Jeremia 18:1-23
18 Lefoko le le neng la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, le re:
2 “Ema, mme o ye kwa ntlong ya mmopi wa letsopa,+ mme ke tla dira gore o utlwe mafoko a me fa o le koo.”
3 Mme ke ne ka ya kwa ntlong ya mmopi wa letsopa, mme o ne a le teng a dira mo maotwaneng a mmopi wa letsopa.
4 Mme sejana se a neng a se dira ka letsopa se ne sa senngwa ke seatla sa mmopi wa letsopa, mme a boela morago a se dira sejana se sengwe, fela jaaka go ne go lebega go siame mo matlhong a mmopi wa letsopa go dira.+
5 Mme lefoko la ga Jehofa la tswelela le tla mo go nna, le re:
6 “‘A ga ke kgone go dira fela jaaka mmopi yono wa letsopa mo go lona, lona ntlo ya Iseraele?’ go bua Jehofa. ‘Bonang! Fela jaaka letsopa mo seatleng sa mmopi wa letsopa, le lona lo ntse jalo mo seatleng sa me, lona ntlo ya Iseraele.+
7 Ka nako epe fela e ke ka buang ka yone kgatlhanong le setšhaba le bogosi go bo kumola le go bo rutla le go bo senya,+
8 mme setšhaba seo se boa mo bosuleng jwa sone jo ke buileng ka jone,+ le nna ke tla ikwatlhaela masetlapelo a ke neng ke akantse go a diragatsa mo go sone.+
9 Mme ka nako le fa e le efe e ke ka buang ka yone ka ga setšhaba le ka ga bogosi go bo aga le go bo jala,+
10 mme tota se dira se se bosula mo matlhong a me ka go sa utlwe lentswe la me,+ le nna ke tla ikwatlhaela molemo o ke neng ke ipoleletse gore ke tla o se direla gore se tswelwe molemo.’
11 “Mme jaanong bolelela batho ba Juda tsweetswee, le banni ba Jerusalema o re, ‘Jehofa o buile jaana: “Bonang, ke bopa masetlapelo kgatlhanong le lona mme ke akanya kakanyo nngwe kgatlhanong le lona.+ Tsweetswee, bowang, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula, mme lo dire ditsela tsa lona le ditiro tsa lona molemo.”’”+
12 Mme ba re: “Ga go na tsholofelo!+ Gonne re tla sala dikakanyo tsa rona morago, mme mongwe le mongwe o tla diragatsa bologwadi jwa pelo ya gagwe e e bosula.”+
13 Ka jalo, Jehofa o buile jaana: “Ipoletseng, tsweetswee, mo gare ga ditšhaba. Ke mang yo o utlwileng dilo tse di tshwanang le tseno? Go na le selo se se maswe se kgarebane ya Iseraele e se dirileng ka mokgwa o o feteletseng.+
14 A kapoko ya Lebanona e tla tswa mo lefikeng la tshimo e e bulegileng? Kgotsa a metsi a sele, a a tsiditsana, a a elelang ka bosesane, a tla kgala?
15 Gonne batho ba me ba ntebetse+ ka gonne ba kuisetsa sengwe se se se nang mosola mosi wa setlhabelo,+ le ka gore ba dira gore batho ba kgotšwe mo ditseleng tsa bone,+ mo ditselaneng tsa bogologolo,+ gore ba tsamaye mo ditseleng, mo tseleng e e sa dirwang ka go koaganya mmu,
16 gore ba tle ba dire lefatshe la bone selo sa go akabalelwa,+ se se lelediwang molodi ka bosakhutleng.+ Mongwe le mongwe wa bofelo yo o fetang fa go lone o tla rotola matlho ka kakabalo a bo a tshikinya tlhogo.+
17 Ke tla ba gasamisa fa pele ga mmaba jaaka e kete ka phefo ya botlhaba.+ Ke tla lebisa mokwatla kwa go bone, e seng sefatlhego,+ mo letsatsing la matlhotlhapelo a bone.”
18 Mme ba re: “Tlang, mme a re akanyeng dikakanyo dingwe kgatlhanong le Jeremia,+ gonne molao ga o na go nyelela mo moperesiting+ kgotsa kgakololo mo go yo o botlhale kgotsa lefoko mo moporofeting.+ Tlang mme re mo iteyeng ka loleme,+ mme a re se tlhwaeleng mafoko ape a gagwe tsebe.”
19 A ko o ntlhwaele tsebe, tlhe Jehofa, mme o reetse lentswe la baganetsi ba me.+
20 A molemo o tshwanetse go duelwa ka bosula?+ Gonne ba epetse moya wa me kgatampi.+ Gakologelwa go ema ga me fa pele ga gago gore ke bue molemo kaga bone, go busa tšararego ya gago mo go bone ka morago.+
21 Ka jalo neelela bomorwaabone leuba,+ mme o ba tsenye mo maatleng a tšhaka;+ mme a basadi ba bone ba nne basadi ba ba amogilweng bana, le batlholagadi.+ Mme a banna ba bone e nne ba ba bolailweng ka sebetso se se bolayang, makau a bone e nne a a kgemethilweng ka tšhaka mo tlhabanong.+
22 A go utlwiwe mokgosi mo matlong a bone, fa o tlisa setlhopha sa dirukutlhi ka tshoganyetso mo go bone.+ Gonne ba epile kgatampi go nthopa, mme ba fitlhetse dinao tsa me dirai.+
23 Mme wena, Jehofa, o itse boikaelelo jwa bone jotlhe sentle kgatlhanong le nna ka ga loso lwa me.+ O se ka wa bipa tlolo ya bone, mme o se ka wa phimola boleo joo jwa bone fa pele ga gago; mme a ba nne ba ba dirwang gore ba kgotšwe fa pele ga gago.+ Ba tseele kgato mo nakong ya bogale jwa gago.+