi ya Juda o ne a roma ka seatla sa ga Elasa morwa Shafane+ le Gemaria morwa Hilekia, a ba roma kwa Babelona kwa go Nebukadenesare kgosi ya Babelona, a re:
4 “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o reile batho botlhe ba ba isitsweng botshwarwa, ba ke dirileng gore ba ye botshwarwa+ go tswa kwa Jerusalema go ya Babelona, a re
5 ‘Agang matlo lo nne mo go one, lo jale ditshingwana mme lo je maungo a tsone.+
6 Tsayang basadi mme lo nne borre ba bana ba basimane le bana ba basetsana;+ lo tseele bomorwaalona basadi lo bo lo neye bomorwadialona banna, gore ba tle ba belege bana ba basimane le bana ba basetsana; mme lo nne bantsi koo, lo se ka lwa ngotlega.
7 Gape, batlang kagiso ya motse o ke dirileng gore lo ye botshwarwa kwa go one, mme lo o rapelele kwa go Jehofa, gonne mo kagisong ya one go tla nna le kagiso ya lona.+
8 Gonne Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile jaana: “Lo se ka lwa letla baporofeti ba lona ba ba mo gare ga lona le baitseanape ba lona go lo tsietsa,+ mme lo se ka lwa reetsa ditoro tsa bone tse ba di lorang.+
9 Gonne ‘ba lo porofetela maaka mo leineng la me. Ga ke a ba roma,’+ go bua Jehofa.”’”
10 “Gonne Jehofa o buile jaana, ‘E tla re dingwaga di le di le masome a supa di wela kwa Babelona ke tla lebisa tlhokomelo ya me kwa go lona,+ mme ke tla tlhomamisa mo go lona lefoko la me le le molemo ka go lo busetsa mo lefelong leno.’+
11 “‘Gonne ke itse sentle dikakanyo tse ke di akanyang ka lona,’+ go bua Jehofa, ‘dikakanyo tsa kagiso, mme e seng tsa masetlapelo, go lo naya isagwe le tsholofelo.+
12 Mme eleruri lo tla mpitsa lo bo lo tla go nthapela, ke tla lo reetsa.’+
13 “‘Eleruri lo tla mpatla mme lo tla mpona,+ gonne lo tla mpatla ka pelo yotlhe ya lona.+
14 Ke tla itetla gore lo mpone,’+ go bua Jehofa. ‘Mme ke tla phutha setlhopha sa lona sa batshwarwa ke bo ke lo phutha mmogo go tswa mo ditšhabeng tsotlhe le mo mafelong otlhe a ke lo phatlalaleditseng kwa go one,’+ go bua Jehofa. ‘Mme ke tla lo busetsa mo lefelong le ke dirileng gore lo tswe mo go lone lo ya botshwarwa.’+
15 “Mme lo rile, ‘Jehofa o re tsoseditse baporofeti mo Babelona.’
16 “Gonne Jehofa o reile kgosi e e ntseng mo setulong sa bogosi sa ga Dafide+ le batho botlhe ba ba nnang mo motseng o, bomorwarraalona ba ba sa yang botshwarwa le lona+ a re,
17 ‘Jehofa wa masomosomo o buile jaana: “Bona, ke ba romelela tšhaka,+ leuba+ le bolwetse jwa leroborobo,+ mme ke tla ba dira gore ba nne jaaka difeige tse di phanyegileng tse di ka se jeweng ka ntlha ya bosula jwa tsone.”’+
18 “‘Ke tla ba latelela ka tšhaka, ka leuba le ka bolwetse jwa leroborobo, mme ke tla ba naya magosi otlhe a lefatshe gore a ba boifise,+ gore ba hutsiwe le gore ba nne selo sa go akabalelwa le go lelediwa molodi le go kgobiwa mo gare ga ditšhaba tsotlhe tse ke tla ba phatlalaletsang kwa go tsone,+
19 ka lebaka la gore ga ba a reetsa mafoko a me,’ go bua Jehofa, ‘a ke a ba romeletseng ka batlhanka ba me e bong baporofeti, ke tsoga go sa le phakela mme ke ba roma.’+
“‘Mme ga lo a reetsa,’+ go bua Jehofa.
20 “Mme fa e le lona, utlwang lefoko la ga Jehofa, lona lotlhe ba lo isitsweng botshwarwa,+ ba ke lo tsamaisitseng go tswa Jerusalema go ya Babelona.+
21 Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile jaana ka ga Ahabe morwa Kolaia le Sedekia morwa Maaseia, ba ba lo porofetelang maaka mo leineng la me,+ ‘Bonang, ke ba tsenya mo seatleng sa ga Nebukaderesare kgosi ya Babelona, mme o tla ba kgemetha fa pele ga matlho a lona.+
22 Setlhopha sotlhe sa batshwarwa ba Juda ba ba kwa Babelona se tla tsaya phutso mo go bone, se re: “E kete Jehofa a ka go dira jaaka Sedekia le jaaka Ahabe,+ ba kgosi ya Babelona e ba besitseng mo molelong!”+
23 ka lebaka la gore ba dirile bosenang tlhaloganyo mo Iseraele,+ mme ba nna ba dira boaka le basadi ba balekane ba bone+ le go nna ba bua maaka mo leineng la me lefoko le ke sa le ba laelang.+
“‘“Mme ke nna Yo o itseng e bile ke mosupi,”+ go bua Jehofa.’”
24 “Mme o tla raya Shamaia+ wa Nehelame o re,
25 ‘Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile jaana: ‘‘Ka lebaka la gore wena o rometse makwalo ka leina la gago+ kwa bathong botlhe ba ba mo Jerusalema, le kwa go Sefania+ morwa Maaseia, moperesiti, le kwa baperesiting botlhe, o re,
26 ‘Jehofa ka boene o go dirile moperesiti go na le Jehoiada moperesiti, gore o tle o nne molebedi yo mogolo thata wa ntlo ya ga Jehofa+ mo mothong ope fela yo o tsentshiwang+ le yo o itshwarang jaaka moporofeti, mme o mo tsenye mo disaneng le mo segolegong sa thamo le mabogo;+
27 jaanong, ke ka ntlha yang fa o sa kgalema Jeremia wa Anathothe,+ yo o itshwarang jaaka moporofeti mo go lona?+
28 Gonne ke lone lebaka le a neng a roma kwa go rona ka lone kwa Babelona, a re: “Bo tsaya lobaka lo loleele! Agang matlo lo nne mo go one, lo jale ditshingwana mme lo je maungo a tsone,+—”’”’”
29 Mme Sefania+ moperesiti a bala lekwalo leno mo ditsebeng tsa ga moporofeti Jeremia.
30 Go tswa foo lefoko la ga Jehofa la tla mo go Jeremia, le re:
31 “Roma kwa bathong botlhe ba ba isitsweng botshwarwa,+ o re, ‘Jehofa o buile jaana ka ga Shemaia wa Nehelame: “Ka lebaka la gore Shemaia o lo porofetetse, mme nna ke sa mo roma, mme o lekile go lo dira gore lo ikanye maaka,+
32 ka jalo Jehofa o buile jaana, ‘Bonang, ke lebisa tlhokomelo ya me mo go Shemaia+ wa Nehelame le mo baneng ba gagwe.’+
“‘“‘Ga a na go nna le motho yo o nnang mo gare ga batho bano;+ e bile ga a na go bona molemo o ke o direlang batho ba me,’+ go bua Jehofa, ‘gonne o buile botsuolodi ka tlhamalalo kgatlhanong le Jehofa.’”’”+