Jeremia 15:1-21
15 Mme Jehofa a nthaya a re: “Fa Moshe+ le Samuele+ ba ne ba eme fa pele ga me, moya wa me o ka bo o se ka fa bathong bano.+ Ba ka bo ba tsamaisiwa ba tswa fa pele ga sefatlhego sa me, gore ba tswele kwa ntle.+
2 Mme go tla diragala gore fa ba ka go raya ba re, ‘Re tla tswa re ya kae?’ o ba reye o re, ‘Jehofa o buile jaana: “Le fa e le mang yo e leng wa sebetso se se bolayang, a a ye kwa sebetsong se se bolayang! Le fa e le mang yo e leng wa tšhaka, a a ye kwa tšhakeng! Le fa e le mang yo e leng wa leuba, a a ye kwa leubeng!+ Le fa e le mang yo e leng wa botshwarwa, a a ye botshwarwa!”’+
3 “‘Mme ke tla tlhoma malapa a le manè mo go bone,’+ go bua Jehofa, ‘tšhaka gore e bolaye, le dintša gore di gogele kgakala, le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo+ le dibatana tsa lefatshe gore di je di bo di senye.
4 Ke tla ba naya magosi otlhe a lefatshe+ gore a ba boifise ka ntlha ya ga Manase morwa Hesekia, kgosi ya Juda, ka ntlha ya se a se dirileng kwa Jerusalema.+
5 Gonne ke mang yo o tla go tlhomogelang pelo, wena Jerusalema, e bile ke mang yo o tla go utlwelang botlhoko,+ ke mang yo o tla fapogang go go botsa botsogo?’
6 “‘Wena o ntatlhile,’+ go bua Jehofa. ‘O nna o tsamaela kwa morago.+ Mme ke tla go otlololela seatla sa me ke go senye.+ Ke lapisitswe ke go ikwatlhaya.+
7 Ke tla ba olosa ka foroko+ mo dikgorong tsa lefatshe. Ruri ke tla ba amoga bana.+ Ke tla senya batho ba me, ka gonne ba sa tlogela ditsela tsa bone.+
8 Mo go nna batlholagadi ba bone ba ntsifetse go feta moshawa wa mawatle. Ke tla tlisa mothopi ka sethoboloko mo go bone,+ mmè le lekau. Ke tla dira gore phuduego le dipheretlhego di ba wele ka tshoganyetso.+
9 Mosadi yo o belegang ba le supa o nyeletse; moya wa gagwe o kgaratlhetse go hema.+ Letsatsi la gagwe le phirimile go sa le motshegare;+ le tlhabilwe ke ditlhong gape le ikutlwa le swabisitswe.’ ‘Mme ke tla neelela masalela a bone tšhaka fa pele ga baba ba bone,’+ go bua Jehofa.”
10 A bo go latlhega nna,+ tlhe mmè, ka gonne o mpelege, motho wa komano le motho yo o gogagoganang le lefatshe lotlhe.+ Ga ke a adimana ka sepe, mme ga ba a nkadima sepe. Botlhe ba a mphutsa.+
11 Jehofa o rile: “Eleruri ke tla go direla gore o bone molemo.+ Eleruri ke tla go buelela mo motlheng wa masetlapelo+ le mo motlheng wa matshwenyego, kgatlhanong le mmaba.+
12 A motho o ka thubaganya tshipi, tshipi e e tswang bokone, le kgotlho?
13 Ke tla dira gore dikhumo tsa gago le matlotlo di gapiwe,+ e seng ka tlhwatlhwa, mme ka ntlha ya maleo a gago otlhe, le mo dikarolong tsotlhe tsa gago tsa naga.+
14 Ke tla dira gore di kgabaganye le baba ba gago di tsene mo lefatsheng le o sa le itseng.+ Gonne molelo o tlhoseditswe mo bogaleng jwa me.+ O gotsiwa kgatlhanong le lona.”
15 Wena o itsile.+ Tlhe Jehofa, nkgakologelwa+ mme o lebise tlhokomelo ya gago mo go nna mme o mpusolosetse mo babogising ba me.+ O se ka wa ntlosa+ mo go nneng bonya ga gago go galefa. Tsaya tsia go sikara ga me kgobo ka ntlha ya gago.+
16 Mafoko a gago a ne a bonwa, mme ke ne ka a ja;+ lefoko la gago mo go nna le nna go itumela+ le go ipela ga pelo ya me;+ gonne leina la gago le bidiwa mo go nna,+ wena Jehofa Modimo wa masomosomo.+
17 Ga ke a nna mo setlhopheng se se atamalaneng thata sa ba ba dirang metlae+ mme ka simolola go itumela.+ Ka ntlha ya seatla sa gago ke ntse ke le nosi,+ gonne o ntladitse ka katlholo.+
18 Ke ka ntlha yang fa setlhabi sa me e le se se nnelang ruri+ le titeo ya me e le e e sa alafegeng?+ E ganne go fola. Ruri mo go nna o nna jaaka sengwe se se tsietsang,+ jaaka metsi a a itshupileng a sa ikanyege.+
19 Ka jalo Jehofa o buile jaana: “Fa o ka boa, ke tla go busa.+ O tla ema fa pele ga me.+ Mme fa o ka tlisa se se tlhwatlhwakgolo mo dilong tse di se nang mosola, o tla nna jaaka molomo wa me. Ba tla boela kwa go wena, mme wena ga o na go boela kwa go bone.”
20 “Mme mo setšhabeng seno ke go dirile lobota lo lo sireletsegileng lwa kgotlho;+ eleruri ba tla tlhabana le wena, mme ga ba kitla ba go fenya.+ Gonne ke na le wena, go go boloka le go go golola,”+ go bua Jehofa.
21 “Ke tla go golola mo seatleng sa ba ba bosula,+ gape ke tla go golola mo seatleng sa ba ba patikang.”