Jeremia 2:1-37
2 Mme lefoko la ga Jehofa la tla kwa go nna,+ le re:
2 “Tsamaya, mme o tlhaeletse mo ditsebeng tsa Jerusalema, o re, ‘Jehofa o buile jaana:+ “Ke gakologelwa sentle bopelonomi jwa lorato jwa bosha jwa gago,+ lorato lwa fa o ne o beeleditswe go nyalwa,+ go tsamaya ga gago fa morago ga me mo nageng, mo lefatsheng le le sa jalwang peo.+
3 Iseraele e ne e le selo se se boitshepo mo go Jehofa,+ maungo a Gagwe a ntlha.”’+ ‘Batho bape fela ba ba mo senyang ba ne ba tla itira ba ba molato.+ Masetlapelo ka boone a ne a tla ba wela,’ go buile Jehofa.”+
4 Utlwa lefoko la ga Jehofa, wena ntlo ya ga Jakobe,+ le lona lotlhe malapa a ntlo ya Iseraele.+
5 Jehofa o buile jaana: “Borraalona ba bone eng mo go nna se se neng se sa siama,+ gore ba nne kgakala thata le nna,+ mme ba nna ba sala modingwana wa lefela+ morago mme le bone ba nna ba e leng ba lefela?+
6 Ga ba a re, ‘O kae Jehofa, Yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto,+ Yo o re tsamaisitseng mo nageng, go ralala lefatshe la lebala le le sekaka+ le kgatampi, go ralala lefatshe le le se nang metsi+ le la moriti o montsho,+ go ralala lefatshe le go se nang motho ope yo o fetileng mo go lone le leo go se nang motho ope wa mo lefatsheng yo o nnileng mo go lone?’
7 “Mme ke ne ka lo tlisa ka iketlo mo lefatsheng la tshingwana ya maungo, gore lo je maungo a lone le dilo tsa lone tse di molemo.+ Mme lo ne lwa tsena lwa leswafatsa lefatshe la me; le boswa jwa me lwa bo dira selo se se makgapha.+
8 Baperesiti ka bobone ga ba a re, ‘O kae Jehofa?’+ Le bone ba ba tsholang molao ba ne ba sa nkitse;+ le badisa ba ntiretse ditlolo,+ le baporofeti ba ne ba porofeta ka Baale,+ mme ba ne ba sala morago ba ba se kitlang ba ba tswela mosola.+
9 “‘Ka jalo, ke tla lwa le lona go ya pele,’+ go bua Jehofa, ‘gape ke tla lwa le barwa ba bomorwaalona.’+
10 “‘Mme kgabaganyetsang kwa mafatsheng a a fa losing lwa lewatle la Bakitime+ mme lo bone. Ee, romang le kwa Kedare+ mme lo akanyetseng ka tsela e e kgethegileng, mme lo bone gore a sengwe se se tshwanang le seno se diragetse.+
11 A setšhaba se anantse medimo,+ le eleng ka ba e seng medimo?+ Mme batho ba me ba anantse kgalalelo ya me ka seo se se kitlang se ba tswela mosola.+
12 Rotolang matlho lo gakgamaletse seno, lona magodimo; mme lo tsitsibane ka letshogo le legolo thata,’ go bua Jehofa,+
13 ‘ka gonne go na le dilo tse pedi tse di bosula tse batho ba me ba di dirileng: Ba ntlogetse,+ nna motswedi wa metsi a a tshelang,+ gore ba tle ba ipetlele megobe, megobe e e thubegileng, e e ka se tsholeng metsi.’
14 “‘A Iseraele ke motlhanka,+ kgotsa lekgoba le le tshotsweng ke ba ntlo? Ke ka ntlha yang fa a gapiwa?
15 Ditawana tse di seriri di a mo kurutlela;+ di ntshitse modumo wa tsone.+ Mme di dirile lefatshe la gagwe selo sa go akabalelwa. Metse ya gagwe e fisitswe, mo e leng gore ga go na monni.+
16 Le eleng bomorwa Nofe+ le Tapanese+ ba ne ba nna ba iphepa ka wena kwa phogong ya tlhogo.+
17 A seno ga se se wena o se itirileng ka go tlogela Jehofa Modimo+ wa gago ka nako e a neng a go tsamaisa mo tseleng ka yone?+
18 Mme jaanong o tshwanetse go nna le matshwenyego afe ka tsela ya Egepeto+ gore o nwe metsi a Shihore?+ Mme gape o tshwanetse go nna le matshwenyego afe ka tsela ya Asiria+ gore o nwe metsi a Noka?
19 Bosula jwa gago bo tshwanetse go go siamisa,+ le ditiro tsa gago tsa go sa ikanyege di tshwanetse go go kgalemela.+ Jaanong itse, o bo o bone gore go tlogela ga gago Jehofa Modimo wa gago, ke selo se se bosula le se se bogalaka,+ mme ga go a felela ka gore o mpoife,’+ go bua Morena Molaodimogolo,+ Jehofa wa masomosomo.
20 “‘Gonne bogologolo ke ne ka robaganya jokwe ya gago;+ ka kumaganya dibofo tsa gago. Mme o ne wa re: “Ga ke tle go direla,” gonne mo thoteng nngwe le nngwe e e kwa godimo le kafa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se se golang thata+ o ne o rapame o tsharologile,+ o le seaka.+
21 Mme fa e le nna, ke ne ke go jadile jaaka mofine o mohibidu+ wa boleng jo bo kwa godimo, otlhe e le peo ya boammaaruri. Mme jaanong o mphetogetse jang gore o nne matlhogela a a senyegileng a mofine o sele?’+
22 “‘Le fa gone o ne o ka tlhapa ka alekale le go itseela selekanyo se segolo sa llae,+ eleruri tlolo ya gago e ne e tla nna selabe fa pele ga me,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.
23 O ka bua jang wa re, ‘Ga ke a iteswafatsa.+ Ga ke a sala Bobaale morago’?+ Bona tsela ya gago mo mokgatšheng.+ Tsaya se o se dirileng tsia. Kamela e namagadi e potlana e e bofefo e tabogela kwa le kwa mo ditseleng tsa yone;
24 pitse ya naga+ e e tlwaetseng go nna kwa nageng, fa e eletsa moya wa yone, e sunetsa phefo;+ ka nako ya yone ya go hekwa, ke mang yo o ka e busetsang morago? Botlhe ba ba e batlang ga ba na go itapisa. Mo kgweding ya yone ba tla e bona.
25 Thibela lonao lwa gago gore lo se ka lwa nna lonao lo lo sa rwalang, le mometso wa gago gore o se ka wa nyorwa.+ Mme o ne wa re, ‘Ga go na tsholofelo!+ Nnyaa, ke ratana le batswakwa,+ mme ke tlile go ba sala morago.’+
26 “Fela jaaka ditlhong tsa legodu fa le lemogiwa, ba ntlo ya Iseraele ba tlhabilwe ke ditlhong+ ka tsela e e ntseng jalo, bone, dikgosi tsa bone, dikgosana tsa bone le baperesiti ba bone le baporofeti ba bone.+
27 Ba raya setlhare ba re, ‘O rre,’+ mme ba raya leje ba re, ‘Wena ka bowena o mpelege.’ Mme ba lebisitse bokafamorago jwa molala kwa go nna e seng sefatlhego.+ Mme mo motlheng wa masetlapelo a bone ba tla re, ‘A ko o nanoge mme o re boloke!’+
28 “Mme e kae medimo ya gago e o e itiretseng?+ A e nanoge fa e le gore e ka go boloka mo motlheng wa masetlapelo a gago.+ Gonne medimo ya gago jaanong e ntse fela jaaka palo ya metse ya gago, wena Juda.+
29 “‘Ke ka ntlha yang fa lo ntse lo lwa le nna?+ Ke ka ntlha yang fa lo ntiretse tlolo, lona lotlhe?’+ go bua Jehofa.
30 Ke iteile bomorwaalona+ kwantle ga matswela ape. Ga ba a tsaya kotlhao epe.+ Tšhaka ya lona e laitse baporofeti ba lona, jaaka tau e e senyang.+
31 Lona kokomana, iponeleng lefoko la ga Jehofa.+
“A ke fetogile naga fela mo go Iseraele+ kgotsa lefatshe la lefifi le le tseneletseng? Ke ka ntlha yang fa batho bano ba me, ba rile, ‘Re kgarakgatshegile. Ga re na go tlhola re tla kwa go wena’?+
32 A kgarebane e ka lebala mekgabisa ya yone, le monyadiwa meitlamo ya gagwe ya sehuba? Mme le fa go ntse jalo batho ba me—ba ntebetse ka malatsi a a se nang palo.+
33 “Ke ka ntlha yang fa wena mosadi, o tokafatsa tsela ya gago gore o batle lorato? Ka jalo o ntse o ruta ditsela tsa gago dilo tse di bosula.+
34 Gape, mo dintlheng tsa diaparo tsa gago go fitlhetswe matshwao a madi a meya+ ya ba ba humanegileng ba ba se nang molato.+ Ga ke a ba fitlhela ba thuba gore ba tsene, mme ba mo go tseno tsotlhe.+
35 “Mme wa re, ‘Ke setse ke se na molato. Eleruri bogale jwa gagwe bo boetse morago bo dule mo go nna.’+
“Bona, ke tsena mo kganetsanong le wena ka ntlha ya go bua ga gago o re, ‘Ga ke a leofa.’
36 Ke ka ntlha yang fa o tshwara go fetoga ga tsela ya gago+ jaaka mo e seng ga sepe jaana? Gape o tla tlhabelwa Egepeto ditlhong,+ fela jaaka o ne wa tlhabelwa Asiria ditlhong.+
37 Ka ntlha ya lebaka leno gape o tla tsamaya diatla tsa gago di le mo tlhogong ya gago,+ ka gonne Jehofa o ganne dilo tse o di tshepileng, mme ga o na go nna le katlego ka tsone.”